Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bana ba Amiwa ke Borukhutlhi

Bana ba Amiwa ke Borukhutlhi

O ba bona ka lotlatlana mo mebileng ya bokone jwa Uganda, diketekete tsa bone di sa rwala ditlhako. Ba tswa mo metseng ya ga bone pele go fifala ba bo ba kopa batho ba ba fetang ka dikoloi gore ba ba pege go ya kwa ditoropong tse dikgolo, tse di jaaka Gulu, Kitgum le Lira. Fa ba fitlha koo, ba a phatlalala, bangwe ba ya kwa dikagong dingwe, ba bangwe kwa diteisheneng tsa dibese, fa ba bangwe bone ba ya kwa malwapeng a batho bangwe. Fa letsatsi le tlhaba, o ba bona gape mo mebileng ba boela gae. Ke ka ntlha yang fa ba tshela jaana?

BATHO bangwe ba re ke ba ba berekang bosigo. Mme basha bano, ba a bo ba sa ye tirong fa ba tsamaya bosigo jaana. Ba tswa kwa gae go sa ntse go le lotlatlana ka gonne botshelo jwa bone bo nna mo kotsing fa go ka fifala ba sa ntse ba le kwa gae.

E setse e le dingwaga di ka nna masome a mabedi jaanong matsholo a masole a majelathoko a ntse a tlhasela metse ya magae ba gapa bana ka dikgoka. Ngwaga le ngwaga, ba utswa makgolokgolo a bana ba basimane le ba basetsana mo magaeng a bone ba bo ba ngwangwaela ka bone mo teng ga sekgwa se se kitlaneng. Gantsi masole ano a majelathoko a utswa bana bano bosigo a bo a dira ba basimane masole mme basetsana bone ba ba dirisetsa go nna makgoba a tlhakanelodikobo. Fa bana bano ba ba gapilweng ka dikgoka ba sa ineelele go dirisana mmogo le masole ano, a ka nna a ba kgaola dinko kgotsa dipounama. Ba ba tshwerweng ba ne ba leka go thoba ba bolawa setlhogo.

Go na le bana ba bangwe gape ba ba amiwang ke ditiro tsa borukhutlhi. Basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba golafetseng e ne e sa ntse e le masea fa banna bangwe ba ne ba ba kgaola diatla le maoto ka dithipa tse dikgolo. Bana ba basimane le ba basetsana kwa Afghanistan ba tshameka ka dibomo tse di epelwang tse di lebegang jaaka dirurubele tse di mebalabala tsa polasetiki, mme fa di thunya mo diatleng tsa bone di ba phampholola menwana le matlho.

Bana bangwe bone ba diragalelwa ke se se farologaneng ka ntlha ya ditiro tsa borukhutlhi. Ka sekai, fa dirukhutlhi di ne di tlhasela Oklahoma City, kwa U.S.A. ka 1995, bangwe ba batho ba le 168 ba ba neng ba bolawa e ne e le bana ba le 19, bangwe ba bone e sa ntse e le masea. Dibomo di ne tsa ganyaola matshelo a bana bao ka ponyo ya leitlho. Ditiro tsa borukhutlhi di ile tsa ba amoga nako ya bone ya go itumelela bongwana, go tshameka le go farwa ke bommaabone le borraabone.

Ditiro tseno di diregile bosheng fela jaana, mme borukhutlhi jone bo feditse makgolokgolo a dingwaga bo ntse bo le teng, jaaka fa re tlile go bona.