Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sei—“Letsela le Lentle go a Gaisa Otlhe”

Sei—“Letsela le Lentle go a Gaisa Otlhe”

Sei—“Letsela le Lentle go a Gaisa Otlhe”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE

DINGWE tsa diaparo tse dintle go gaisa mo lefatsheng lotlhe—go simolola ka kimono ya Japane, sari ya India le hanbok ya Korea—di na le sengwe se di tshwanang ka sone. Gantsi di dirwa ka sei, e leng letsela le le phatsimang le le tsewang le le lentle go a gaisa otlhe. Batho mo lefatsheng lotlhe ba ile ba kgatlhiwa thata ke bontle jwa sei, go simolola ka batho ba segosi mo nakong e e fetileng go tla go fitlha mo bathong ba ba tlwaelegileng fela ba gompieno. Mme ga se gore letsela leno le simolotse le le gone gongwe le gongwe.

Mo metlheng ya bogologolo sei e ne e dirwa fela kwa China. Ga go na ope o sele yo o neng a itse go e dira, mme motho ope fela wa kwa China yo o neng a ka upulola sephiri sa gore sei e dirwa jang o ne a ka nna a tsewa e le moeki mme a bolawa. Ga go gakgamatse go bo sei e ile ya tura thata ka ntlha ya go bo e ne e dirwa fela kwa China. Ka sekai, mo Mmusomogolong otlhe wa Roma, sei e ne e le tlhwatlhwakgolo.

Fa nako e ntse e ya, Peresia e ne ya simolola go laola sei yotlhe e e tswang mo China. Le fa go ntse jalo, tlhwatlhwa ya teng e ne e sa ntse e le kwa godimo mme maiteko a a neng a dirwa go tila bagwebi ba Peresia a ne a itaya sefololetse. Go tswa foo, Mmusimogolo Justinian wa Byzantine o ne a loga leano. Mo e ka nnang ka 550 C.E., o ne a romela baitlami ba babedi kwa China ba le mo letsholong la sephiri. Ba ne ba boa dingwaga di le pedi moragonyana. Mo teng ga lotlhaka lwa bone lwa bampuse ba ne ba fitlhile dilo tsa botlhokwa tse di sa bolong go letelwa—mae a seboko se se dirang sei. Sephiri se ne se dule. Kgang ya gore sei e fitlhelwe fela kwa China e ne ya fela.

Kafa Sei e Dirwang ka Teng

Sei e dirwa ke diboko kgotsa dibokwana tsa sei. Go na le mefuta e le makgolokgolo ya diboko tse di dirang sei mme leina la saense la mofuta mongwe o o kgonang go dira sei ya boleng jo bo kwa godimo thata ke Bombyx mori. Go tlhokega diboko tseno di le dintsi tota gore go dirwe matsela a sei, mme seno ke sone se se ileng sa dira gore batho ba simolole go rua diboko tsa sei. Lelapa la ga Shoichi Kawaharada, le le nnang kwa Kgaolong ya Gunma, kwa Japane, ke lengwe la malapa a ka nna 2 000 mo nageng eno a a sa ntseng a dira tiro eno e e tlhokang gore go berekwe ka natla mo go yone. Ntlo ya gagwe ya matlhatlaganyane a mabedi, e e agetsweng gone go rua diboko tsa sei, e agilwe fa thoko ga thotana e e bolebana le sekgwa sa ditlhare tsa mmurubele (1).

Seboko sa sei se se namagadi se beela mae a a fitlhang go 500, mme lengwe le lengwe la one le bogolo jwa tlhogwana ya nnale (2). Morago ga malatsi a ka nna 20, mae ano a a thuthuga. Diboko tse dinnyennye di ja bobe. Di ja matlhare a mmurubele bosigo le motshegare—mme di ja one fela (3, 4). Mo malatsing a le 18 fela, diboko di tla bo di godile ka makgetlo a le 70 go feta ka nako ya fa di ne di sa tswa go thuthuga mme di tla bo di apotse letlalo la tsone ganè.

