Amose 2:1-16
2 “Jehofa o buile jaana, ‘“Ka ntlha ya go tlhanoga gararo ga Moabe,+ le ka ntlha ya go tlhanoga ganè, ga nkitla ke se busetsa morago, ka ntlha ya go fisa ga gagwe marapo a kgosi ya Edoma a a dira kalaka.+
2 Ke tla romela molelo mo Moabe, mme o tla laila ditora tsa bonno tsa Keriothe;+ mme Moabe o tla swa ka modumo, ka mokgosi wa tlhagiso, ka modumo wa lonaka.+
3 Mme ke tla kgaola moatlhodi mo gare ga gagwe, ke bo ke bolaya dikgosana tsotlhe tsa gagwe le ene,”+ go buile Jehofa.’
4 “Jehofa o buile jaana, ‘Ka ntlha ya go tlhanoga gararo ga Juda,+ le ka ntlha ya go tlhanoga ganè, ga nkitla ke se busetsa morago, ka ntlha ya go gana ga bone molao wa ga Jehofa,+ le ka gonne ba se kile ba boloka melawana ya gagwe; fa e se maaka a bone,+ a borraabonemogologolwane ba neng ba tsamaya mo go one, a ne a nna a ba timetsa.+
5 Ke tla romela molelo mo Juda, mme o tla laila ditora tsa bonno tsa Jerusalema.’+
6 “Jehofa o buile jaana, ‘Ka ntlha ya go tlhanoga gararo ga Iseraele,+ le ka ntlha ya go tlhanoga ganè, ga nkitla ke se busetsa morago, ka ntlha ya go rekisa ga bone motho yo o siameng ka seleferanyana fela, le motho yo o humanegileng ka tlhwatlhwa ya bompaatšhane ba babedi.+
7 Ba tlhologeletswe lorole lwa lefatshe mo tlhogong ya batho ba maemo a a kwa tlase;+ e bile ba faposa tsela ya batho ba ba pelonolo;+ mme motho le rraagwe ba ile kwa mosetsaneng a le mongwe,+ ka boikaelelo jwa go itshepolola leina la me le le boitshepo.+
8 Mme ba namalala+ fa thoko ga sebeso+ sengwe le sengwe mo godimo ga diaparo tse di tserweng e le sebeelo; mme beine ya ba ba lefisitsweng, ba e nwela mo ntlong ya medimo ya bone.’+
9 “‘Mme fa e le nna, ke ne ke nyeleditse Moamore+ ka ntlha ya bone, yo bogodimo jwa gagwe bo neng bo le jaaka bogodimo jwa masedara, le yo o neng a le matlhagatlhaga jaaka ditlhare tse dikgolo thata;+ ka ba ka nyeletsa maungo a gagwe kwa godimo le medi ya gagwe kwa tlase.+
10 Mme nna ka bonna ke ne ka lo tlhatlosa ka lo ntsha mo lefatsheng la Egepeto,+ mme ka nna ka dira gore lo tsamaye mo nageng dingwaga di le masome a manè,+ gore lo ye go rua lefatshe la Moamore.+
11 Mme ke ne ka nna ka tsosa bangwe ba bomorwaalona e le baporofeti+ le bangwe ba makau a lona jaaka Banasirite.+ A tota seno ga se a tshwanela go bo se diragetse, lona bomorwa Iseraele?’ go bua Jehofa.
12 “‘Mme lo ne lwa nna lwa naya Banasirite beine gore ba nwe,+ e bile lo ne lwa laela baporofeti, lwa re: “Lo se ka lwa porofeta.”+
13 Bonang, ke dira gore se se kafa tlase ga lona se akgaakgege, fela jaaka go akgaakgega ga koloi e e tletseng mabele a a sa tswang go rojwa mo moleng wa thobo.
14 Mme lefelo la botshabelo le tla nyelelela yo o bofefo,+ mme ga go na ope yo o nonofileng yo o tla nonotshang maatla a gagwe, e bile ga go na monna ope yo o thata yo o tla falotsang moya wa gagwe.+
15 Mme ga go na ope yo o tsholang bora yo o tla emang, le gone ga go na ope yo o dinao di bofefo yo o tla falolang, e bile ga go na mopalami ope wa pitse yo o tla falotsang moya wa gagwe.+
16 Mme fa e le yo o nonofileng mo pelong ya gagwe mo banneng ba ba thata, o tla tshaba a sa ikatega mo letsatsing leo,’+ go bua Jehofa.”

