A Modimo o Nna mo Lefelong le le Rileng?

A Modimo o Nna mo Lefelong le le Rileng?

Karabo ya Baebele

 Ee. Modimo o nna mo lefelong le le rileng​—kwa legodimong. Akanya ka ditemana tse di latelang tsa Baebele:

 Kgosi Solomone o ile a bua jaana fa a rapela: “E kete o ka reetsa o le kwa magodimong, kwa lefelong la gago le le tlhomameng la bonno.”​—1 Dikgosi 8:43.

 Jesu Keresete o ne a ruta barutwa ba gagwe gore fa ba rapela ba lebise dithapelo tsa bone kwa go “Rraarona yo o kwa magodimong.”​—Mathaio 6:9.

 Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a tsena “mo legodimong ka bolone, gore jaanong a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.”​—Bahebera 9:24.

 Ditemana tseno di bontsha sentle gore Jehofa Modimo ke motho wa mmatota le gore ga a nne gongwe le gongwe fela, go na le moo, o nna kwa legodimong.