Mo polaseng ya ga Rre Kawaharada, go ruilwe diboko tsa sei di ka nna 120 000. Modumo o o utlwalang fa di ja, o tshwana le wa marothodi a pula e kgolo fa a wela mo matlhareng a ditlhare. Fa seboko sa sei se setse se godile, bokete jwa sone bo tla bo bo oketsegile ka makgetlo a le 10 000! Jaanong se setse se siametse go ka ithathelela ka sei, se dira sekgapha se se bidiwang khokhune.

Diboko di Dira Sei ka Tidimalo

Fa diboko di setse di godile ka botlalo, mebele ya tsone e simolola go phatsima, mme seo se bontsha gore ke nako ya gore di simolole go ithathelela. Fa di simolola go tsamayatsamaya di batlana le lefelo le di ka simololang go thathelela sei go dira khokhune, e a bo e le nako ya gore di tsenngwe mo dibokoseng tse di nang le diphatlhaphatlha tse di khutlonnè. Fa di le moo, di ntsha tlhale ya tsone e e boleta e tshweu (5), di iphuthela ka sekgapha sa sei.

Eno ke yone nako e Rre Kawaharada a berekang ka natla ka yone, ka gonne diboko tseno tsotlhe di le 120 000 di simolola go dira sei mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela. Mabokose a le mantsi a a tlhomaganeng a kgwageditswe mo ntlwaneng e e kwa godimo e e tlhajwang ke pheswana mo letlhatlaganyaneng la bobedi la ntlo (6).

Fa go ntse go le jalo, go direga phetogo e e gakgamatsang mo teng ga seboko sa sei. Matlhare a mmurubele a a sitsweng mo teng ga sone a ile a itira fibroin, e leng mofuta wa poroteine e e bolokiwang mo teng ga dikgeleswa tse boleele jwa tsone bo lekanang le jwa seboko seno. Fa fibroin e ntse e tswa ka dikgeleswa tseno, e tshasiwa ka seedi se e keteng ke borokhu se se bidiwang sericin. Pele ga e tswa ka dikgeleswa tseno tse di bulegelang kwa molomong wa seboko seno, ditlhale tse pedi tsa fibroin di lomaganngwa ka sericin. Fa ditlhale tseno tse pedi tse di lomagantsweng di tswa di a bo di sa ntse di le metsi, mme fa di kopana le phefo di a omelela di bo di kopana go nna tlhale e le nngwe fela.

Fa seboko se setse se simolotse go dira sei, ga se emise. Seboko seno se kgona go dira sei ka lobelo lwa disentimetara tse di fa gare ga di le 30 go ya go 40 ka motsotso, mme ka nako eno yotlhe se a bo se ntse se kgatikanya tlhogo ya sone. Buka nngwe e fopholetsa gore ka nako ya fa go dirwa ga khokhune go ya bokhutlong, seboko se tla bo se kgatikantse tlhogo ya sone ka makgetlo a le 150 000. Fa se sena go dira sei ka malatsi a le mabedi le masigo a one, seboko se tla bo se dirile tlhale e le nngwe ya boleele jwa mo e ka nnang dimetara di le 1 500. Jono e ka nna boleele jwa kago e e goletseng kwa godimo thata bo menagane ganè!

Mo bekeng e le nngwe fela, Rre Kawaharada o tla bo a kgobokantse dikhokhune tseno di le 120 000, tse di tla bong di isiwa kwa madirelong. Go tlhokega dikhokhune di le 9 000 go dira kimono e le nngwe, di le 140 go dira thae le di le 100 go dira sekhafo sa sei.

Kafa Letsela la Sei le Dirwang ka Teng

Sa ntlha, sei e tshwanetse ya thathololwa mo khokhuneng e bo e thathelelwa mo toloking. Go tlile jang gore mokgwa ono o simologe? Go na le ditlhamane di le dintsi tsa tshimologo ya mokgwa ono. Nngwe ya tsone e bolela gore Mmusimogolo Hsi Ling-Shi wa mosadi wa kwa China o ne a bona khokhune e wa mo setlhareng sa mmurubele e bo e wela mo teng ga tee ya gagwe. Fa a leka go e inola mo teeng, o ne a bona e tswa e na le tlhale e e ka kgaogang motlhofo ya sei. Ka gone, seno e ne ya nna tshimologo ya mokgwa ono wa go thathelela sei mo toloking, o gompieno o dirwang ka metšhine.

