Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa go Tsaya Dinepe go Simologileng ka Teng

Kafa go Tsaya Dinepe go Simologileng ka Teng

Kafa go Tsaya Dinepe go Simologileng ka Teng

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SWEDEN

Go na le tlhamane nngwe e e bolelang gore baeng ba moitsefisikisi wa montadiana e bong Giambattista Della Porta (1535?-1615) ba ne ba tshoga. Mo loboteng lo lo fa pele ga bone ba ne ba bona ditshwantsho tse dinnye tse di thulameng tsa batho ba ntse ba tsamayatsamaya. E re ka ba ne ba tshogile thata, ba ne ba betsega ba tswa mo phaposing e ba neng ba le mo go yone. Della Porta o ne a pegwa molato wa gore ke moloi!

MAITEKO a a neng a a dira go itumedisa baeng ba gagwe ka go ba bontsha ditshwantsho tsa khamera a ne a felela jalo. Tsela e khamera e berekang ka yone e motlhofo, mme matswela a teng ke a a gakgamatsang. E bereka jang?

Fa lesedi le tsena mo teng ga lebokoso le le lefifi kgotsa ka lesoba le lennye mo phaposing e e lefifi, setshwantsho se se thulameng sa dilo tse di diregang kwantle se bonala mo loboteng lo lo ka kwa lo lo lebaganeng le lesoba leno. Tota se baeng ba ga Della Porta ba neng ba se bona e ne e le batshameki ba terama ba ba neng ba e tshameka ba le kwa ntle ga phaposi ya baeng bano. Khamera eno ya ntlha ke yone tshimologo ya khamera ya segompieno. Gompieno o ka nna wa bo o le mongwe wa batho ba le dimilionemilione ba ba nang le khamera kgotsa ba ba kileng ba dirisa khamera e e tlwaelegileng e e sa tureng e o e dirisang ka nakwana fela o bo o e latlha.

Khamera eno ga se gore e ne e le selo se sesha mo motlheng wa ga Della Porta. Aristotle (384-322 B.C.E.) o ile a lemoga tsela e khamera e dirang ka yone e e neng e tla dirisiwa moragonyana. Mokanoki wa lekgolo la bo10 la dingwaga wa Moarabia e bong Alhazen o ne a tlhalosa tsela eno ka botlalo, mme motaki wa lekgolo la bo15 la dingwaga e bong Leonardo da Vinci o ne a kwala ka yone mo dibukeng tsa gagwe. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga fa di-lens di ne di simolola go dirisiwa, go ne ga tokafadiwa tsela e khamera e tsayang dinepe sentle ka yone, mme bataki ba le bantsi ba ne ba dirisa lens gore ba lekanye ditshwantsho tsa bone sentle le go dira gore setshwantsho se lekalekane. Le fa gone go ile ga dirwa maiteko a le mantsi, go dira gore dinepe tse di tsewang ka khamera e nne tse di nnelang ruri go ne ga pala go fitlha mo lekgolong la bo19 la dingwaga.

Motho wa Ntlhantlha mo Lefatsheng go Tsaya Dinepe

Go bonala moitsefisikisi wa Mofora e bong Joseph-Nicéphore Niepce a ile a simolola letsholo la go dira khamera e e tla tsayang dinepe tse di nnelang ruri ka ngwaga wa 1816. O ile a simolola go atlega la ntlha fa a ne a lekeletsa mokgwa wa go gatisa wa lithography mme a bo a ribolola seedi sengwe se se amiwang ke lesedi se se bidiwang bitumena ya Judaea. Nako nngwe mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1820, o ne a manega bitumena mo senkeng e tshesane e e mo teng ga khamera e e neng e lebagane le fensetere ya lefelo le a neng a nna mo go lone mme a e tlogela mo leseding diura di le robedi. Ga go na le fa e le motho ope gompieno tota le yo o sa ntseng a ithuta go tsaya dinepe yo o ka nnang motlotlo ka dinepe tse di sa bonaleng sentle tsa dikago, ditlhare le bobolokelo tse di neng tsa tsewa ka khamera eo, mme Niepce ene o ne a na le lebaka la go nna motlotlo. Senepe sa gagwe go ka direga gore e ne e le sone senepe sa ntlhantlha se se nnetseng ruri se se kileng sa tsewa!

