Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borre ba ba Tshabang Maikarabelo—A Ruri Ba ka A Tshabela?

Borre ba ba Tshabang Maikarabelo—A Ruri Ba ka A Tshabela?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Borre ba ba Tshabang Maikarabelo—A Ruri Ba ka A Tshabela?

“Ke ne ka tshoga fa a ne a re, ‘Ke ya go tshola lesea la gago.’ Ke mang yo o neng a ya go tlhokomela lesea leno? Ke ne ke ise ke nne mo boemong jwa go tlhokomela lelapa. E ne e kete nka le botsa phokoje.”—Jim. *

PEGO nngwe e e tswang kwa Alan Guttmacher Institute e bolela jaana: “Ngwaga le ngwaga basadi ba basha ba ba ka nnang milione o le 1 . . . ba a ima.” Mo e ka nnang “78% ya basha ba ba tsholang bana ba a bo ba sa nyalwa.”

Mo malatsing a a fetileng, banna ba ne ba ikutlwa ba patelesega go rwala boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba bone. Mme jaaka buka ya Teenage Fathers e bolela, “go ima pele ga lenyalo ga go tlhole go tlhabisa batho ditlhong thata [jaaka pele].” Gareng ga basha ba mo mafelong mangwe, go nna rraagwe ngwana go ka tsewa e le go nna le maemo a a rileng! Mme gone, ke makau a le mmalwa fela a a rwalang maikarabelo a go tlhokomela bana ba bone ka lobaka lo loleele. Kgabagare ba le bantsi ba a ba tlogela—kana ba a ba tshabela. *

A mme lekau le ka tshabela ruri ditlamorago tsa boitshwaro jo bo sa siamang? E seng go ya kafa Baebele e buang ka teng. E tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa timediwa: Modimo ga se o o ka sotliwang. Gonne lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba.” (Bagalatia 6:7) Jaaka re tla bona, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gantsi bo felela ka ditlamorago tsa botshelo jotlhe mo basetsaneng le mo basimaneng. Basha ba ka tila ditlamorago tse di ntseng jalo ka go reetsa kgakololo e e utlwalang ya Baebele ya go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Go Tlogela Boikarabelo—Ga go Motlhofo Jalo

Go tlhokomela ngwana go akaretsa go ithontsha dilo di le dintsi tse di tshwanang le nako, madi le kgololesego. Buka ya Young Unwed Fathers e akgela jaana: “Makawana mangwe ga a rate go ‘tlhokomela motho yo mongwe,’ fa go dira jalo go tlile go ba jela madi.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba latlhegelwa thata ka ntlha ya bopelotshetlha jwa bone. Ka sekai, dikgotlatshekelo le badiri ba molao kwa dinageng di le dintsi ba gagamaditse letsogo thata mo banneng ba ba sa tlameleng bana ba bone. Fa go setse go tlhomamisitswe semolao gore ke ene rraagwe ngwana, borre bano ba basha ba ka nna ba tshwanelwa ke gore ba duele le mo dingwageng tse di latelang—mme e le selo se se tshwanetseng. Basha ba le bantsi ba patelesega go tlogela sekolo kana go ya go dira ditiro tse di ba duelang madi a mannye thata gore ba kgone go wetsa maikarabelo ano. Buka ya School-Age Pregnancy and Parenthood e bolela jaana: “Fa motho a nna rraagwe ngwana a sa ntse a le monnye thata, ga a kitla a kgona go bona thuto e e tshwanetseng.” Mme fa motho a palelwa ke go duela madi a go tlamela ngwana, a ka kokotlegelwa ke dikoloto tse di boitshegang.

Gone mme, ga se makawana otlhe a a sa kgathaleng ka bana ba bone. Ba le bantsi ba simolola ka maitlhomo a a siameng. Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 75 tsa borre ba dingwaga tsa bolesome ba ne ba etela bana ba bone kwa bookelong. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae fela bontsi jwa borre bano ba basha ba imelwa ke maikarabelo a go tlamela ngwana.

Ba le bantsi ba fitlhela gore ga ba na bokgoni kana boitemogelo jwa go bona tiro e e tshwanetseng. Ka go tlhajwa ke ditlhong go bo ba sa kgone go thusa ka madi, fa nako e ntse e ya ba tlogela maikarabelo a bone. Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ka ikwatlhaya thata mo dingwageng di le dintsi tse di tla latelang. Rre mongwe yo mosha o dumela jaana: “Ka dinako dingwe ke ipotsa gore go diragetseng ka morwaake. . . . Ga ke itumelele go bo ke [mo] tlogetse, mme le fa go ntse jalo gone jaanong ga ke itse kwa a teng. Gongwe letsatsi lengwe o tla mpona.”

