Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirouse Tse di Kgatlhang Tsa mo Afrika

Dirouse Tse di Kgatlhang Tsa mo Afrika

 Dirouse Tse di Kgatlhang Tsa mo Afrika

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA

“Ke malomo a mantle thata a nkileng ka a bona!” “Ke mpho e ntle thata e o ka e nayang tsala e o e ratang.” “Ke tsela ya go raya mongwe o re, ‘Ke amega ka wena.’”

GONGWE le wena o ikutlwa jaaka baagi ba kwa Nairobi, kwa Kenya ba ba buileng mafoko a a fa godimo ano. Mo dijalong tsotlhe tse di nang le malomo, go akaretsa tse di tlhogang mo sekgweng le tse di jalwang ke batho, gongwe ga go na dipe tsa tsone tse di fitlheletseng seemo sa boditšhabatšhaba go feta rouse. Rouse ga ya bolo go gapa tsela e batho ba akanyang ka yone ka makgolokgolo a dingwaga. Baboki ba kwadile dibuka ka yone, fa bataki bone gantsi ba ile ba taka ditshwantsho tsa yone. Shakespeare ene o ne a e boka jaana ka mafoko a gagwe a a tlwaelegileng a a mo go Romeo and Juliet: “Leina ke eng tota? Le fa re ka bitsa rouse ka leina lengwe e tla nna e ntse e na le monko o o monate.” Ka ntlha ya rouse go ile ga simololwa botsalano jo bosha, e bile bo ile jwa nonotshiwa, le jo bo neng bo senyegile bo ile jwa baakanngwa, mme le batho ba bantsi ba ba neng ba lwala ba ne ba kgothadiwa ka yone.

Mo godimo ga tseo tsotlhe, rouse e tlhwatlhwakgolo. Mo dinageng tse dintsi tse tlelaemete ya tsone e letlang go jalwa ga malomo, dirouse ke tsone di dirang lotseno lo logolo. Ka sekai, kwa Kenya, mo malomong a le dimilionemilione a a rometsweng kwa dinageng di sele mo ngwageng mongwe wa bosheng jaana, diperesente di feta 70 e ne e le dirouse, mme seno se dira gore naga eo e nne nngwe ya dinaga tse di kwa pele fa go tliwa mo dirouseng.

Mo dinakong tse di fetileng, pele batho ba lemoga dinonofo tse di kgatlhang tsa yone, setlhatshana sa rouse se ne se ikgolela ka bontsi mo sekgweng. Gompieno, go dirisiwa ka kelotlhoko ga mekgwa ya go tswakanya malomo le a mangwe gore a tle a ikatise, go ile ga dirisiwa mefuta e e fetang 100 ya dirouse tsa naga mme ga tlhaga diketekete tsa mefutafuta ya dirouse tse di itsegeng gompieno. Ka ntlha ya seno, rouse e ile ya itsege lefatshe lotlhe mme e bile gape e fitlhelwa mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe mo lefatsheng. Rouse e e itsegeng thata le e e lengwang thata ke ya mefuta e mebedi e e kopantsweng e e bidiwang hybrid tea rose.

 Go Tswa mo Tshimong Go ya Mo Nkgwaneng ya Malomo

Batho ba le bantsi ba reka dirouse tsa bone mo barekising ba malomo kgotsa kwa suphamaketeng. Malomo ano a jalwa kwa dipolasing gore a tle a rekisiwe e bile a tlhoka tlhokomelo e ntsi go na le a motho o ka ijalelang one mo tshingwaneng. Go etela kwa polasing nngwe e e gaufi le Nairobi go ne ga re lemotsha ka moo malomo ano a tlhokang tlhokomelo e ntsi ka teng gore a tle a isiwe kwa mmarakeng.

Fano, jaaka gongwe le gongwe mo Kenya, matlo a dijalo di sirelediwang le go godisediwa mo go one a dirilwe ka polasitiki e e bontshang sentle dirouse tse di rekisiwang. (Bona setshwantsho mo tsebeng ya 26.) Dikago tseno di dirisediwa mabaka a le mmalwa. Matlhogela a dirouse a a sa tswang go lomelelwa mo dirouseng tse dingwe a bokoa e bile a tlhoka go tlhokomelwa mo maemong a bosa a a maswe. Pula e ntsi thata, phefo, kgotsa go lebana le letsatsi le le bogale go ka senya dirouse tseno. Gore go tle go nne le themperetšha e e sa fetogeng, go botlhokwa gore go nne le mowa o o tsiditsana o o tsenang motlhofo le gore mowa o o mogote thata o tle o tswele kwa ntle.

Kafa gare ga ntlo eno e dijalo di golelang le go sirelediwa mo go yone go na le mela ya malomo a mannye a a sa lekalekaneng ka tsela e a godileng ka yone. Mo polasing eno go jadilwe dirouse tsa mefutafuta, go simolola ka rouse e e tlwaelegileng ya hybrid tea, e kala ya yone e kgaotsweng boleele jo bo fetang disentimetara tse 70, go ya go sweetheart rose, mofuta mongwe wa hybrid tea rose e e leng boleele jwa disentimetara tse 35. Mo polasing eno heketara e le nngwe e ka nna le dijalo tse di fitlhang go 70 000.

