Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Botlhale Jwa Tlhago”

“Botlhale Jwa Tlhago”

“Botlhale Jwa Tlhago”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE

SETLHOGO seno se ne sa buiwa go tswa kwa Aichi, Japane, e leng lefelo le Dipontsho tsa 2005 di neng di tshwaretswe kwa go lone le dinaga di le 121 di neng le tsenetse dipontsho tseo kwa go lone. Baeti ba ne ba rotloediwa go ithuta mo tlhagong le go “dira maiteko a a tseneletseng a go bona ditsela tsa go tokafatsa tlhago le go e dirisa ka tsela e e molemo.” Dipontsho tseno di ne di tshwaretswe kwa Nagoya, toropo e e kwa bogare jwa Japane, mme lefelo le di neng di tshwaretswe mo go lone le ne le na le dikgwa, megobe, le malomo. Selo se se neng se kgatlha thata e ne e le tsela e telele ya maoto e e tsholetsegileng ya boleele jwa dikilometara di le 2,6 e e neng e bidiwa Global Loop. E ne e batla e le bophara jwa dimetara di le 21, mme e ne e dira gore motho o nne le pono e ntle e bile e ne e sa kgoreletse bontle jwa tlhago kwa tlase.

Go Dirisana le Tlhago

Bobogelo jwa Japane bo ne bo ntse jaaka e kete ke khokhune e kgolo bo ageletswe ka matlhaka a bampuse a le 23 000, bo sireleditse batho mo mogoteng wa letsatsi. Letlhaka la bampuse le ne le le boleele jwa dimetara di le 7, mme kago e ne e le bogodimo jwa dimetara di le 19, bophara jwa dimetara di le 90, le boteng jwa dimetara di le 70, mme seno se e dira nngwe ya dikago tse dikgolo go gaisa tse di agilweng ka bampuse mo lefatsheng lotlhe. Bobogelo jono bo ne bo akaretsa thulaganyo ya go leba bidio e e neng e kgona go bontsha ditshwantsho go dikologa bobogelo. Mo gare ga bobogelo jono jwa dimetara di le 12,8 go ne go na le ditshwantsho tse di tsamayang, tse di neng di dira gore baeti ba ikutlwe ba atamalane thata le lefatshe le bontsi jwa ditshedi tsa lone.

Bobogelo jwa Malaysia bo ne bo dirisa dilo tse dintsi tsa kgaso, go bontsha dikgwa tsa teng tsa pula le maje a dikorale. Mo bobogelong jwa Thailand, go ne ga bontshiwa ditshwantsho tsa December 26, 2004, tsa tsunami tse di neng tsa gopotsa babogedi gore “motho ga se molaodi wa dilo tsa tlhago.” Fa bobogelo jwa Afrika Borwa bo bontsha ka kotsi ya go nyelela ga ditshedi dingwe, bo ne ba bontsha setshwantsho sa ngwana wa quagga, e leng seamusi se se tshwanang le pitse ya naga e e kileng ya bo e tshela mo dipoeng tsa borwa jwa Afrika go fitlha e nyelediwa ka go tsomiwa mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

Mo bobogelong jo bo tsidifaditsweng jo bo bapileng le setlhogo se segolo sa Dipontsho, go ne go na le setoto sa mammoth, e leng mofuta o o sa tlholeng o le teng wa ditlou tse dikgolo, se se neng sa epololwa mo mmung o o gatsetseng kwa Siberia, Russia ka 2002. Setoto seno se ne sa bidiwa Yukagir Mammoth, go ya ka leina la lefelo le se epolotsweng mo go lone; mme setoto seno sa mofuta wa ditlou tseno tse di nyeletseng se ne se na le dinaka tse dikgolo tse pedi tse di tshophegileng, le matlho a sone a ne a bulegile go le gonnye. Tlhogo ya sone e ne e sa ntse e apesitswe ke letlalo le maodi. Setoto seno e ne e le selo se se gakgamatsang, mme se ne se lemotsha batho ka diphelelo tse di maswe tsa go nyelediwa ga dilo tsa tlhago.

Isagwe e e Botoka?

Batho ba ka lebana jang le dilo tse di tshosetsang isagwe ya polanete ya rona, tse di jaaka kgotlelego le go gotela ga moya o o mo loaping? Se se ileng sa tlhalosiwa e le “letshwao la Dipontsho tsa 2005,” e ne e le lobota lo logolo lo lo dirilweng ka dimela—lo lo neng lo bidiwa Bio-Lung—lwa boleele jwa dimetara tse 150 le bogodimo jwa dimetara di le 15. Lo ne lo dirilwe ka dimela di le 200 000 tsa mefuta e le 200, go akaretsa le malomo. Go ne ga akantshiwa gore lobota lono lwa dimela, tse di kgonang go nna di fetolwa go ya ka dipaka tsa ngwaga, lo ka dirisiwa jaaka serwe sa go hema le jaaka selo se se phepafatsang moya mo loaping, se se monyang khabonetaeokosaete mme se ntshetsa okosejene kwa ntle.

Mo dipontshong tseno gape go ne go na le dibese tse di tsamaisiwang ka motlakase. Fa dibese tseno di ntse di tsamaisa batho, go ne go tswa metsi fela mo sentshamosing sa tsone. Selo se sengwe se se neng sa itumedisa barati ba tekenoloji ke terena ya ntlha ya Japane ya kgwebo e e tsamaisiwang ke dimakenete tsa motlakase go tswa fa fatshe, e e bidiwang Linimo. Linimo e ne e kgona go tsamaya e sa dire modumo e bile e relela mo e ka nnang ka dimilimetara di le 8 mo godimo ga seporo e dirisa dimakenete tse di maatla. Gape go ne go na le terempe e e tsamaisiwang ke dibeteri, le dibaesekele tse di kgonang go rwala batho, le dikoloi tse di bopegileng jaaka dibese diterena tse di kgweediwang kgotsa tse di kgonang go itsamaisa di sa kgweediwe. Fa di ntse di taboga di le pedi kgotsa di le tharo, dipalangwa tseno tsa nako e e tlang di ne di dirisa gase ya tlholego, e e leng phepa go gaisa leokwane le le tlwaelegileng.