E le gore dikhokhune di kgone go nna le boleng kwa marekisetsong, dibokwana tse di mo teng ga tsone di tshwanetse tsa bolawa pele ga di ka thuthuga. Go dirisiwa metsi a a molelo go dira tiro eno e e setlhogo. Dikhokhune tse di sa siamang di a ntshiwa, mme tse di salang ke tsone tse di siametseng go ya kwa madirelong. Sa ntlha, dikhokhune tseno di tsenngwa mo metsing a a molelo go di repisa. Morago ga moo, ntlha ya tlhale e tshwarwa ka maratšhe a a dikologang (7). Go ikaegile ka gore go batliwa bokima jo bo kana kang, go ka nna ga kopanngwa ditlhale tsa dikhokhune di le pedi kgotsa go feta go dira tlhale e le nngwe. Ditlhale tseno di a omisiwa fa di ntse di thathelelwa mo toloking. Sei eno e e iseng e twe sepe e tla bo e thathololwa gape e bo e thathelelwa mo ditoloking tse dikgolo, gore ditlhale tsa teng e nne tsa boleele le boima jo bo batlegang (8, 9).

O ka tswa o ile wa utlwa boleta jwa letsela la sei, mo e leng gore o ne o batla go iphorogotlha ka lone mo marameng. Ke eng se se dirang gore e nne le boleta jono jo bo sa tshwaneng le jwa matsela a mangwe? Lengwe la mabaka ke go tlosiwa ga borokhu, kgotsa sericin e e apesitseng ditlhale tsa sei. Sei e e sa ntshiwang sericin e nna magwata mme go thata go e fetola mmala. Fa o tshwara letsela la chiffon o tla utlwa le le magwatanyana, ka gonne go na le sericin e e setseng mo go lone.

Lebaka le lengwe le amana le gore tlhale eno e tshophilwe go le kana kang. Letsela la Japane la habutai le boleta e bile le borethe fa o le tshwara. Ga le a tshophiwa thata kgotsa ga le a tshopiwa gotlhelele. Go farologana le lone, letsela la crepe lone le utlwala e kete le matsutsuba fa o le tshwara. Lone le tshophilwe thata.

Go fetola letsela la sei mmala ke tiro e nngwe ya botlhokwa. Go motlhofo go fetola mmala wa sei. Tsela e ditlhale tsa yone di dirilweng ka yone e letla gore mebala e e dirisiwang e nwelelele kwa teng ga lone, e leng se se dirang gore mmala wa teng o se ka wa tloga. Mo godimo ga moo, go farologana le matsela a a itiretsweng fela ke motho, sei yone e na le diatomo tsa motlakase, se se rayang gore e ka kgona go fetolelwa mo mmaleng mongwe le mongwe e bo e nna sentle fela. Sei e ka nna ya fetolwa mmala fa e sa ntse e le ditlhale e ise e logiwe ka motšhine (10) kgotsa e setse e logilwe go nna letsela. Fa e fetolwa mmala ka mokgwa o o itsegeng wa go fetola mmala wa di-kimono o o bodiwang yuzen, go takiwa pele mesego e mentle mme letsela la teng la sei le bo le fetolwa mmala ka seatla fa le setse le logilwe.