Dirouse tseno di kgona go bona dikotla tsa tsone jang? Ga go dirisiwe mmu o o tlwaelegileng. Lefelo le malomo a baakanyeditsweng go jalwa mo go lone le dirilwe ka matlapana a masetlha a lekgwamolelo a a adilweng mo godimo ga mofuta wa polasitiki ya polyethylene. Ono ke mokgwa o o rategang, e re ka matlapana ano a se na malwetse a a nnang teng mo mmung. Go dirisiwa mokgwa wa go nosetsa ka go kgatsha metsi mo dijalong. Mokgwa ono o dirwa ka go phunya diphatlha tse dinnye mo diphaepeng tse di isang metsi kwa dijalong, diphaepe tseno di kgatsha metsi le dikotla tse dingwe mo dijalong go ya ka selekanyo se se tlhokegang. E re ka matlapana ano a masetlha a lekgwamolelo a na le marobana, a letla metsi gore a nwelelele go tswa mo polasetiking. Mme fa a ntse a rotha jalo a tsewa a bo a dirisiwa gape.

Le fa dirouse di newa tlhokomelo e e kgethegileng jalo, di ka nna tsa tshwaediwa ke malwetse a le mmalwa, a bontsi jwa one a bakwang ke dithuthuntshwane. Malwetse ano a akaretsa botrytis le mouta o o lerole o o tlhaselang matlhare le dikutu  tsa dijalo. Fa malwetse ano a sa laolwe a ka ama thata boleng jwa malomo. Go tshela sebolayadithuthuntshwane go thusa go fokotsa bothata jono.

Fa nako e ntse e ya, mebala mengwe e e galolang e simolola go tlhagelela, seno se bontsha sentle gore dirouse di siametse go kgetliwa. Malomo ano a segwa pele a thunya. Mo nakong eno lelomo ka bolone le a bo le ise le bulege. Go kgetla malomo ka nako eno go thusa gore lelomo le le segilweng le tshele nako e telele e bile go dira gore le mmala wa lone o se ke wa tswa. Le fa go ntse jalo, go kgetliwa ga dirouse go ka farologana go se kae go ya ka mefuta ya tsone. Go botlhokwa gore o sege malomo ano mo mesong kgotsa mo maitseboeng, fa go le bongola thata le gore a se ka a swaba ka bonako. Malomo a a kgetlilweng a tsenngwa mo kamoreng e e tsididi gore a tle a nne a itekanetse pele a ka isiwa mmarakeng. Seno se thusa gore a nne a itekanetse ka nako e teletsana.

Malomo ano a feta gape kgato nngwe e e botlhokwa—e e leng go a rulaganya go ya ka boleng jwa one. Fano a tla bo a aroganngwa go ya ka mebala le ka bogolo jwa one. A bo a pakiwa go ya kafa moreki a batlang ka teng. Kgabagare malomo ano a tla bo a siametse go isiwa kwa mmarakeng. Go tswa mo polasing eno a isiwa kwa boemafofaneng jwa Nairobi, mme go tswa foo a romelwa kwa Yuropa, e e leng bokgakala jwa dikilometara di le diketekete go tswa kwa Nairobi. E re ka a senyega ka bonako, malomo ano a tshwanetse go fitlha kwa mmarakeng e ka tswa e le mo Kenya kgotsa kwa mafatsheng a mangwe, mo sebakeng sa diura di le 24 fa a sena go kgetliwa.

Nako e e tlang fa o romelelwa ngata ya malomo e le mpho ya gago kgotsa o sena go a reka mo suphamaketeng, kgotsa mo mothong yo o rekisang malomo, ema go le gonnye mme o akanye ka mosepele o moleele o a ka tswang a o tsamaile. Gongwe seno se ka tokafatsa tsela e o anaanelang Mmopi, Jehofa Modimo ka yone.—Pesalema 115:15.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

A go Tla ke Go Nne le Rouse e e Botala Jwa Loapi?

Rouse e tswa golo go se fa. Go tlhabololwa ga yone go bonala go ka se fele gone jaanong. Go dirisiwa mekgwa e mentsi mo kgwebong eno ya dirouse go di godisa le go di lema. Ke malomo a le mmalwa fela a a ka kgonang go nna le mebala e e farologaneng e dirouse di nang le yone. Ke mmala ofe o o go kgatlhang thata? A ke o mosweu, serolwana, pinki, bohibidu jo bo tseneletseng, kgotsa merunu? Bontsi jwa mebala eno e nnile teng ka ntlha ya mekgwa e e farologaneng e e dirisiwang ya go tswakanya malomo le a mangwe.

Ka sekai, a o ne o itse gore le fa batho ba bua ka rouse e “khibidu,” tota e ne e seyo kwa tshimologong mo losikeng lwa dirouse? Losika lono lo ne lo se na dijini tse di dirang sere se se dirang mmala o mohibidu. Mmala o bohibidu jo bo galolang o dirilwe ke go fetoga ga dijini ka 1930, kgabagare seno se ne sa felela ka gore go nne le dirouse tse di bohibidu jo bontle tse re di bonang gompieno. Mo mefuteng yotlhe ya dirouse go sa ntse go na le mmala o le mongwe o o tsereng nako e telele o seyo—o o botala jwa loapi. Jini e e dirang mmala o motala, e leng delphinidin, ga e nne teng ka tlholego fela mo losikeng lwa dirouse. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwagangwaga go dirwa dipatlisiso tse di neng di tshwaraganetswe ke khampani ya kwa Australia le ya kwa Japane, go ile ga dirwa rouse e e “botala jwa loapi” ka 2004, go dirisiwa mokgwa wa go fetola dijini. Mme gone, go sa ntse go tlhokega maiteko a magolo, gore go tle go nne le mmala o botala jwa loapi o o tseneletseng mo dirouseng.

[Setshwantsho]

Ntlo e dijalo di godisiwang le go sirelediwa mo go yone e e dirilweng ka mofuta wa polasitiki ya “polyethylene”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Di siametse go ka kgetliwa