TSOGANG! September 2012 | Bofelo Jwa Lefatshe​—Boammaaruri, Maaka le Tlhamane ka Jone

Batho ga ba bolo go ikakanyetsa gore bofelo jwa lefatshe bo tla nna jang. Boammaaruri ke bofe mme Baebele ya reng?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Batho ba Kgatlhegela Thata go Itse ka Bofelo Jwa Lefatshe

Go na le dipolelelopele di le dintsi malebana le go fela ga lefatshe. A ke boammaaruri, maaka kgotsa ke ditlhamane?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bofelo Jwa Lefatshe bo Boifisa Batho Thata

Ela tlhoko ditiragalo di le 6 tse batho ba akanyang gore di tla fedisa botshelo jo bo leng teng gone jaanong.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bofelo Jwa Lefatshe e ka Tswa E se Se o Se Akantseng

Go ya ka Baebele phetogo e kgolo e etla. Go larile eng kwa pele?

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Lebelela Eng mo Lenyalong?​—Karolo 1

O ka lebelela melemo le dikgwetlho tse di ntseng jang mo lenyalong?

Baebele​—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—​Karolo 5

Jesu o ne a fetsa botshelo jwa gagwe a bolela “dikgang tse di molemo tsa bogosi.” A molaetsa wa gagwe o ne wa swa le ene?

Go Sekaseka Dizuu Tsa Segompieno

Utlwa ka se o ka se fitlhelang kwa dizuung tsa segompieno le se di se dirang go sireletsa mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go fela.

A GO TLHAMILWE?

Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi

Ditlhapi di ka re ruta eng malebana le go fokotsa go thulana ga dikoloi?

SE BAEBELE E SE RUTANG

A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?

Ke eng fa batho ba bantsi ba tlogetse madumedi a a rulagantsweng? Modimo o batla go obamelwa jang?

Baitse ba Metlha ya Bogare ba Tsa Kalafi

Utlwa kafa dilo tsa kalafi tse di lemogilweng le tse di tlhamilweng ke banna ba ba jaaka Avicenna di thusitseng ka teng go dira motheo wa kalafi ya motlha wa segompieno.

Mekgwa e Mengwe ya Kalafi mo Boemong Jwa go Tshela Madi

Bala o utlwe kafa baitse ba ba tswang kwa dinageng di feta 40 ba ileng ba tsiboga ka teng fa ba utlwa tshedimosetso malebana le mekgwa e mengwe ya kalafi mo boemong jwa go tshela madi

Ditiragalo Tsa Lefatshe

E bua ka dilo tse di akaretsang: Bojanala jwa kalafi kwa Asia, go dira ditiro tse dintsi ka nako e le nngwe, go amiwa ke motsoko yo o gogiwang ke motho yo mongwe, dintsho tse di bakilweng ke dithoromo tsa lefatshe le palo e e kwa godimo ya batho ba ba ipolayang kwa Russia.

Surunamune e e Dirang Dilo di le Dintsi

O ka e ja, wa nwa matute a yone e bile o ka monya mafura a a tlhokegang mo go yone. Utlwa mo go oketsegileng ka leungo leno le le dirang dilo tse dintsi.

Motlotlo wa Lelapa

Kgwedi eno, ithute ka molepero yo o nang le tebogo, Moshe le Basupi ba ga Jehofa kwa Madagascar.