Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kotsi e Motsadi Mongwe le Mongwe a Tshwenyegileng ka Yone

Kotsi e Motsadi Mongwe le Mongwe a Tshwenyegileng ka Yone

HEATHER le Scott ke banyalani ba ba matlhagatlhaga ba ba itumetseng, batsadi ba mosimanyana yo o botlhale le yo o itekanetseng wa dingwaga di le tharo. * Ba tlhokomela ngwana wa bone sentle. Mo lefatsheng le re tshelang mo go lone gompieno, seo ga se tiro e e motlhofo. Go akaretsa go tshwenyega ka dilo tse dintsi le go nna le maikarabelo a mantsi. Go na le dilo tse dintsi tse bana ba tlhokang go di rutiwa! Heather le Scott ba akanya thata ka boikarabelo bongwe jo bo kgethegileng: Ba batla go sireletsa ngwana wa bone mo dikotsing tsa go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Ka ntlha yang?

Heather a re: “Rre o ne a se na lorato, e le letagwa le le bogale. O ne a mpetsa botlhoko mme e bile o ne a sotla nna le bonnake ka tlhakanelodikobo.” * Batho ba le bantsi ba dumela gore go sotliwa ka tsela e e ntseng jalo go baka matsadi a a sa feleng a maikutlo. Ga go gakgamatse go bo Heather a ikemiseditse jaana go sireletsa morwawe! Scott le ene o ikutlwa jalo ka go mo sireletsa.

Batsadi ba le bantsi ba tshwenyegile ka go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo. Gongwe le wena o tshwenyegile ka gone. Go farologana le Heather le Scott, o ka tswa o sa itse gore go sotliwa ka tlhakanelodikobo go ntse jang le gore ditlamorago tsa gone ke eng, mme ga go na pelaelo gore o kile wa utlwa dipego tse di tshosang ka go anama ga mokgwa ono o o ferosang sebete. Go ralala lefatshe batsadi ba ba siameng ba tshoga fa ba utlwa gore go diragala eng ka bana mo mafelong a ba nnang mo go one.

Ga go gakgamatse go bo mmatlisisi mongwe wa kgang ya go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo a ne a re selekanyo se seno se dirwang ka sone ke “nngwe ya dilo tse di swabisang thata tse di ileng tsa lemogiwa mo motlheng wa rona.” Ke dikgang tse di hutsafatsang tota tseo, a mme dilo tseno di a re gakgamatsa? Ga di gakgamatse batho ba ba ithutang Baebele. Lefoko la Modimo le tlhalosa gore re tshela mo motlheng wa mathata o o bidiwang ‘metlha ya bofelo’ nako e mo go yone go tletseng “bogale,” fa batho e tla bong e le “baithati” mme ba se na “lorato lwa tlholego.”—2 Timotheo 3:1-5.

Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke kgang e e tshosang. Ee, batsadi bangwe ba ikutlwa ba felelwa ke maatla fa ba akanya fela ka bosula jwa batho ba ba batlang go sotla bana ka tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, a bothata jono bo bogolo jaana mo e leng gore batsadi ba ka se kgone go lepalepana le jone? Kgotsa a go na le dikgato tse di thusang tse batsadi ba ka di tsayang go dira gore bana ba bone ba nne ba sireletsegile? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno.

^ ser. 2 Maina mo metseletseleng eno ya ditlhogo a fetotswe.

^ ser. 3 Go sotla ngwana ka tlhakanelodikobo ke fa mogolo a dirisa ngwana go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa tlhakanelodikobo. Gantsi go akaretsa se Baebele e reng ke kgokafalo kgotsa por·neiʹa, e e akaretsang go tshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, go tlhakanela dikobo le go tlhakanela dikobo ka molomo kgotsa go tlhakanela dikobo ka marago. Ditiro tse dingwe tsa go sotla—tse di jaaka go solasola matsele, go bua ka tlhamalalo le ngwana ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go bontsha ngwana ditshwantsho tse di hepisang, go leba batho ba ba tlhakanelang dikobo le go apola fa pele ga ngwana—e ka nna ya nna se Baebele e se kgalang jaaka “boitshwaro jo bo repileng” kgotsa “boitshekologo . . . ka bogagaru.”—Bagalatia 5:19-21; Baefeso 4:19.