Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng

BONTSI jwa rona ga re rate go nna re akanya ka kgang ya go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo. Batsadi ba a tsitsibanya fa ba akanya fela ka kgang eno! Le fa go sotla bana ka tsela eo e le selo se se tshosang le se se utlwisang botlhoko, sone se a direga tota mo lefatsheng le re tshelang mo go lone, mme ditlamorago tsa gone e ka nna tse di utlwisang botlhoko thata mo baneng. A go botlhokwa go sekaseka kgang eno? Gone mme, tshireletsego ya ngwana wa gago e botlhokwa go le kana kang mo go wena? Go ithuta ka boammaaruri jo bo sa itumediseng jwa go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo ke kgang e potlana fa o e bapisa le tshireletsego ya bana ba gago. Kitso e e ntseng jalo e ka go solegela molemo thata.

O se ka wa dira gore bothata jo bogolo jono jwa go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo bo go kgobe marapo. Bobotlana o na le maatla a ngwana wa gago a se nang one—dinonofo tse go tla tsayang ngwana wa gago dingwaga di le dintsi kgotsa le e leng masome a dingwaga gore a nne le tsone. Dingwaga tse o setseng o di tshetse di dirile gore o nne le kitso, boitemogelo le botlhale jo bogolo. Se se botlhokwa ke gore o tokafatse dinonofo tseo mme o bo o di dirise go sireletsa ngwana wa gago. Re tla sekaseka dikgato tse tharo tse di botlhokwa tse motsadi mongwe le mongwe a ka di tsayang. Ke tse di latelang: (1) Nna mosireletsi yo mogolo wa ngwana wa gago kgatlhanong le go sotliwa ka tlhakanelodikobo, (2) ruta ngwana wa gago dilo tse di botlhokwa malebana le kgang eno, (3) ruta ngwana wa gago ditsela tsa botlhokwa tse a ka di dirisang go itshireletsa.

A o Mosireletsi yo Mogolo wa Ngwana wa Gago?

Batsadi ba na le boikarabelo jo bogolo jwa go sireletsa bana ba bone gore ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo mme ga se boikarabelo jwa bana. Ka jalo, go tshwanetse ga rutiwa batsadi pele ka kgang eno mme bana bone ba rutiwe morago. Fa e le gore o motsadi, go na le dilo di le mmalwa tse o tlhokang go di itse malebana le go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo. O tshwanetse go itse gore ke batho ba ba ntseng jang ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo le gore ba dira eng go fitlhelela  maikaelelo a bone. Gantsi batsadi ba akanya gore batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ke batho ba ba sa ba itseng ba ba iphitlhang mo lefifing, ba ba batlang ditsela tsa go tsaya bana ka dikgoka le go ba betelela. Batho ba ba setlhogo jalo ba teng tota. Metswedi ya tshedimosetso e re bolelela ka bone gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, ga ba bantsi jalo. Diperesente di le 90 tsa batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ke mongwe yo ngwana a setseng a mo itse e bile a mo ikanya.

Ka tlwaelo fela o ka se ka wa dumela gore moagelani yo o botsalano, morutabana, mongwe yo o dirang mo go tsa boitekanelo, mokatisi kgotsa mongwe wa losika a ka batla go dira bosetlhogo jo bo ntseng jalo mo ngwaneng wa gago. Mme gone, batho ba le bantsi ga ba nna jalo. Ga o tlhoke go nna o ntse o belaela mongwe le mongwe yo o mmonang. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go sireletsa ngwana wa gago ka go ithuta gore motho yo o sotlang bana ka tlhakanelodikobo o dirisa maano afe.—Bona  lebokoso le le mo tsebeng 6.