Akanya o kgona go fetola matlakala, a a jaaka a dijo, o a fetola go nna motlakase le motshotelo. Bodirelo jwa motlakase mo lefelong leno bo ne jwa fetola gase ya methane go fetlha motlakase. Go na le gore bo fise matlakala, bodirelo jono bo ne bo bedisa matlakala ano le go a fetolela go nna gase ya methane, e haeterojene e tswang mo go yone. Di-fuel cell, tse di dirisang go fetoga ga dikhemikale go dira motlakase, di ne di kopanya haeterojene le okosejene go fetlha motlakase. Se se tswang moo e ne e le metsi le motshotelo. Tota e bile, bodirelo jono bo ne bo dirisa matlakala otlhe a a tswang mo Dipontshong go fetlha motlakase, mme motlakase oo o ne o dirisiwa mo mafelong a a farologaneng a bobogelo .

Go ntse go dirwa dipatlisiso tse dikgolo go bona gore a go ka se dirwe diroboto tsa metšhini e e motlhofo, tse di ka kgonang go thusa batho. Fa ba bontsha kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsa tekenoloji, diroboto di le supa di ne tsa tsamaya mo bogareng jwa bobogelo mme di ne tsa kgatlha boidiidi jo bo neng bo bogetse ka go ba tshamekela mmino. Tse dingwe di ne di tshameka diletswa tse di futswelwang, “menwana” ya tsone e ntse e tshameka dikonopo tsa diletswa ka matsetseleko, fa tse dingwe tsone di ne di tshameka meropa. Mongwe wa babogedi o ne a re: “Metsamao ya tsone e ne e kgatlha tota e bile e le bonako mo e leng gore o ne o ka akanya gore ke batho ba mmatota ba tshamekang diletswa tseno.”

Ditlhamo dingwe tse pedi tsa tekenoloji ya maemo a a kwa godimo tse di neng di le gone e ne e le dipolasetiki tse di kgonang go bola tse di dirilweng ka setashe sa korong le dilo tse dingwe le di-nanobubble—dipudula tse dinnye tsa gase tse di bogolo jwa 200 nanometers mo bogareng. Moriri wa motho o bogolo jwa mo e ka nnang di-nanometer di le 50 000 mo bogareng jwa one. Dipudula tseno tse di nnye gantsi ga di a tlhomama mme di nyelela ka bonako. Le fa go ntse jalo, babatlisisi kwa Japane, ba tlhamile tekenoloji e e dirang dipudula tse di tlhomameng tsa okosejene, tse di kgontshang “ditlhapi le di-shellfish go tshela mo tikologong e e fetofetogang.” Tota e bile, akwariamo e e tletseng ka dipudula tse dinnye thata tsa okosejene e ne ya kgona go tshola mefuta e e rileng ya ditlhapi tse di tshelang mo metsing a a se nang letswai le a a letswai! Babatlisisi ba solofela go dirisa mokgwa ono o mosha wa tekenoloji mo kgwebong ya ditlhapi, mo temothuong, le mo dilong tse dingwe.

A Lefatshe Le Sekega Tsebe?

Le fa Dipontsho tseno di ne di gatelela botlhokwa jwa go sekegela “botlhale jwa tlhago” tsebe, gantsi lefatshe ga le reetse. Mantswe a go ikgatolosa, a bopelotshetlha, le a boferefere a gateletse mantswe a batho ba ba anaanelang botlhale jwa tlhago. Ka jalo, seno se bakile gore lefatshe e nne “Polanete e e Gobaditsweng,” jaaka go bontshitsweng mo go nngwe ya dipontsho. Mme tota le batho ba ba nang le maikaelelo a mantle ga ba na dikarabo tse di tlhomameng tsa go bo batho ba aparetswe ke mathata le lefatshe le le mo matshwenyegong. Go ya ka Baebele, kitso le botlhale jwa batho ga di kgone go ntsha dikarabo tsa mathata ano. (Jeremia 10:23) Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore maemo ga a na a siama. Ke eng fa re rialo?

Baebele e re bolelela gore Motswedi o mogolo wa botlhale—Mmopi wa rona—o tla tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa lefatshe pele batho ba senya tiro ya diatla tsa gagwe. (Tshenolo 4:11; 11:18) Pesalema 37:10, 11 ya re: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Ke boammaaruri, gore re tla bo re le botlhale fa re sekegela tlhago tsebe, mme gone re tla bo re le botlhale le e leng go feta fa re reetsa Mmopi ka go bala le go dirisa Lefoko la gagwe, e leng Baebele e e Boitshepo mo matshelong a rona. (2 Timotheo 3:16) Botlhe ba ba dirang jalo ba tla bona polanete ya rona e e aparetsweng ke mathata e fodisiwa gotlhelele le go fetolwa go nna paradaise.—Luke 23:43.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dipontsho tsa Nanobubble

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dibese tse di sa kgweediweng

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Thulaganyo ya bidio e e bontshang ditshwantsho go dikologa

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Bio-Lung e e dirilweng ka dijalo di le 200 000 tsa mefuta e le 200

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Diroboto di itumedisa batho ka mmino