Gore a godise mokgwa ono wa gagwe wa go tsaya dinepe, ka 1829, Niepce o ne a ikopanya le moitse wa kgwebo yo o setswerere e bong Louis Daguerre. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga loso lwa ga Niepce ka 1833, Daguerre o ne a dira kgatelopele nngwe ya botlhokwa. O ne a tshasa silver iodine mo dipoleiting tsa kgotlho. Go ne go bonala yone e amiwa ke lesedi go gaisa bitumena. Go ne ga itiragalela fela gore a lemoge gore fa a tsaya poleiti eno e e mo teng ga khamera a bo a e tshasa metale wa mercury, go ne go tlhagelela senepe se se sa bonaleng sentle. Seno se ne sa fokotsa thata lobaka lwa nako e e tlhokegang ya go baya khamera mo leseding. Fa moragonyana Daguerre a lemoga gore go tlhatswa poleiti eno e e tsenang mo teng ga khamera ka metsi a a letswai go dira gore senepe se se ka sa ntshofala fa nako e ntse e ya, jaanong go tsaya dinepe e ne e tlile go nna selo se se ratiwang thata ke batho mo lefatsheng.

Go Tsaya Dinepe Go ne Ga Simolola mo Lefatsheng

Fa khamera ya ga Daguerre e e neng e bidiwa daguerreotype e ne e simolola go rekisiwa ka 1839, batho ba ne ba e rata fela thata. Mokanoki e bong Helmut Gernsheim o kwadile jaana mo bukeng ya gagwe ya The History of Photography: “Gongwe ga go selo sepe se sengwe se se dirilweng se se ileng sa gapa kgatlhego ya batho botlhe ka selekanyo se se kalo le se se neng sa ratiwa thata mo lefatsheng ka bonako jo bogolo thata jaana jaaka daguerreotype.” Monna mongwe yo o iponetseng seno ka matlho o ne a kwala jaana: “Morago ga lobaka lwa ura fela, mabenkele otlhe a a rekisang dilo tsa matlho a ne a tletse, mme a ne a sa kgone go kgotsofatsa batho botlhe ba ba neng ba batla go tsaya dinepe ka daguerreotype; malatsi a le mmalwa moragonyana mo mafelong otlhe a a bulegileng kwa Paris, o ne o bona dibokoso tse dintsho tsa maoto a mararo di beilwe fa pele ga dikereke kgotsa matlo a segosi. Baitsesaense, baitse ba dikhemikale le barutegi ba motsemoshate botlhe fela ba ne ba phatsimisa disenke tsa mmala o o selefera tse di tsenang mo teng ga khamera, mme le beng ba mabenkele a dijo ba ba emeng sentle le bone ba ne ba sa batle go itima tshono ya gore le bone ba dirise madi a bone go reka khamera ya go tsaya dinepe.” Makwalodikgang a Paris ka bonako fela a ne a bitsa feshene eno e e tseneng ya go reka dikhamera a re ke daguerrétypomanie.

Boleng jo bo kwa godimo jwa daguerreotype bo ne jwa dira gore moitsesaense wa Moboritane e bong John Herschel a kwale jaana: “E tla bo e se go feteletsa dilo fa o ka di bitsa gore ke kgakgamatso.” Batho bangwe ba ile ba bo ba bolela gore khamera eno e bereka ka maatla mangwe a maselamose.

