Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sekaseka Dizuu Tsa Segompieno

Go Sekaseka Dizuu Tsa Segompieno

DINGWAGA di le 3 000 tse di fetileng, mmusimogolo mongwe wa Mo-China o ne a dira paraka mme a e bitsa Tshingwana ya Botlhale. Paraka eo e ne e na le diphologolo tse dintsi tse di tshelang mme e le bogolo jwa diheketara di le 607. Ka nako eo, go ka tswa go ne go sa tlwaelega go bona paraka e e ntseng jalo.

Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba le dimilionemilione go ralala lefatshe ba kgona go ya kwa dizuung. Buka ya Zoos in the 21st Century ya re: “E re ka mafelo a a nang le dilo tsa tlholego a ntse a fokotsega mme batho ba ntse ba oketsega kwa ditoropong, dizuu e setse e le mafelo a go leng motlhofo gore batho ba le bantsi ba ye kwa go one gore ba bone diphologolo le go ithuta ka tsone.”

Se o Ka se Fitlhelang Kwa Dizuung Tsa Segompieno

Dizuu di naya baeti tshono ya go bona dingwe tsa diphologolo tse di ngokang le tse di kgatlhang thata di le mo lefelong le le batlang le tshwana le la tsone la tlholego. O ka bona dirurubele tse dintle di fofafofa mo tshingwaneng ya boboatsatsi kgotsa di-penguin di le mo lefelong le le tswetsweng le le nang le aese e bile le tshwana le Antarctic.

O ka tsamaya mo sekgweng se sennye se se tshwanang le dikgwa tse di gaufi le ekhweitha mme wa bona dingwe tsa diphologolo le dinonyane tse di nnang kwa dikgweng tseo. Kgotsa o ka tsena mo phaposing e e lefifi mme wa bona diphologolo tse di nnang tlhaga fa go le bosigo. Mo dizuung tse dingwe o ka bona dipontsho tsa dinonyane tse di jang nama di fofa kgotsa wa lebelela di-dolphin di tshameka. Diphologolo tse di kotsi tse di kileng tsa bo di nna mo dirubing gone jaanong di nna mo mafelong a a sa tswalwang mme a na le mesele e e kgaoganyang dibatana le batho.

Matlhakore a Mabedi a Kganetsano

Batho bangwe ba ba lwelang ditshwanelo tsa diphologolo ba ganetsa kgang ya gore ditshedi di  tsewe kwa nageng mme di tswalelwe mo mafelong a e seng a tsone a tlholego. Batho bano ba bolela gore dizuu di kgoreletsa metsamao ya diphologolo e bile di di kgoreletsa gore di se ka tsa tshela ka tsela ya tsone ya tlholego.

Fa batlhokomedi ba dizuu ba araba ditatofatso tseno, ba bolela gore ba dira seabe sa botlhokwa mo go sireletseng dilo tsa tlholego le mo go ruteng batho. Jaime Rull wa paraka ya Faunia, e e kwa Madrid, Spain o tlhalosa jaana: “Mokgele wa rona ke go dira gore batho ba tlotle diphologolo. Re batla gore baeti ba rona ba nne le keletso ya go thusa go sireletsa mafelo a tlholego a diphologolo di nnang mo go one, e leng mafelo a di ka se kgoneng go tshela kwantle ga one.” Dipatlisiso dingwe di bontsha gore dizuu tse di atlegileng ruri di kgona go thusa batho go bona gore ba tlhoka go sireletsa mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go fela.

Mefuta mengwe ya ditshedi e e bonwang sewelo—e e jaaka giant panda—e lebega e setse e ratiwa thata ke batho. Noelia Benito wa Zoo Aquarium e e kwa Madrid a re: “Baeti botlhe ba batla go bona di-panda tsa rona tse pedi. Mofuta ono wa setshedi se se ratiwang thata e setse e le letshwao la rona le le supang gore re lwela go sireletsa mefuta ya  ditshedi e e mo kotsing ya go fela. Re solofela gore di-panda di tla tsala, le fa diphologolo tseno di sa nne le bana le panda nngwe le nngwe fela.”

Go farologana le di-panda, diphologolo di le dintsi di tsala kwantle ga mathata ape fa di le mo dizuung, mme seno e le ka ntlha ya maemo a a tokafaditsweng a di nnang mo go one le tlhokomelo e e molemo ya dingaka tsa diphologolo. Dithulaganyo tse di ileng tsa atlega tsa go tsadisa diphologolo di thusitse go araba balatofatsi ba ba reng dizuu ga di a tshwanela go reka le go rekisa diphologolo tse di mo kotsing ya go fela. Kwantle ga gore dizuu tse dintsi di na le ditlhopha tsa diphologolo tse di bontshiwang batho, gape di leka go tsadisa diphologolo tse di mo kotsing ya go fela mme di solofela gore kgabagare di ka busediwa kwa nageng.

Selo sa konokono se se dirang gore mefuta mengwe ya diphologolo e fele ke go senngwa ga mafelo a di nnang mo go one. Ka jalo, dizuu di na le seabe se segolo mo go tshegetseng ka madi dithulaganyo tsa go boloka le go sireletsa diphologolo mme di dirisana thata le mafelo a a sireletsegileng a diphologolo tsa naga di nnang mo go one kwa dinageng tsa boboatsatsi. *

Go Lebelela Tlhago

E re ka bontsi jwa bana ka tlholego fela ba rata diphologolo, fa lelapa lotlhe le ya kwa dizuung mo mafelobekeng kgotsa ka malatsi a boikhutso, batsadi ba nna le tshono ya go ruta bana ba bone ka popo ya Modimo. Ba ka lebelela tlhago mmogo.

Fa e sale kwa tshimologong batho ga ba bolo go kgatlhegela diphologolo thata. Go botlhokwa gore re dire gore bana ba rona ba kgatlhegele diphologolo e re ka tlhago e dira gore re itse botho jwa Mmopi wa yone. Gape go etela dizuu go ka dira gore re lemoge le go tlotla mo go oketsegileng ditshedi tse dintle tse di nnang mo polaneteng ya rona e e mo kotsing.

Go tloga kafa molemeng kwa godimo: serurubele sa boboatsatsi, nkwe ya Bengal, “giant panda,” “bald eagle,” “sea lion” ya California

^ ser. 12 Go lebega maiteko a a dirilweng ke dizuu a go sireletsa nkwe ya Asia, di-lemur tsa Madagascar le mefuta mengwe ya ditshwene tsa Afrika a atlegile.