Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Brazil

Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Brazil

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, Rúbia, kgaitsadi mongwe yo jaanong a nang le dingwaga di le 30, o ne a ya go etela Sandra, mmulatsela yo o direlang kwa phuthegong nngwe e nnye kwa borwa jwa Brazil. Fa a ntse a le koo, go ne ga direga sengwe se se neng sa kgatlha Rúbia thata mo a neng a fetola tsela ya gagwe ya botshelo. Selo seo e ne e le eng? Mma Rúbia ka boene a re bolelele.

“KE NE KE SA DUMELE SE KE SE UTLWANG”

“Ke ne ka tsamaya le Sandra go ya go etela mosadi mongwe yo a neng a ithuta Baebele le ene. Ka nako ya thuto, mosadi yoo o ne a ipuela fela a re: ‘Sandra, go na le basetsana ba le bararo kwa ke berekang gone ba ba batlang go ithuta Baebele, mme gone ke ba boleletse gore ba tla tshwanela go leta gore nako ya bone e fitlhe. Ke a itse gore o tshwaregile monongwaga.’ Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang. Batho ba ba neng ba batla go itse Jehofa ba ne ba tshwanetse go leta! Kwa phuthegong e ke tswang kwa go  yone, go ne go le thata gore ke bone le e leng thuto e le nngwe. Ka yone nako eo, kwa ntlong ya moithuti yoo wa Baebele, ke ne ka utlwa ke eletsa thata go thusa batho ba mo torotswaneng eo. Go ise go ye kae, ke ne ka fuduga kwa toropong e kgolo kwa ke neng ke nna gone mme ka ya go nna kwa torotswaneng e Sandra a neng a direla kwa go yone e le mmulatsela.”

Dilo di ne tsa tsamaela Rúbia jang? A re: “O ka se dumele gore mo dikgweding tse pedi fela ke fudugetse koo, ke ne ke na le dithuto tsa Baebele di le 15, mme go ise go ye kae, fela jaaka Sandra le nna ke ne ke na le batho ba ba letetseng gore ke ba tshwarele thuto!”

O NE A TLHOTLHELETSEGA GO SEKASEKA BODIREDI JWA GAGWE GAPE

Diego, mokaulengwe yo jaanong a leng mo masimologong a dingwaga tsa bo20, o ne a etela banyalani bangwe ba babulatsela ba ba direlang kwa Prudentópolis, torotswana e e kwa borwa jwa Brazil. Ketelo eo e ne ya mo ama pelo fela thata; tota e bile, o ne a tlhotlheletsega go sekaseka gape bodiredi jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Kwa phuthegong ya kwa gae ke ne ke sa tseye matsapa, kgwedi le kgwedi ke ne ke fetsa diura di le mmalwa kwa bodireding. Mme fa ke etela babulatsela bao, ke reetsa maitemogelo a ba neng ba nkanegela one, ke ne ka bapisa boitumelo jo ba neng ba na le jone le tsela e ke neng ke tsaya dilo motlhofo ka yone mo bodireding. Fa ke bona kafa ba neng ba itumetse ka gone, ke ne ka eletsa e kete botshelo jwa me bo ka nna le bokao fela jaaka jwa bone.” Morago ga loeto loo, Diego o ne a simolola go nna mmulatsela.

Fela jaaka Diego, a o mosha wa Mosupi yo o nnang le seabe mo tirong ya go rera mme a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, le fa go ntse jalo a bona e kete bodiredi ke seomodiro fela, ga bo kgatlhe ka sepe? Fa go ntse jalo, a o ka dira diphetogo mo botshelong jwa gago tse di tla dirang gore o nne le boitumelo jo bo tlisiwang ke go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone? Ke boammaaruri gore kgang ya go tlogela botshelo jwa manobonobo e ka lebega e le namane e tona ya tiro. Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba ile ba tlhopha go dira sone seo. Ba ile ba ikemisetsa go fetola mekgele ya bone le dilo tse ba di ratang gore ba direle Jehofa ka mo go oketsegileng. Sekao se sengwe se re ka akanyang ka sone ke sa ga Bruno.

SETSWERERE SA MMINO KGOTSA MODIREDI?

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Bruno, yo jaanong a nang le dingwaga di le 28, o ne a ithuta kwa sekolong  se se itsegeng sa mmino, mme mokgele wa gagwe e ne e le go nna moeteledipele wa setlhopha sa okhesetara. Tota e bile, o ne a atlega thata ka dithuto tsa gagwe mo a neng a lalediwa makgetlo a le mmalwa gore a tle go etelela pele setlhopha se segolo sa okhesetara. O ne a tla nna le tiro e e atlegileng. Bruno a re: “Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa me. Ke ne ke ineetse mo go Jehofa le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore ga ke mo direle sotlhe se nka se kgonang mme seo se ne se ntshwenya. Ke ne ka bolelela Jehofa maikutlo a me ka thapelo, gape ke ne ka bua le bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo mo phuthegong. Morago ga go akanyetsa dilo sentle ke ne ka dira tshwetso ya gore bodiredi jwa me e nne jone bo tlang pele ga mmino, ka tlogela sekolo sa mmino mme ka amogela kgwetlho ya go direla kwa lefelong le go neng go na le tlhokego e kgolo thata ya baboledi ba Bogosi gone.” Tshwetso ya gagwe e ne ya felela ka eng?