Mme gone ga se mongwe le mongwe yo o neng a itumelela khamera eno e ntšha. Ka 1856 kgosi ya Naples e ne ya fedisa go tsewa ga dinepe, gongwe e le ka gonne go ne go akanngwa gore di amana le “bomadimabe.” Fa motaki wa Mofora e bong Paul Delaroche a bona daguerreotype, o ne a kua jaana: “Go tloga gompieno, go taka ditshwantsho go fedisitswe!” Go dirwa ga daguerreotype gape go ne ga tshwenya bataki ba ditshwantsho fela thata ka gonne ba ne ba dumela gore go tsaya dinepe go tlile go ba senyetsa tiro e ba itshedisang ka yone. Mmegadikgang mongwe o ne a tlhalosa se batho ba se boifang jaana: “E re ka go tsaya dinepe go tlhagisa dilo fela jaaka di ntse, seno se ka nna sa dira gore batho ba se ka ba tlhaloganya se se bolelwang ke bontle.” Mo godimo ga moo, dinepe tsa khamera di ile tsa tshwaiwa phoso ka ntlha ya go bo di lebega e le selo sa mmatota mo e leng gore di ne tsa fedisa tsela e bontle le bosha di lejwang ka yone.

Daguerre fa a Bapisiwa le Talbot

William Henry Fox Talbot, mankge wa fisikisi wa Moesemane, o ne a dumela gore ke ene a simolotseng go tsewa ga dinepe mme ka gone o ne a akabadiwa ke go utlwa go itsisiwe ka se Daguerre a se dirileng. Talbot o ne a ntse a tsenya dipampiri tse di tshasitsweng silver-chloride mo teng ga khamera. Dineketifi tsa teng o ne a di tshasa mafura a a dirang gore di kgone go bonaletsa, a bo a di baya mo godimo ga pampiri e nngwe gape e e tshasitsweng silver-chloride mme morago ga moo a bo a e baya mo letsatsing mme seno sa tlhagisa senepe.

Le fa gone kwa tshimologong boleng jwa tsone bo ne bo sa ratiwe e bile e le jwa maemo a a kwa tlase, mokgwa o Talbot a neng a o dirisa o ne wa itshupa e tla nna wa khamera e e botoka. O ne wa dira gore a kgone go dira dikhopi di le dintsi ka neketifi e le nngwe fela, mme dikhopi tsa pampiri di ne di ja madi a mannye e bile go le motlhofo go bereka ka tsone go na le di-daguerretype tse di neng di senyega motlhofo fela. Mokgwa wa segompieno wa go tsaya dinepe o sa ntse o latela ole wa ga Talbot, fa daguerreotype yone, le fa gone e ile ya ratiwa thata kwa tshimologong, e ile ya se ka ya tswelela pele.

Le fa go ntse jalo, Niepce, Daguerre le Talbot e ne e se bone fela ba batlang go itsege e le basimolodi ba go tsewa ga dinepe. Morago ga gore go itsisiwe ka Daguerre ka 1839, mo e ka nnang banna ba le 24—go tswa kwa Norway kwa bokone go ya kwa Brazil kwa borwa—ba ile ba bolela fa e le bone ba simolotseng go tsewa ga dinepe.

Diphetogo Tse Dikgolo Tse di Lerilweng ke go Tsaya Dinepe

Motho mongwe yo o neng a tlisa diphetogo mo setšhabeng, Jacob August Riis, go tloga fela kwa tshimologong o ne a dumela gore go tsaya dinepe ke tshono e e molemolemo ya go fedisa khumanego le pogo mo bathong. Ka 1880, o ne a simolola go tsaya dinepe tsa mekhukhu ya kwa New York City fa go le bosigo ka go dirisa poere ya magnesium e e shang mo paneng e e gadikang dijo go nna flashlight ya gagwe—e leng mokgwa o o neng o le kotsi thata. Ntlo e a neng a berekela mo go yone e ne ya sha ka makgetlo a le mabedi, mme nako nngwe diaparo tsa gagwe di ne tsa tshwara molelo. Go bolelwa fa dinepe tsa gagwe e ile ya nna tsone tse di dirileng gore Poresidente Theodore Roosevelt a dire diphetogo di le mmalwa mo setšhabeng fa a sena go nna poresidente. Dinepe tse dintsi tse bontle jwa tsone bo nang le tlhotlheletso e e maatla tse di neng tsa tsewa ke William Henry Jackson le tsone di ne tsa rotloetsa Kongerese ya kwa United States ka 1872 gore e dire gore paraka ya Yellowstone e nne yone paraka ya ntlha ya setšhaba mo lefatsheng lotlhe.