Fa o itse maano a gagwe, go ka dira gore wena motsadi, o kgone go ipaakanyetsa botoka go nna mosireletsi yo mogolo wa ngwana wa gago. Ka sekai, fa mongwe a bonala a kgatlhegela bana thata go na le bagolo mme a kgatlhegela ngwana wa gago ka tsela e e kgethegileng le go mo naya dimpho kgotsa a ithaopa go sala le ene, kgotsa a rata go tsaya maeto a sephiri le ngwana wa gago, o tla dira eng? A o tshwanetse go swetsa gore motho yoo o tshwanetse a bo a sotla bana ka tlhakanelodikobo? Nnyaa. O se ka wa itlhaganela go dumela jalo. Motho yo o ntseng jalo a ka tswa a se na molato gotlhelele. Le fa go ntse jalo, go ka nna molemo gore o nne o ntshitse matlho dinameng. Baebele ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Gakologelwa, sengwe le sengwe se motho a batlang go se dira se se bonalang se belaetsa, se ka tswa se belaetsa tota. Ela tlhoko thata ope fela yo o ithaopang go nna le ngwana wa gago a le nosi. Dira gore motho yo o ntseng jalo a itse gore o tla nna o ntse o tlhola ngwana wa gago nako nngwe le nngwe fela. Melissa le Brad, batsadi ba basha, ba ba nang le basimane ba bararo, ba kelotlhoko go tlogela ngwana wa bone fela a le nosi le mogolo. Fa ngwana mongwe wa bone a ne a na le dithuto tsa mmino kwa gae, Melissa o ne a bolelela mokaedi wa gagwe a re: “Ke tla nna ke tsena ke tswa mo phaposing e lo leng mo go yone fa fela o sa ntse o le teng.” Go nna kelotlhoko jalo go ka nna ga utlwala e le go feteletsa dilo, mme batsadi bano ba batla go sireletsa bana ba bone go na le gore ba ikwatlhae morago.

Nna le seabe ka botlalo mo dilong tse ngwana wa gago a di dirang, batho ba a tsalanang le bone le mo tirong ya gagwe ya sekolo. Dira gore o itse sengwe le sengwe ka maeto a a rulagantsweng a ngwana wa  gago a yang kwa go one. Ngaka nngwe ya boitekanelo jwa tlhaloganyo yo o ileng a dira ka dikgetsi tsa tlhakanelodikobo ka dingwaga di le 33 o bolela gore o bone makgetlo a mantsi a mo go one bothata jono bo ka bong bo ile jwa tilwa fa batsadi ba ka bo ba ile ba nna kelotlhoko. O nopola motho mongwe yo o neng a sotla bana ka tlhakanelodikobo yo a leng kwa kgolegelong a bolela jaana: “Batsadi ba re naya bana ba bone mo diatleng. . . . Ba ile ba ntlhofofaletsa dilo tota.” Gakologelwa, bontsi jwa batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba rata bana ba go leng motlhofo go ba tlhasela. Batsadi ba ba nnang le seabe se segolo mo botshelong jwa bana ba bone ba dira gore go nne thata gore bana ba bone ba tlhaselwe.

Tsela e nngwe e o ka nnang mosireletsi yo mogolo wa ngwana wa gago ke go nna moreetsi yo o molemo. Gantsi bana ga ba tlhalose ka tlhamalalo fa e le gore ba ile ba sotliwa ka tlhakanelodikobo; ba tlhabiwa ke ditlhong thata e bile ba tshwenyegile thata ka gore batho ba bangwe ba tla ikutlwa jang ka gone. Reetsa ka kelotlhoko, tota le fa go na le dintlhanyana di se kae fela tse di go lemotshang sengwe. * Fa ngwana wa gago a tlhalosa sengwe se se go tshwenyang, mmotse dipotso o ritibetse gore a kgone go bua ka gone. Fa a bolela gore ga a batle gore motho yo o rileng yo a neng a setse le ene a boe, mmotse gore ka ntlha yang. Fa a re mogolo mongwe o tshameka metshameko e e sa tlwaelegang le ene, mmotse gore: “Ke metshameko e e ntseng jang? O dira eng?” Fa a ngongorega ka gore mongwe o ile a mo tsikitla, mmotse gore, “O ile a go tsikitla kae?” O se ka wa itlhaganelela go itlhokomolosa dikarabo tsa ngwana wa gago. Batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba bolelela ngwana gore ga go na ope yo o tla mo dumelang; mme ka maswabi gantsi ke se se diregang. Mme fa ngwana a ile a sotliwa ka tlhakanelodikobo, fa motsadi a mo dumela e bile a mo tshegetsa ke kgato e e botlhokwa ya gore a kgone go fola matsadi a go sotliwa.

