Bontsha ba Bangwe Gore O a Ba Rata
E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, rotlhe re lelapa le le lengwe fela. Le fa gone batho botlhe mo lelapeng ba tshwanetse go ratana le go tlotlana, gompieno go thata go dira jalo. Mme gone Modimo ene o batla gore re ratane.
SE DIKWALO TSE DI BOITSHEPO DI SE RUTANG KA LORATO
“O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.”—LEFITIKO 19:18.
“Tswelelang lo rate baba ba lona.”—MATHAIO 5:44.
RE KA BONTSHA JANG BA BANGWE GORE RE A BA RATA
Ela tlhoko gore Modimo o tlhalosa jang lorato mo go 1 Bakorintha 13:4-7:
“Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.”
Akanya ka seno: Fa o dirile phoso, o ikutlwa jang fa batho ba bangwe ba le pelotelele, ba le bonolo e bile ba sa go tenegele?
“Lorato ga lo fufege.”
Akanya ka seno: O ikutlwa jang fa batho ba belaela dilo tse o di dirang kgotsa fa ba go fufegela?
Lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”
Akanya ka seno: O ikutlwa jang fa batho ba bangwe ba go reetsa e bile ba sa go pateletse gore o lebe dilo ka tsela e ba di lebang ka yone?
Lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.”
Akanya ka seno: Modimo o iketleeleditse go itshwarela batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone. “Ga a kitla a nna a latofatsa ka bosakhutleng, le gone ga a kitla a nna a kgopilwe.” ( Pesalema 103:9) Re a itumela fa motho yo re mo diretseng phoso a re itshwarela, ka jalo le rona re tshwanetse itshwarela ba bangwe.—Pesalema 86:5.
Lorato “ga lo ipelele tshiamololo.”
Akanya ka seno: Fa re tlhagetswe ke sengwe se se re utlwisang botlhoko, ga re ka ke ra rata fa ba bangwe ba itumelela se se re diragaletseng. Le rona ga re a tshwanela go itumela fa batho ba bangwe ba tlhagelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko.
Fa re batla gore Modimo a re segofatse, re tshwanetse go rata batho botlhe go sa kgathalesege gore ba tswa kae, ke ba bodumedi bofe, kgotsa ba na le dingwaga tse kae. Ga re a tshwanela go bua fela gore re rata batho ba bangwe mme re tshwanetse go ba direla dilo tse di molemo, jaaka go ba thusa fa go na le dilo tse ba di tlhokang.