Fetela kwa tshedimosetsong

Go Fitlhelela Mekgele mo Tirelong ya Modimo

FINAL MAILING: ijw IJW528

Go Fitlhelela Mekgele mo Tirelong ya Modimo

Basupi ba ga Jehofa ba bone gore Baebele e ba thusa gore ba atamalane le Modimo le go fitlhelela mekgele e ba nang le yone.

Cameron o Bone Botshelo jo bo Monate Tota

A o batla botshelo jo bo itumedisang? Utlwa fa Cameron a bolela kafa a boneng botshelo jo bo kgotsofatsang ka gone mo lefelong le a neng a sa le akanya.

Ba Ithaopile ka go Rata

Bontsi jwa bokgaitsadi ba ba neng ba direla kwa moseja, ba kile ba bo ba okaoka go ya go direla koo. Ke eng se se ba thusitseng go nna pelokgale? Ba ithutile eng ka go direla kwa nageng e sele?

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Brazil

Bala maitemogelo a a kgothatsang a bangwe ba ba ileng ba fudugela kwa lefelong le lengwe gore ba direle Modimo ka botlalo.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Ghana

Go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone go na le dikgwetlho, mme gone, ba ba leng mo mofuteng ono wa tirelo, ba nna le masego a mantsi.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Madagascar

Bala ka bangwe ba baboledi ba ba ileng ba ithaopela go rera molaetsa wa Bogosi kwa Madagascar.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Micronesia

Gantsi batho ba ba tswang kwa dinageng di sele mme ba direla kwa Ditlhaketlhakeng tseno tsa Pacific ba lebana le dikgwetlho tse tharo tse di tlwaelegileng. Bareri bano ba Bogosi ba kgona jang go lepalepana le tsone?

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Myanmar

Ke eng se se dirileng gore Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ye go thusa kwa Myanmar?

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa New York

Ke ka ntlha yang fa banyalani bangwe ba ile ba tswa mo ntlong ya bone e ba neng ba e rata mme ba fudugela mo phaposing e nnye?

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Norway

Potso e ba neng ba sa e lebelela e ne ya ba tlhotlheletsa jang gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e e kgolwane ya baboledi gone?

Ba Ithaopile ka go Rata kwa Philippines

Bona gore ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa bangwe gore ba tlogele ditiro tsa bone, ba rekise dithoto tsa bone mme ba fudugele kwa mafelong a a kgakala a kwa Philippines.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Taiwan

Basupi ba ga Jehofa ba feta 100 ba fudugile gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya bareri ba Bogosi gone. Itumelele go bala ka maitemogelo a bone le go utlwa ka se se ba thusitseng gore ba atlege.

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Turkey

Ka 2014, go ne ga nna le letsholo le le kgethegileng la go rera kwa Turkey. Ke eng fa le ne le rulagantswe? Go nnile le diphelelo dife?

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Afrika Bophirima

Ke eng se se tlhotlheleditseng baboledi bano ba ba ba rerang kwa go nang le tlhokego e kgolo gone gore ba fuduge?

Tota ke Itsentse mo go Eng?

Bala gore morongwa mongwe o ile a ithuta puo ya diatla jang e le gore a kgone go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng go atamalana le Modimo.

Tshwetso E ke E Dirileng Fa ke Le Ngwana

Mosimanyana mongwe wa kwa Columbus, Ohio, U.S.A., o ne a dira tshwetso ya go ithuta Se-Cambodia. Ka ntlha yang? Tshwetso eo e ne ya ama isagwe ya gagwe jang?