Le fa gone bontsi jwa sei bo setse bo dirwa kwa dinageng tse di jaaka China le India, batlhami ba feshene ba Fora le ba kwa Italy ba sa ntse ba di goga kwa pele mo go direng diaparo tsa sei. Ke boammaaruri gore gompieno, matsela a maitirelo a a jaaka rayon le nylon a tlamela mebaraka ya diaparo ka matsela a le mantsi a a sa tureng. Le fa go ntse jalo, sei e sa ntse e di goga kwa pele. Motlhokomedi mongwe wa Silk Museum kwa Yokohama, kwa Japane a re: “Tota le mo motlheng ono o saense e gatetseng pele thata mo go one, sei ga e ka ke ya itirelwa. Re itse sengwe le sengwe ka yone, go tloga ka dimolekhule tsa yone go fitlha ka tsela e e bopegileng ka yone. Mme re ka se kgone go e itirela. Seno ke se ke se bitsang masaitseweng a sei.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

MELEMO YA Sei

E thata: Tlhale ya sei e thata fela jaaka tlhale ya tshipi e e lekanang le yone.

E a phatsima: Sei e phatsima fela jaaka diperela. Go phatsima gono go bakwa ke fibroin e e menaganeng gantsintsi e e kgonang go phatlalatsa lesedi.

Ga e babele letlalo: Di-amino acid tse sei e dirilweng ka tsone ga di babele letlalo. Go bolelwa gore sei e kgona go thibela malwetse a a farologaneng a letlalo. Ditlolo dingwe tsa go intlafatsa di dirilwe ka lerojana la sei.

E kgona go monya bongola: Di-amino acid le diphatlha tse dinnye tse di fitlhelwang mo ditlhaleng tsa sei di kgona go monya di bo di ntsha selekanyo se se rileng sa mofufutso, mme seno se dira gore o ikutlwe o omile e bile o phuthologile fa go le mogote.

E kgona go emelana le molelo: Sei ga e she motlhofo fela e bile ga e ntshe gase e e botlhole fa go ka direga gore e she.

E a sireletsa: Sei e monya marang a ultraviolet mme ka go dira jalo e sireletsa letlalo.

Ga go direge thata gore e bake ditlhase tsa motlakase fa e gotlhana: E re ka sei e na le diatomo tsa motlakase e bile e monya bongola, ga e nne le ditlhase tsa motlakase ka bonako fa e gotlhana, jaaka matsela a mangwe a dira.

GO TLHOKOMELA DIAPARO TSA Sei

Fa o di tlhatswa: Gantsi go botoka gore o ise diaparo tsa gago tsa sei kwa dry-clean. Fa e le gore o di tlhatswa mo gae, dirisa sesepa se se seng bogale le metsi a a bothitho (a didikirii tsa celcius di ka nna 30). Di tlhatswe ka bonolo, mme o se ka wa di suga thata kgotsa wa di gamola. Di anege gore di ome.

Fa o di aena: Baya letsela mo godimo ga diaparo tsa sei fa o di aena. Tsamaisetsa aene go ela ntlheng e ditlhale di yang kwa go yone mme aene ya gago e nne mogote wa didikirii tsa celcius di ka nna 130. Dirisa selekanyo se sennye fela sa mowa o o bothitho o o ntshiwang ke aene, kgotsa o se ka wa o dirisa gotlhelele.

Fa o di ntsha dipatso: Fa go tlhokega gore o ntshe patso ka bonako, tsaya seaparo sa sei o bo o se baya mo godimo ga letsela le le omileng o se lebisitse kwa tlase. Tsaya letsela le le bongola mme o bo o itayaitaya patso eno ka lone o e tlhaga kafa morago, mme o se ka wa leka go e suga. Morago ga moo isa seaparo seno kwa dry-clean.

Fa o di bayang gone: Se beye diaparo tsa sei mo lefelong le le bongola, di sireletse gore di se ka tsa jewa ke motoutwane e bile o se ka wa di tlogela mo leseding. Dirisa dikgoge tsa diaparo tse di apesitsweng sepontšhe fa o di kgwagetsa, kgotsa o di pake mo lefelong le le sephara mme o se ka wa di menaganya thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dikhokhune tsa sei

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Photos 7-9: Matsuida Machi, Annaka City, Gunma Prefecture, Japan; 10 and close-up pattern: Kiryu City, Gunma Prefecture, Japan