Nna mosireletsi yo mogolo wa ngwana wa gago

Ruta Ngwana wa Gago Dilo Tse a Tshwanetseng go di Itse

Buka nngwe e e buang ka kgang ya go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo e nopola motho yo o bonweng molato ka ntlha ya go sotla bana a bolela jaana: “Fa nka kopana le ngwana yo o sa itseng sepe ka tlhakanelodikobo,  ke ene yo ke tlileng go mo tlhasela.” Mafoko a a tshosang ao a ka thusa thata go gopotsa batsadi. Go motlhofo gore batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba tsietse bana ba ba sa itseng sepe ka tlhakanelodikobo. Baebele e bolela gore kitso le botlhale di ka re golola mo “mothong yo o buang dilo tse di sokameng.” (Diane 2:10-12) Ga go na pelaelo gore le wena o batla gore ngwana wa gago a nne le kitso le botlhale. Ka jalo, kgato ya bobedi e o tshwanetseng go e tsaya go mo sireletsa ke gore o se ka wa tshaba go bua le ene ka kgang e e botlhokwa eno.

Mme o ka dira seo jang? Batsadi ba le bantsi ba bona e le selo se se tlhabisang ditlhong go bua le bana ba bone ka kgang ya tlhakanelodikobo. Go ka tswa go tlhabisa ngwana wa gago ditlhong le go feta, mme go ka se direge gore e nne ene a simololang go bua ka gone. Ka jalo, a e nne wena yo o tsayang kgato pele. Mellissa a re: “Re ile ra simolola ka bonako ka go bitsa dikarolo tsa mmele ka maina a tsone. Re ne re dirisa mafoko a mmatota e seng a a tlhofofaditsweng, e le gore re ba bontshe gore ga go na sepe se se tshegisang ka tsone e bile ga go na karolo epe ya mmele e e tlhabisang ditlhong.” Fa o sena go ba tlhalosetsa jalo, go nna motlhofo go ba ruta ka go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Batsadi ba le bantsi ba bolelela bana ba bone fela gore dikarolo tsa mmele tse di fitlhegang mo diaparong tsa go thuma ga di a tshwanelwa go bonwa ke ope e bile di kgethegile.

Heather, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng a re: “Nna le Scott re ile ra bolelela morwaarona gore mapele a gagwe ga a tshwanela go bonwa ke ope, ke karolo ya mmele wa gagwe mme e bile ga se setshamekisi. Ga go na ope yo o tshwanetseng go tshameka ka one—le fa e le Mama kgotsa Papa le ngaka tota. Fa re ne re mo isa kwa ngakeng, ke ne ka mo tlhalosetsa gore ngaka e batla fela go bona gore a sengwe le sengwe se siame mme ke ka lebaka leo a ka nnang a mo tshwara foo.” Batsadi ka bobedi ba nna le seabe mo metlotlonyaneng eno gangwe le gape, mme ba tlhomamisetsa ngwana gore a ka nna a tla kwa go bone ka metlha gore a ba bolelele fa mongwe a mo tshwara ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa ka tsela e a sa e rateng. Baitse ba tlhokomelo ya bana le ba ba thibelang gore bana ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ba akantsha gore batsadi botlhe ba nne le metlotlo e e ntseng jalo le bana ba bone.

Ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo * e thusa thata go ruta ka kgang eno. Mo Kgaolong 32 ya setlhogo se se reng “Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng,” se na le molaetsa o o tlhamaletseng mme e le o o gomotsang o o ka thusang bana malebana le go sotliwa ka tlhakanelodikobo le ka botlhokwa jwa go nna ba sireletsegile. Melissa a re: “Buka eno e ile ya re bontsha tsela e e molemo ya go gatelela se re se boleletseng bana ba rona.”

