Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Tlotla le Bareetsi

Tlotla le Bareetsi

2 Bakorintha 2:17

KGANGKGOLO: Bua ka tsela ya tlholego e e bontshang gore o ikutlwa jang ka bareetsi le ka setlhogo sa gago.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Rapela o bo o baakanyetse ka kelotlhoko. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa akanya thata ka letshogo mme o tlhome mogopolo mo molaetseng wa gago. O tshwanetse go itse dintlha tsa konokono tse o tlhokang go di bua. Bua ka mafoko a gago, go na le go bua dintlha jaaka di kwadilwe.

  • Bua go tswa pelong. Gopola lebaka la go bo bareetsi ba tlhoka go utlwa molaetsa wa gago. Tlhoma mogopolo mo go bone. Fa o dira jalo, tsela e o emeng le e o itshikinyang mmele ka yone le tebego ya gago ya sefatlhego, di tla bontsha lorato le botsalano.

  • Leba bareetsi. Leba bareetsi ka tsela e e se kitlang e ba kgopisa. Fa o neela puo, leba motho a le mongwe lobakanyana, go na le go fetisa matlho ka bonako kgotsa go ba leba e le setlhopha.