Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo dilong di le 5 296 tse go tweng ga di kgotlele tikologo tse go dirilweng dipatlisiso ka tsone kwa Canada le United States, “ga go a fitlhelwa bosupi bope jo bo tlhomamisang seno” mo diperesenteng di le 95 tsa tsone.—TIME, U.S.A.

Batlhokomedi ba boemafofane jwa boditšhabatšhaba kwa Bangkok “ba ne ba akanya gore go na le sengwe se se belaetsang” fa dithoto tsa mosadi mongwe yo o tsamayang ka sefofane di ne di tsenngwa mo ekesereing e e tlhatlhobang dithoto. Fa badiredi ba ne ba bula kgetsana nngwe gore ba e tlhatlhobe, ba ne ba fitlhela gore go na le ngwana wa nkwe e e tlhabilweng ka seokobatsi se se robatsang.—WORLD WILDLIFE FUND, THAILAND.

Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Kwa Amazon

Mokgatšha wa Noka ya Amazon ke nngwe ya mafelo a a itsegeng mo lefatsheng a a nang le mefuta e e farologaneng ya ditshedi. Go ya ka pego ya World Wildlife Fund (WWF), mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, mefuta e e farologaneng e e fetang 1 200 ya dijalo le diphologolo—ditlhapi, ditshedi tse di nnang mo lefatsheng le mo metsing, digagabi, dinonyane le diamusi—e ile ya bonwa le go rulaganngwa go ya ka ditlhopha tsa tsone koo. Seno se kaya gore, ka kakaretso, go bonwa mofuta o mosha wa setshedi kwa Amazon malatsi mangwe le mangwe a le mararo. Sarah Hutchison, yo e leng mookamedi wa WWF kwa Brazil a re: “Palo ya mefuta e mesha e e bonwang e kgolo thata mme seno ga se akaretse ditlhopha tse dintsi tsa ditshenekegi tse di bonwang koo.”

Go Gatelelwa mo Maikutlong Kwa Tirong

Motho a le mongwe mo bathong ba le batlhano kwa Finland o akanya gore mathata a go tlhoma mogopolo le go lebala a ama tsela e ba dirang tiro ya bone ka yone. Go ya ka pego ya Finnish Institute of Occupational Health, mathata a a ntseng jalo a ama thata batho ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 35, e leng nako e ka yone boboko bo tshwanetseng go dira sentle ka yone. Dilo dingwe tse di bakang bothata jono ke tshedimosetso e ntsintsi le diphetogo tse di sa kgaotseng tse di dirwang mo dithulaganyong tsa khomputara. Porofesa Kiti Müller a re: “Batho ba le bantsi ba akanya gore ba fiwa tshedimosetso e ntsi mo e leng gore go thata go bona gore ke efe e e tlhokegang mo tirong ya bone.” Helsinki Times e bolela jaana: “Fa go gatelelwa mo maikutlong go nna lobaka lo lo leele mo mothong, boboko bo a go tlwaela mme mmele o ka nna wa se ka wa tlhola o re tsibosa fa re gateletswe thata mo maikutlong go feta selekanyo. Mme o ka se ka wa re tsibosa go fitlha re lwala thata.”

A go Akanya ka Metshameko ya Bidio go Tlhotlheletsa Bogale?

Motho o galefa lobaka lo lo kana kang fa a sena go tshameka metshameko ya bidio e e tletseng thubakanyo? Babatlisisi ba ile ba tlhopha baithuti ba banna le ba basadi ba sa tlhaole gore ba tshameke metshameko ya bidio e e nang le thubakanyo le e e se nang thubakanyo ka metsotso e le 20. Morago ga foo, halofo ya batho ba ba mo setlhopheng sengwe le sengwe ba ne ba kopiwa go akanya ka motshameko oo. Pego eo ya re: “Mo letsatsing le le latelang, batho ba ba neng ba tshameka motshameko oo ba ne ba gaisana le motho yo ba neng ba akanya gore o ne a gaisana le bone mo kgaisanong e motho yo o fenyang a neng a tla otlhaya motho yo a mo gaisitseng ka go mo bakela modumo o o botlhoko ka di-headphone.” Banna ba ba neng ba boleletswe gore ba akanye ka motshameko o o tletseng thubakanyo ba ne ba galefa le go feta. Jaaka go begilwe mo lokwalopakeng lwa Social Psychological and Personality Science, bakwadi ba patlisiso eno ba re: “Gantsi batho ba ba tshamekang metshameko e e tletseng thubakanyo ba tshameka lobaka lo lo fetang metsotso e le 20 mme gongwe ba bo ba nnela go akanya ka motshameko o ba neng ba o tshameka.” Mme ga go a ka ga bonwa matshwao ao mo basading, ba gantsi ba sa rateng metshameko ya bidio e e tletseng thubakanyo.