Amose 7:1-17
7 Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a dira gore ke se bone, mme, bonang! o ne a bopa lesogodi la tsie kwa tshimologong ya go tlhoga ga se se jadilweng morago.+ Mme, bonang! e ne e le se se jadilweng morago, morago ga bojang jo bo segilweng jwa kgosi.
2 Mme ga diragala ya re e feditse go ja dimela tsa naga, ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, itshwarele tsweetswee.+ Go tla ema mang wa ga Jakobe? Gonne o mmotlana!”+
3 Jehofa a ikwatlhaela seno.+ “Ga go kitla go diragala,” go buile Jehofa.
4 Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a neng a dira gore ke se bone, mme, bonang! Morena Mogodimodimo Jehofa o ne a dira gore go ngangisanwe go dirisiwa molelo;+ mme wa laila bodiba jo bogolo jo bo boteng jwa metsi wa ba wa laila sebata sa naga.
5 Mme ka re: “Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, iketle tsweetswee.+ Go tla ema mang wa ga Jakobe? Gonne o mmotlana!”+
6 Jehofa a ikwatlhaela seno.+ “Seo le sone, ga se kitla se diragala,” go buile Morena Molaodimogolo Jehofa.
7 Seno ke se a neng a dira gore ke se bone, mme bonang! Jehofa o ne a eme mo loboteng lo lo dirilweng ka setlhamalatsalobota,+ e bile go ne go na le setlhamalatsalobota mo seatleng sa gagwe.
8 Foo Jehofa a nthaya a re: “O bonang, Amose?” Mme ka re: “Setlhamalatsalobota.” Mme Jehofa a tswelela a re: “Bona, ke baya setlhamalatsalobota mo gare ga batho ba me ba Iseraele.+ Ga ke tlhole ke tla ba itshwarela gape.+
9 Mme mafelo a a kwa godimo a ga Isake+ ruri a tla kgakgabadiwa, le mafelo a a boitshepo+ ka boone a Iseraele a tla swafadiwa;+ mme ke tla tsogologela ntlo ya ga Jeroboame ka tšhaka.”+
10 Mme Amasia moperesiti wa kwa Bethele+ a roma kwa go Jeroboame+ kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go logetse leano la boferefere mo teng ga ntlo ya Iseraele.+ Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.+
11 Gonne Amose o buile jaana, ‘Jeroboame o tla swa ka tšhaka; mme fa e le Iseraele ene, ruri o tla ya botshwarwa a tswa mo lefatsheng la gagwe.’”+
12 Mme Amasia a tswelela a raya Amose a re: “Wena mmoni wa diponatshegelo,+ tsamaya, tshabela kwa lefatsheng la Juda, mme o je senkgwe koo, e bile o ka nna wa porofeta koo.
13 Mme o se ka wa tlhola o porofeta gape kwa Bethele,+ gonne ke lefelo le le boitshepo la kgosi+ e bile ke ntlo ya bogosi.”
14 Foo Amose a araba Amasia a mo raya a re: “Ke ne ke se moporofeti, le gone ke ne ke se morwa moporofeti;+ mme ke ne ke le modisa+ e bile ke le mopomi wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore.
15 Mme Jehofa o ne a ntlosa mo go saleng letsomane morago, mme Jehofa a nthaya a re, ‘Tsamaya, o ye go porofeta mo bathong ba me ba Israele.’+
16 Mme jaanong utlwa lefoko la ga Jehofa, ‘A wa re: “O se ka wa porofeta kgatlhanong le Iseraele,+ e bile o se ka wa letla lefoko lepe go tswa+ kgatlhanong le ntlo ya ga Isake”?
17 Ka jalo Jehofa o buile jaana: “Fa e le mosadi wa gago ene, o tla nna seaka mo motseng.+ Fa e le bomorwao le bomorwadio, ba tla wa ka tšhaka. Mme fa e le lefatshe la gago, le tla kgaoganngwa ka mogala o o lekanyang. Mme fa e le wena ka bowena, o tla swela mo mmung o o seng phepa;+ mme fa e le Iseraele ene, ruri o tla ya botshwarwa a tswa mo lefatsheng la gagwe.”’”+