Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Dirang Gore Pina e Tume?

Ke Eng se se Dirang Gore Pina e Tume?

Ke Eng se se Dirang Gore Pina e Tume?

KGWEBO ya mmino e fetofetoga ka bonako e bile e tletse kgaisano. Mmino o batho ba o ratang o a fetoga, batho ba lapisiwa ka bonako ke go tlhola ba utlwa pina e le nngwe mme mekgwa ya go boloka mmino le go o anamisa e emisediwa ka e mengwe. Moitse yo o begang ka tsa boitlosobodutu e bong Kelli S. Burns a re, batho ba ba dirang gore dipina di tume “ba nna ba batlana le pina e ntšha e e monate.” Mme go dira gore pina eo e tume ga go motlhofo. Buka nngwe ya tshedimosetso ya kgwebo ya mmino ya re: “Bana ba le bantsi ba batla go nna baopedi ba ba tumileng, . . . mme gantsi ke tiro e e boima go simolola go rekota mmino mo khampaning e e rileng.”—Bona lebokoso le le reng “Diphetogo mo Kgwebong ya Mmino,” mo tsebe 6.

Go Tsenya Mafoko mo Mminong

Bakwadi ba dipina (1) ba leka go kwala mafoko a pina a a tla amang batho maikutlo—a a dirang gore batho ba akanye thata ka ditsholofelo tsa bone, ditoro tsa bone le maikutlo a bone a a kwa teng. Ke eng se go buiwang thata ka sone mo dipineng? Fa e le gore o akanya gore go buiwa thata ka lorato, o nepile. Gape batho ba ba kwalang dipina ba leka go dira meribo e e ngokang—mafoko a a monate a motho a ka a gakologelwang le a a nnelang ruri mo mogopolong wa gagwe.

Morago ga foo, motho yo o kwalang pina o rekota sekai sa pina eo. Fa batsamaisi ba akanya gore pina eo e tla tuma mme e bo e rekiwa, ba ka nna ba naya seopedi konteraka ya go rekota (2). Fa e le gore ba na le dipelaelo ka seopedi seno (gongwe se sa itsiwe thata), ba ka nna ba reka pina eo gore e opelwe ke seopedi se se setseng se itsege.

Mo Setediong

Gantsi dikhampani tse di rekotang di hira motlhagisi yo o nang le maitemogelo gore a okamele thulaganyo ya go rekota (3). O tlhopha mofuta wa mmino o seopedi se tla o opelang. Gape o hira le go okamela setedio se se rekotang, barulaganyi ba mmino, batho ba ba dirang dikhopi tsa mmino, baopedi, batho ba ba opelang kwa morago, batho ba ba baakanyang metšhini e e rekotang le didirisiwa tse di tlhokegang go rekota pina ya boleng jo bo kwa godimo e e tla kgatlhang batho.

Tiro e ntsi ya go rekota e kopanngwa kgato ka kgato, gantsi go simololwa ka meropa, katara, katara ya kodu le keyboard. Moragonyana, baopedi, bathusi ba baopedi, diletswa tse di tshamekiwang di le nosi le medumo epe e e kgethegileng le yone e a tsenngwa, e bo e kopanngwa go dira pina e go tla dirwang dikhopi tse dingwe go tswa mo go yone (4).

Go e Rekisa

Go dira gore dipina tsa bone di itsiwe, gantsi dikhampani tse di rekotang di dira dibidio tsa mmino (5). Dibidio tseno tse di tsayang metsotso e le meraro go ya go e le metlhano di dira gore batho ba bone le go utlwa seopedi, ka sekai mo thelebisheneng kgotsa mo Internet. Gape dibidio tseno di ka direla khampani e e rekotang madi a mantsi.

Ka metlha baopedi ba ba rekotang ba rekisa dialebamo tse di oketsegileng kwa mafelong a ba dirang dikhonsata kwa go one (6). Ka jalo, gantsi ba dira gore dialebamo tsa bone tse disha di tume ka go ya kwa mafelong a a farologaneng go ya go dira dikhonsata kwa go one. Gape baopedi ba le bantsi ba itirela Web site (7) e e nang le dikaelo tsa mmino wa bone, ditshwantsho, dibidio, blog ya bone le tshedimosetso ka dikhonsata tse di tlang, mmogo le mafelo a batho ba ba ba ratang ba kopanang mo go one mme sa botlhokwa le go feta le mafelo a go ka rekwang mmino mo go one mo Internet.

Ke mang yo o dirang tshwetso ya gore a pina e tla tuma? Kwa bofelong, ke wena—moreetsi. Ka jalo, o tlhopha mmino wa gago go ikaegile ka eng? A ke tsela e mmino o utlwalang ka yone kgotsa a ke seopedi, kgotsa a mekgwa e e siameng e tlhotlheletsa mmino o o o tlhophang? Dipotso tseno di botlhokwa, ka gonne mmino o maatla e bile o ka re tlhotlheletsa fela thata. Ntlha eno e re gopotsa kgakololo nngwe e e botlhokwa e e tswang kwa Mmoping wa rona: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—Diane 4:23.

O ka tsaya tsia jang kgakololo e e botlhale eo malebana le mmino? Mme fa o le motsadi, o ka diragatsa jang maikarabelo a gago a go sireletsa bana ba gago mo dilong tse di ka ba gobatsang mo semoyeng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong?

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Diphetogo mo Kgwebong ya Mmino

Internet, didirisiwa tsa go rekota le dithulaganyo tsa khomputara tse di sa jeng madi a mantsi di dira gore go nne le diphetogo mo kgwebong ya mmino. Gompieno, baopedi ba kgona go rekota mmino wa boleng jo bo kwa godimo ba le kwa gae le go o anamisetsa batho ba ba reetsang mmino wa bone go ralala lefatshe. Go ya ka pego nngwe mo makasineng wa The Economist, “baopedi ba le mmalwa ba ba tumileng thata ba ile ba rekota le go anamisa mmino wa bone kwantle ga go dirisa dikhampani tse di rekotang.”