Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA O WELWA KE MASETLAPELO—KAFA O KA ITSHOKANG KA TENG

Fa o Welwa ke Masetlapelo

Fa o Welwa ke Masetlapelo

NAKO nngwe mo botshelong, mo e ka nnang mongwe le mongwe o welwa ke mofuta mongwe wa masetlapelo. Seo se akaretsa batho ba go lebegang ba na le sengwe le sengwe.

BAEBELE YA RE:

“Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Ka jalo, ntlha ya botlhokwa ga se gore a o tla welwa ke masetlapelo mme ke gore o tla tsiboga jang fa a go wela. Ka sekai:

  • O ne o ka dirang fa o ne o ka latlhegelwa ke dithoto tsa gago tsotlhe mo tiragalong nngwe ya masetlapelo?

  • O ne o ka dirang fa o ne o ka bolelelwa gore o na le bolwetse bongwe jo bo bolayang?

  • O ne o ka dirang fa o ne o ka swelwa ke mongwe yo o mo ratang?

Basupi ba ga Jehofa, ba e leng bagatisi ba makasine ono, ba dumela gore Baebele e ka go thusa go itshoka le go nna le tsholofelo e e tlhomameng fa o welwa ke masetlapelo. (Baroma 15:4) Ela tlhoko dilo tse di diragaletseng batho ba le bararo tse di bontshang gore o ka dira seo jang.