Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Mo patlisisong nngwe go ne ga fitlhelwa gore mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le bararo ba ba tsamayang ka dinao o ne a kgabaganya mmila o o tlhanaselang a iteegile tsebe—ka ntlha ya go reetsa mmino, go bua ka founo le tse dingwe. Selo se se kotsi le go feta se se neng se itaya tsebe e ne e le go kwala melaetsa ka founo. Lobaka lo batho ba ba kwalang melaetsa ka founo ba neng ba lo tsaya go kgabaganya mmila lo ne lo feta lwa ba ba sa iteegeng tsebe ka diperesente di le 18 mme go ne go ka direga thata gore ba tshele roboto e sa ba bulela, ba kgabaganye mo ba sa tshwanelang gone kgotsa ba kgabaganye ba sa lebelela matlhakore oomabedi.

Nigeria

Basadi ba ba tsewang kwa Nigeria ba isiwa Yuropa ke batho ba ba rekisang batho, ba patelediwa go dira meetlo ya go ikana go boloka kgang eno e le sephiri kwa mafelong a kobamelo a bodumedi jwa boloi jwa juju. E le gore barekisi bano ba gatelele basadi bao le go tlhomamisa gore ba dumela go nna makgoba a tlhakanelodikobo, ba dirisa poifo e e tseneletseng e ba nang le yone ya go tshaba go otlhaiwa ke meya.

Spain

Mo e ka nnang diperesente di le 5 go ya go di le 10 tsa batho ba ba sa bolong go nna ba batla tiro, ba tlosa didikirii tsa bone tsa yunibesithi le maitemogelo a ba nang le one a tiro fa ba isa makwalo a go kopa tiro ka gonne dilo tseno di dira gore ba lebege ba tshwanelwa ke go duelwa madi a mantsi.

Lefatshe

Go tsewa gore mosi wa ditofo tsa bogologolo tsa molelo ke one o bakang dintsho tse dintsi tsa batho kwa dinageng tse di tlhabologang, kwa go swang batho ba le dimilione di le nnè ngwaga le ngwaga gone ka ntlha ya malwetse a go palelwa ke go hema a a bakwang ke mosi. Babatlisisi ba re dikhemikale tse di botlhole tse di tswang mo ditofong tse di dirisang dikgong kgotsa magala di kotsi fela jaaka botlhole jo bo fitlhelwang mo mosing wa sekerete.