Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 18

Bua Dintlha Tse di Rutang Bareetsi

Bua Dintlha Tse di Rutang Bareetsi

1 Bakorintha 9:19-23

KGANGKGOLO: Dira gore bareetsi ba akanyetse kwa teng ka setlhogo sa gago, ba ikutlwe ba ithutile sengwe sa botlhokwa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka se bareetsi ba setseng ba se itse. Go na le go bua fela dilo tse ba setseng ba di itse, ba thuse go lemoga dilo tse disha tse ba ka di ithutang.

  • Dira dipatlisiso o bo o tlhatlhanya. Fa go kgonega, dirisa dintlha tse bareetsi ba sa di itseng sentle kgotsa ditiragalo tsa bosheng go gatelela dintlha tsa gago tsa konokono. Akanya ka kgang ya gago mme o leke go bona gore e tsamaisana jang le dintlha tse o batlang gore bareetsi ba di ithute.

  • Bontsha gore molaetsa wa gago o botlhokwa. Bontsha gore dikwalo di ka thusa jang bareetsi mo matshelong a bone. Bua ka maemo a a rileng, mekgwa mengwe le ditiro dingwe tse bareetsi ba kgonang go di tlhaloganya le tse di ba amang.