Bruno o ne a fudugela kwa toropong ya Guapiara (e e nang le baagi ba ka nna 7 000), e e leng bokgakala jwa dikilometara di ka nna 260 go tswa kwa toropong e kgolo ya São Paulo. E ne e le phetogo e kgolo. A re: “Ke ne ka fudugela mo ntlong e nnye e e se nang setsidifatsi, thelebishene kgotsa Internet. Mme gone, ntlo eo e ne e na le dilo dingwe tse ke iseng ke nne le tsone mo botshelong—tshingwana ya merogo le ditlhare tsa maungo!” Fa Bruno a ntse a direla kwa phuthegong eo e nnye, gangwe ka beke o ne a tlatsa kgetsana ya gagwe ka dijo, metsi le dibuka mme a tsamaya ka sethuthuthu a ya go rera kwa metseselegaeng. Batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ne ba ise ba utlwe dikgang tse di molemo. A re: “Ke ne ke tshwara dithuto tse di ka nnang 18 tsa Baebele. Fa ke bona kafa diithuti tseno di dirileng diphetogo tse dikgolo mo botshelong ka gone, seo se ne sa dira gore ke itumele tota!” Gape o ne a re: “Ka nako eo, ke ne ka lemoga gore ke fitlheletse se se neng se tlhaela mo botshelong jwa me—boikutlo jwa go kgotsofala jo bo tlisiwang ke go dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele. Ke ne nka se ka ka itumelela seno fa nka bo ke lateletse mekgele ya go batla dikhumo.” Mme gone, Bruno o ne a itshedisa ka eng kwa Guapiara? O bua jaana a nyenya: “Ka go ruta batho go tshameka katara.” E ne e sa ntse e le setswerere sa mmino ka tsela nngwe.

“KE NE KA TSHWANELWA KE GO NNA KOO”

Mariana, yo jaanong a wetsang dingwaga tsa bo20, o ne a le mo seemong se se tshwanang le sa ga Bruno. E ne e le mmueledi, mme le fa a ne a na le tiro ya maemo a a kwa godimo jalo, o ne a sa itumela. A re: “Ke ne ke ikutlwa  e kete ke ‘lelekisa phefo.’” (Mor. 1:17) Bakaulengwe ba le mmalwa le bokgaitsadi ba ne ba mo kgothaletsa gore a akanyetse go nna mmulatsela. Morago ga go akanya ka gone, Mariana mmogo le ditsala tsa gagwe e bong Bianca, Caroline le Juliana, ba ne ba dira tshwetso ya go thusa phuthego e e kwa Barra do Bugres, toropo e e kwa thoko, gaufi le Bolivia, dikilometara di le diketekete go tswa kwa magabone. Go tswa foo go ne ga direga eng?

Mariana a re: “Boikaelelo jwa me e ne e le go nna koo dikgwedi di le tharo. Le fa go ntse jalo, fa nako eo e fela, ke ne ke na le dithuto tsa Baebele di le 15! Gone ke boammaaruri gore diithuti tseo di ne di tlhoka thuso e e oketsegileng gore di kgone go gatelapele mo boammaaruring. Ka jalo, ke ne ke se na bopelokgale jwa go ba bolelela gore ke a tsamaya. Ke ne ka tshwanelwa ke go nna koo.” Mme ke se bokgaitsadi bao ba le banè ba neng ba se dira. A tiro e ntšha ya ga Mariana e ne ya dira gore a itumele mo botshelong? A re: “Go bo Jehofa a ntirisa go thusa batho go tokafatsa matshelo a bone, go dira gore ke itumele. Ke itumela tota go itse gore ke dirisa nako le maatla a me go dira sengwe se se mosola.” Caroline o sobokanya maikutlo a bokgaitsadi bano ba le banè ka go re: “Bosigo fa ke robala, ke ikutlwa ke kgotsofetse tota ka gonne ke dirisitse nako ya me go dira dilo tsa Bogosi. Botshelo jwa me bo remeletse mo go thuseng diithuti tsa me tsa Baebele. Go itumedisa tota go bona di gatela pele. Ke bona boammaaruri jwa mafoko a a reng: ‘Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.’”—Pes. 34:8.

A bo Jehofa a itumela jang ne go bona palo e e ntseng e oketsega ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha mo lefatsheng lotlhe, ba ba ‘ithaopang ka go rata’ go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe kwa mafelong a a kgakala! (Pes. 110:3; Dia. 27:11) Mme badiri bano ba ba ithaopileng ka go rata, bone ba itumelela tshegofatso ya ga Jehofa e e humisang.—Dia. 10:22.