Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA O WELWA KE MASETLAPELO—KAFA O KA ITSHOKANG KA TENG

Go Lwala

Go Lwala

Mabel wa kwa Argentina e ne e le motho yo o matlhagatlhaga yo o thusang batho go sidilega morago ga kotsi kgotsa karo e e masisi. Ka 2007, o ne a simolola go lapa mo go feteletseng le go opiwa ke tlhogo e e botlhoko letsatsi le letsatsi. A re: “Ke ne ka ya kwa dingakeng tse di farologaneng ka ba ka leka mefuta yotlhe ya kalafi mme ga se ka ga thusa sepe.” Kgabagare Mabel o ne a dirwa skene se se bidiwang MRI se se neng sa bontsha gore o na le tlhagala mo bobokong. A re: “Ke ne ke gamaregile! Ke ne ke sa dumele gore ke ntse ke tshela ka selo se se kotsi jalo.

“Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa tlhaloganye kafa seemo sa me se leng masisi ka teng go fitlha ke ariwa. Fa ke thanya ke le mo phaposing ya batho ba ba lwalang thata, ke ne ke sa kgone go tshikinyega. Ke ne ke nna ke lebile fela kwa godimo. Pele ga karo ke ne ke le matlhagatlhaga e bile ke kgona go itirela dilo. Ka tshoganyetso, ke ne ke sa kgone go dira sepe. Mo malatsing a ke a feditseng mo phaposing ya batho ba ba lwalang thata, ke ne ke tlhakane tlhogo fela thata mme ke utlwa fela medumo ya didirisiwa tsa kalafi, dialamo tsa thuso ya potlako le go ona ga batho ba bangwe ba ba lwalang. Ke ne ke ikutlwa ke dikologilwe ke botlhoko le pogo fela.

“Gone jaanong ke kokotlegetse go se kae. Ke kgona go itsamaisa e bile ke a tle ke tsamaye ke le nosi. Mme ke na le bokoa jwa matlho jwa go bona dilo e kete di pedi e bile ke sa ntse ke sa kgone go laola mesifa ya me sentle.”

GO ITSHOKELA MASETLAPELO

Nna o leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mo go Diane 17:22, Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.” Mabel o gopola seno: “Fa ke ntse ke kokotlegela ke ne ka lebana le mathata a a tshwanang le a batho ba ke neng ke ba alafa ba neng ba lebana le one. Tshidilo ya mmele e ne e le botlhoko thata mme ka dinako tse dingwe ke ne ke akanya go itlhoboga. Ke ne ka tshwanelwa ke go ipateletsa go ntsha kakanyo eo e e sa siamang mo mogopolong wa me, ke itse gore kgabagare maiteko ano a tla nna le diphelelo tse di siameng.”

Tlhoma mogopolo mo go se se go nayang tsholofelo gore o kgone go itshoka. Mabel a re: “Ke ne ke itse gore Baebele ya re ke ka ntlha yang fa masetlapelo a direga. Mme gape ke ne ke itse gore fa malatsi a ntse a feta, re atamela nako e ka yone botlhoko bo tla bong bo sa tlhole bo le teng ka bosakhutleng.” *

Se lebale gore Modimo o amega ka wena. (1 Petere 5:7) Mabel o gopola kafa seno se mo thusitseng ka gone: “Fa ba nkisa karong, ke ne ka bona boammaaruri jwa mafoko a Isaia 41:10, mo Modimo a reng: ‘O se ka wa boifa, gonne ke na le wena.’ Ke ne ka ikutlwa ke na le kagiso ya mogopolo ka go itse gore Jehofa Modimo o amega ka se se ntiragalelang.”

A o ne o itse? Baebele e ruta gore go tla tla nako e ka yone batho ba tla bong ba sa tlhole ba tshwenngwa ke bolwetse.—Isaia 33:24; 35:5, 6.

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?