Mathata a Bana ba Tsenngwang mo go One

Gape borre ba ba tshabelang bana ba ka nna ba tshwanelwa ke go itshokela go tlhajwa ke ditlhong—ditlhong tsa go bo ba tsentse bana ba bone mo mathateng. Kana gone, jaaka Baebele e supa, ngwana o tlhoka mmè le rre. (Ekesodo 20:12; Diane 1:8, 9) Fa monna a latlha ngwana wa gagwe, o dira gore go nne motlhofo gore ngwana yono a wele mo mathateng a mantsi. Pego e e dirilweng ke Lephata la Pholo le Ditirelo Tsa Batho la kwa United States e bolela jaana: “Bana ba bannye mo malapeng a bommè ba ba sa nyalwang ba bona maduo a a kwa tlase thata mo ditekong tsa motlotlo le tsa dipalo. Mo baneng ba dingwaga tsa bogareng, bana ba ba godisitsweng ke motsadi a le mongwe gantsi ba bona maemo a a kwa tlasenyana, ba na le mathata a boitsholo e bile ba tshwarwa thata ke malwetse a a sa foleng le malwetse a tlhaloganyo. Gareng ga basha le makau le makgarebe, go godisediwa mo lelapeng la mmè yo o sa nyalwang go amanngwa le mathata a a ntseng a oketsega a go ima ga basha, go tlogela sekolo, go tlhatlhelwa kwa kgolegelong le go sa bereke kana gone go sa tsene sekolo.”

Makasine wa Atlantic Monthly o konela ka go re: “Go ya ka bosupi jo bo ntseng bo gola jwa tsa loago le saense, bana ba ba leng mo malapeng a a kgoreleditsweng ke go tlhalana le bana ba dikgora ga ba atlege jaaka bana ba ba tswang mo malapeng a batsadi ba babedi mo dikarolong tse di farologaneng tsa botsogo. Go ka direga ka makgetlho a le marataro go feta bana ba bangwe gore bana ba ba leng mo malapeng a motsadi a le mongwe ba humanege. Gape go ka direga gore ba nne ba ntse ba humanegile.”

Gakologelwa gore dikotsi tseno di theilwe mo dipatlisisong tsa dipalopalo tse di dirilweng mo ditlhopheng tsa batho mme ga go reye gore di dira mo bathong ka bongwe. Bana ba bantsi ba fetoga bagolo ba ba siameng, ba ba lekalekaneng le mororo ba goletse mo malapeng ano a a sa itumediseng. Le e leng le fa go ntse jalo, lekawana le le latlhileng ngwana wa lone le ka nna la tshwenngwa thata ke maikutlo a go ipona molato. Rre mongwe yo o sa nyalang o bolela jaana: “Ke utlwisiwa botlhoko ke gore tota ke mo [senyeditse] botshelo go ya go ile.”—Teenage Fathers.

Kgwetlho Ya go Ba Tlamela

Ga se borre botlhe ba basha ba ba tshabang maikarabelo a bone. Makawana mangwe a dira sentle go batla go rwala maikarabelo a go tlhokomela bana ba bone mme ruri a batla go thusa go ba godisa. Le fa go ntse jalo, gantsi go bua go motlhofo go feta go dira. Selo se sengwe ke gore rre yo o sa nyalang a ka tswa a na le ditshwanelo di se kae fela, mme seo se dira gore mosetsana le batsadi ba gagwe e nne bone ba laolang gore o tshwanetse go kopana le ngwana wa gagwe go le kana kang. Jim yo o nopotsweng kwa tshimologong o bolela jaana: “Ka dinako tsotlhe o lwela boemo jwa go nna le taolo e e rileng mo ngwaneng.” Ka jalo go ka nna ga dirwa ditshwetso tse rraagwe ngwana a sa dumalaneng le tsone gotlhelele, tse di jaaka go fana ka ngwana—kana le e leng go senya mpa. * Rre mongwe yo mosha o buile jaana ka khutsafalo: “Go thata gore ke ba tlogele ba mo neye motho o sele fela, mme gone ga gona se nka se dirang.”

Makawana mangwe a ithaopela go nyala mmangwana. * Gone ke boammaaruri gore lenyalo le ne le ka sireletsa mosetsana gore a se ke a tlhabiwa ke ditlhong le go dira gore ngwana a godisiwe ke batsadi ba babedi. Go ka direga gore le mororo bobedi jono bo sa itshola sentle, ba ratana e le ka mmatota. Le fa go ntse jalo, go bo mosimane a kgonne go nna le ngwana ga go reye gore o setse a godile sentle mo tlhaloganyong le mo maikutlong, e leng tsone dilo tse di tlhokegang gore a nne monna yo o nyetseng le rraagwe bana. Gape ga go reye gore o na le bokgoni jwa go tlamela mosadi le ngwana ka madi. Dipatlisiso di bontsha gore manyalo a a dirwang ka gonne mosetsana a imile gantsi e nna a nakwana fela. Ka jalo go itlhaganelela go nyala ga se ka metlha e leng tharabololo e e botlhale.