Mo lefatsheng le re tshelang mo go lone bana ba tlhoka go itse gore go na le batho bangwe ba ba batlang go ba tshwara ka tsela e e sa siamang kgotsa ba batla gore bana ba ba tshware ka tsela e e sa siamang. Ditlhagiso tseno ga di a tshwanela go tshosa bana kgotsa go dira gore ba se ka ba ikanya batho botlhe ba bagolo. Heather a re: “Ke thuto ya tshireletso fela. Mme ke nngwe ya dithuto tse dintsi tse di sa amaneng ka gope le go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Ga di a ka tsa tshosa morwaake le e seng.”

Thuto ya ngwana e tshwanetse ya akaretsa go nna kutlo ka tsela e e lekalekaneng. Go ruta ngwana go nna kutlo ke thuto e e botlhokwa le e e thata. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, dithuto tse di ntseng jalo di ka nna tsa fetelediwa. Fa ngwana a rutiwa gore o tshwanetse go nna kutlo ka metlha le go utlwa mogolo mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke mo maemong a a ntseng jang, o tla sotliwa motlhofo. Batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba kgona go lemoga ka bonako fa bana ba ikobela sengwe le sengwe. Batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone go nna kutlo ka tsela e e lekanyeditsweng. Mo Bakereseteng, ga se kgang e e raraaneng mo go kalo. Ke kgang fela ya go ba bolelela gore: “Fa mongwe a go bolelela gore o dire sengwe se Jehofa Modimo a reng ga se a siama, o se ka wa se dira. Tota le Mama kgotsa Papa ga ba a tshwanela go go raya ba re o dire sengwe se Jehofa a reng ga se  a siama. Mme ka metlha o ka bolelela Mama kgotsa Papa fa mongwe a leka go dira gore o dire sengwe se se sa siamang.”

Sa bofelo, dira gore ngwana wa gago a itse gore ga go na ope yo o tshwanetseng go mo kopa gore a se ka a go bolelela sephiri sengwe. Mmolelele gore fa mongwe a mo kopa gore a se ka a go bolelela sephiri le fa e le sefe, ka metlha o tshwanetse go tla go go bolelela. Go sa kgathalesege gore o bolelelwa eng—tota le fa a ile a tshosediwa ka dilo tse di mo tshosang kgotsa a tshosediwa ka go bo a dirile sengwe se se sa siamang—go siame ka metlha gore a tle go bolelela Mama kgotsa Papa ka gone. Thuto e e ntseng jalo ga e a tshwanela go tshosa ngwana wa gago. Mo tlhomamisetse gore batho ba le bantsi ba ka se ka ba mo kopa go dira dilo tse di ntseng jalo—go mo tshwara mo ba sa tshwanelang, jaaka go mo kopa gore a se ka a ikobela Modimo kgotsa gore a boloke sephiri sengwe. Fela jaaka lo ka dira dithulaganyo tsa gore lo tla tshaba jang fa go ka nna le molelo, ditaelo tseno le tsone ke dithuto fela tsa fa e le gore go ka direga mme go ka direga gore di se ka tsa tlhoka go dirisiwa le ka motlha.

Ruta ngwana wa gago ka dilo tse dingwe tse a tlhokang go di itse

Ruta Ngwana wa Gago Ditsela Tsa Konokono Tsa go Itshireletsa

Kgato ya boraro e re tla tlotlang ka yone mo setlhogong seno ke go ruta ngwana wa gago ditsela tse di motlhofo tse a ka kgonang go di dirisa fa mongwe a leka go mo sotla fa o seyo. Mokgwa mongwe o gantsi o akantshiwang o tshwana le motshameko. Batsadi ba botsa bana ba bone gore “O tla dira eng fa . . . ?” mme ngwana o a di araba. O ka nna wa re, “O tla dira eng fa e le gore re ne re le mmogo mo marekisetsong mme re bo re latlhegelana? O ne o ka dira jang gore o mpone?” Karabo ya ngwana e ka tswa e se se tota o neng o solofetse gore o tla se bua, mme o ka nna wa mo kaela gore o tshwanetse go dira eng ka go mmotsa dipotso tse dingwe tse di jaaka “A o ka kgona go akanya ka sengwe se se ka go sireletsang botoka?”