Mongwe le Mongwe o Kgona go Tsaya Dinepe

Go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1880, batho ba le bantsi ba ba neng ba ka kgona go tsaya dinepe ba ne ba sa ntse ba thibetswe go dira jalo ka ntlha ya go tura le go raraana ga mokgwa wa go tsaya dinepe. Mme ka 1888, fa George Eastman a sena go dira Kodak, e leng khamera ya lebokoso e o kgonang go tsamaya o e tshotse e bile go le motlhofo go e dirisa e e nang le filimi, o ne a dira gore batho botlhe ba kgone go tsaya dinepe.

Fa o sena go tsaya dinepe ka filimi, o ne o romela khamera eno kwa bodirelong. Fa khamera e fitlha koo, dinepe di ne di tlhatswiwa go bo go tsenngwa filimi e nngwe e bo e busediwa kwa go mong wa yone, mmogo le dinepe tse di tlhatswitsweng—mme tiro eno yotlhe e ne e sa je madi a mantsi. Moano o o neng o dirisiwa go phasalatsa khamera o o reng, “Tsaya senepe fela, mme rona re tla feleletsa mo go setseng,” o ne o sa feteletse dilo.

Jaanong go tsaya dinepe ga batho ba le bantsi go ne go simologile, mme dinepe tse di fetang dimilione di le diketekete tse di tsewang ngwaga le ngwaga gompieno di bontsha gore batho ba ba ntseng ba oketsegela pele ba rata go tsaya dinepe. Gone jaanong selo se se dirang gore di ratiwe le go feta ke gore go setse go na le dikhamera tsa digital tse di kgonang go tlhagisa dinepe tse di bonalang sentle thata. Di dirisa sediriswa se sennye sa khomputara se se kgonang go tshwara dinepe di le makgolokgolo. Dinepe tsa boleng jo bo kwa godimo tse di gatisiwang mo pampiring di ka kgona go gatisiwa go dirisiwa khomputara ya mo gae kgotsa motšhini o o porintang. Ee ruri, go tsaya dinepe go gatetse pele fela thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Senepe se sentle se se tshotsweng ka “daguerreotype” sa Paris mo e ka nnang ka 1845

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Senepe se se tlhatswitsweng gape se e ka tswang e le sone senepe sa ntlhantlha go tsewa, mo e ka nnang ka 1826

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Setshwantsho se se takilweng sa khamera ya kgale, e e neng e dirisiwa ke bataki ba le bantsi

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Niepce

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Senepe se se tserweng ka 1844 ka “daguerreotype” sa ga Louis Daguerre, le khamera ya gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Lefelo la go tseela dinepe la ga William Talbot, mo e ka nnang ka 1845, le khamera ya gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Senepe se se tserweng ka 1890 sa ga George Eastman a tshwere khamera ya Kodak No. 2, le khamera ya gagwe ya No. 1 e e nang le fa filimi e tsenngwang gone

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Setshwantsho sa karolo ya naga e e neng ya dirwa Yellowstone National Park, se se neng sa tsewa ke W. H. Jackson, 1871

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dikhamera tsa segompieno tsa “digital” di kgona go boloka dinepe tse di tlhagelelang bontle thata

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Panoramic of Paris: Photo by Bernard Hoffman/Time Life Pictures/Getty Images; Niepce’s photograph: Photo by Joseph Niepce/Getty Images; camera obscura: Culver Pictures

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Tsebe 23: Talbot’s studio: Photo by William Henry Fox Talbot & Nicholaas Henneman/Getty Images; Talbot’s camera: Photo by Spencer Arnold/Getty Images; Kodak photo, Kodak camera, and Daguerre camera: Courtesy George Eastman House; Yellowstone: Library of Congress, Prints & Photographs Division, LC-USZ62-52 482