Makawana a le mantsi a ithaopela go tlamela bana ba bone ka madi. Jaaka go umakilwe pelenyana, go tlhoka go ititaya sehuba tota gore rre yono yo mosha a tswelele a mo tlamela jalo ka lobaka lo loleele—gongwe ka dingwaga di le 18 kana go feta! Mme fa mmè le ngwana ba ntse ba thusiwa jaana seno se tla dira gore ba se ke ba humanega.

Go tweng ka go nna le seabe mo go godiseng ngwana? Seno le sone e ka nna kgwetlho e e thata. Ka dinako tse dingwe batsadi ba bobedi jono ba boifa gore ba ka tlhakanela dikobo gape mme ka jalo ba leka go ba kgothaletsa gore ba se ka ba bonana—kana le e leng go ba kganela gore ba se ka ba bonana. Mosetsana le ene a ka nna a swetsa gore ga a batle gore ngwana wa gagwe a “tlwaelane” le monna yo e seng mogatse. Le fa go ntse jalo, fa e le gore rraagwe ngwana o letlelelwa gore a kopane le ngwana wa gagwe gangwe le gape, malapa a nna botlhale go tlhomamisa gore maeto ano a bewa leitlho sentle, gore go thibelwe go wela gape mo boitsholong jo bo sa siamang.

Borre bangwe ba ba sa nyalang, ka go bo ba eletsa go nna gaufi le bana ba bone, ba ile ba ithuta go dira ditiro dingwe tsa botlhokwa tsa go nna motsadi, tse di jaaka go tlhapisa bana ba bone, go ba jesa kana go ba balela. Lekawana le le setseng le anaanela melaometheo ya Baebele le ka nna la ruta ngwana wa lone melaometheo mengwe ya Lefoko la Modimo. (Baefeso 6:4) Mme le fa gone go tlhokomelwa go le gonnye ka lorato ke rre go le botoka mo ngwaneng go na le gore a bo a sa tlhokomelwe gotlhelele, ruri go ka se ka ga tshwana le go nna le rre yo o nnang a le teng letsatsi le letsatsi. Mme fa e le gore mmè yono o tla nyalwa, lekawana leno le tla tshwanelwa ke go ikgogela morago fa jaanong monna yo mongwe a tsaya tiro ya go godisa ngwana wa gagwe.

Go bonala sentle he gore go nna rraagwe ngwana o sa nyala go lebisa kwa bohutsaneng—mo batsading le mo ngwaneng. Kwantle ga mathata a o ka lebanang le one, go na le kotsi ya gore o se ke wa tlhola o ratiwa ke Jehofa Modimo, yo o kgalang tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang. (1 Bathesalonika 4:3) Le fa gone o ka dira bojotlhe gore o itshokele boemo jo bo sa siamang jo bo jaaka go ima o sa le mosha, go bonala sentle gore tsela e e molemolemo ke ya go tila go wela mo boitsholong jo bo sa siamang di tloga fela. Rre mongwe yo mosha o dumela jaana: “Fa o nna le ngwana wa dikgora, botshelo jwa gago ga bo kitla bo tlhola bo nna jaaka pele.” Eleruri, rre yono yo mosha o tla tshwanela go tshela ka ditlamorago tsa phoso e a e dirileng botshelo jotlhe jwa gagwe. (Bagalatia 6:8) Kgakololo ya Baebele e boile ya itshupa e le botlhale fa e re: “Tshabang boaka.”—1 Bakorintha 6:18.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 5 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Go Nna Rraagwe Bana—A go Dira Motho Monna wa Mmatota?” mo makasineng wa Tsogang! wa May 8, 2000. Go bona motlotlo o o kaga ditlamorago tsa gore lekgarebe le nne mmè yo o sa nyalwang, bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Go Nna Mmè Yo o Sa Nyalwang—A go ka Ntiragalela?” mo makasineng wa July 22, 1985, (ka Seesemane).

^ ser. 16 Bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A go Senya Mpa ke Tharabololo?” mo makasineng wa Tsogang! ya March 8, 1995.

^ ser. 17 Molao wa ga Moshe o ne o tlhoka gore monna yo o neng a tsieditse lekgarebana a le nyale. (Duteronome 22:28, 29) Le fa go ntse jalo, lenyalo e ne e se molao o o gagametseng ka go bo rraagwe mosetsana o ne a ka kgona go le thibela. (Ekesodo 22:16, 17) Le fa gone Bakeresete gompieno ba se kafa tlase ga Molao oo, seno se gatelela kafa boleo jwa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo bo leng masisi ka teng.—Bona “Dipotso Tse di Tswang go Babadi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1989.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go botoka go tila boitsholo jo bo sa siamang go tloga fela kwa tshimologong