O ka nna wa dirisa dipotso tse di tshwanang go botsa ngwana wa gago gore ke tsela efe e e botoka thata e a ka e dirisang fa mongwe a leka go mo tshwara ka tsela e e sa siamang. Fa seno se tshosa ngwana ka bonako, o ka nna wa leka go mmolelela kgang nngwe ya ngwana yo mongwe. Ka sekai: “Mosetsanyana mongwe o na le mongwe wa losika yo a mo ratang mme motho yono o leka go mo tshwara mo a sa tshwanelang. O akanya gore mosetsanyana yono o tshwanetse go dira eng gore a nne a sireletsegile?”

Dira gore ngwana wa gago a itse ditsela tsa botlhokwa tse a ka di dirisang go itshireletsa

O ka ruta ngwana wa gago go dira eng mo maemong a a ntseng jalo? Mokwadi mongwe a re: “Fa a ka re ‘Nnyaa!’ ka tsela e e bontshang gore tota ga a batle! Kgotsa a re ‘Ntlogele!’ go ka thusa thata go dira gore motho yo o lekang go mo sotla a tshabe kgotsa a mo tlogele.” Thusa ngwana wa gago gore a bontshe ka bokhutshwane se a tla se dirang gore a tle a nne le bopelokgale jwa go ka gana ka go buela kwa godimo, go tshaba ka bonako le go go bolelela sengwe le sengwe se se diragetseng. Ngwana yo go bonalang a tlhaloganya thapiso eno sentle a ka nna a lebala se a se rutilweng mo dibekeng di se kae kgotsa dikgwedi di se kae. Ka jalo, boeletsa thapiso eno ka metlha.

Batho botlhe ba ba tlhokomelang ngwana ka tlhamalalo, go akaretsa le batho ba banna—e ka tswa e le rre, rre yo o tlileng ka lenyalo kgotsa monna yo mongwe wa losika—ba tshwanetse go nna le seabe mo metlotlong eno. Ka ntlha yang? Ka gonne fa botlhe ba nna le seabe mo thutong e e ntseng jalo, tota ba tla bo ba solofetsa ngwana gore ba ka se ka le ka motlha ba mo sotla ka ditsela tseo. Ka maswabi, go sotliwa ka tlhakanelodikobo gantsi go direga gone mo lelapeng. Setlhogo se se latelang se tla bua ka tsela e o ka dirang ka yone gore lelapa la gago e nne lefelo le le sireletsegileng.

^ ser. 10 Bomankge ba tlhalosa gore bana ba go lemotsha sengwe kwantle ga go bua gore go na le sengwe se se sa siamang. Ka sekai, fa ngwana go sa lebelelwa a simolola go boela kwa mekgweng e a e tlogetseng (ka go bo a ne a godile go tlhola a dira dilo tseo) lobakanyana, dilo tse di jaaka go ntshetsa metsi mo dikobong, go sa batle go kgaogana le batsadi kgotsa go tshaba go nna a le nosi, a ka tswa a lemotsha batsadi gore go na le sengwe se se masisi se se mo tshwenyang. Matshwao a a ntseng jalo ga a tshwanela go tsewa e le bosupi jwa gore tota ngwana o sotliwa ka tlhakanelodikobo. O ritibetse, dira gore ngwana wa gago a go bulele mafatlha gore o tle o itse gore ke eng se se mo tshwentseng gore o tle o kgone go mo gomotsa, go mo kgothatsa le go mo sireletsa.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.