Fetela kwa tshedimosetsong

Loeto go Ralala Hisitori

Loeto go Ralala Hisitori

Go etela musiamo o o bontshang hisitori ya Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolo ya rona kwa Brooklyn, New York, go ne ga simologa ka Diphalane 2012. * Musiamo ono o bontsha kafa batho ba ba neng ba leka go tshela jaaka Bakeresete ba neng ba boga ka gone, ba lebana le dikotsi le kafa ba fentseng ka gone.

Baeng ba tsaya loeto go ralala hisitori, go simolola ka nako ya Bokeresete ka 33 C.E. go fitlha mo motlheng wa rona. Musiamo o rulagantswe ka dikarolo di le nnè mme o na le tatelano ya ditiragalo tse di golaganyang dikarolo tseno. Karolo nngwe le nngwe e na le setlhogo se se theilweng mo Dikwalong e bile e simolola ka bidio e khutshwane e e ka reediwang ka Seesemane e bile e tlhagisa mafoko a dipuo tse dingwe tse thataro​—Sefora, Sejapane, Sekorea, Sentadiana, Sepotokisi le Se-Spain.

Dikarolo Tsa Konokono Tsa Musiamo

Karolo ya ntlha e na le setlhogo se se reng “Men Have Loved the Darkness [Batho ba Ratile Lefifi],” se se tserweng mo mafokong a ga Jesu a a mo go Johane 3:​19. Baebele e ne ya bolelelapele gore batho ba ba boikepo ba ne ba tla ‘tsoga ba bo ba bua dilo tse di sokameng.’ (Ditiro 20:30) Dilo tse batho bao ba neng ba di dira di ne di bonala sentle go ya ka tatelano ya ditiragalo.

Karolo ya bobedi e na le setlhogo se se reng “Let the Light Shine [A Lesedi le Phatsime],” e leng mafoko a a tserweng mo go 2 Bakorintha 4:6. Tatelano ya ditiragalo e bontsha ditiragalo tsa kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1800 go ya kwa masimologong a bo1900. Karolo eno e simolola ka kgang ya banna ba ba tlhagafetseng ba ba neng ba simolola go ithuta Dikwalo ba letla Baebele gore e itlhalose e bile karolo eno e bontsha kafa kitso ya bone e neng ya oketsega ka gone le dipalopalo tsa pele ga Ntwa ya Lefatshe I.

Karolo e e latelang ya karolo eno ya bobedi e bontsha baesekopo e e itsegeng thata ya “Photo-Drama of Creation.” Ka 1914, Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) ba ne ba simolola go bontsha batho baesekopo eno e e sa tshwaneng le epe ya diselaete tse di nang le modumo. Fa e sena go gololwa, dimilionemilione tsa batho di ne tsa tla go e bona. Karolo ya bofelo mo karolong eno e na le ditshwantsho tsa ntlhantlha, bidio e khutshwane e e nang le mafoko a a simololang a baesekopo le diselaete di feta 500 tsa mebala.

Karolo ya boraro e na le setlhogo se se reng “The Dragon Grew Wrathful [Kgogela ya Galefa]” se se tserweng mo go Tshenolo 12:17. E bontsha kafa balatedi ba ga Keresete ba neng ba boga ka gone mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga le dikgang tse di kgatlhang tsa Bakeresete ba ba neng ba ikanyega ka nako ya ntwa. Bidio nngwe e khutshwane e bontsha kgang ya ga Remigio Cuminetti, Mosupi yo o neng a gana go apara diaparo tsa sesole sa kwa Italy le go lwa kwa Ntweng ya Lefatshe I. E nngwe e bua ka Alois Moser wa kwa Austria. O ne a gana go tlotlomatsa Hitler ka gore “Heil Hitler!” mme seo se ne sa dira gore a latlhegelwe ke tiro le gore a tshwarwe kwa dikampeng tsa pogisetso tsa kwa Dachau.

Sele e e lefifi ya maitirelo e na le ditshwantsho tsa Basupi ba ga Jehofa ba dinaga tse di jaaka Gerika, Japane, Poland le Serbia ba ba neng ba tshwarwa ka ntlha ya se ba se dumelang.

Karolo ya bofelo ya setlhogo se se reng “Good News for All Nations [Dikgang Tse di Molemo mo Ditšhabeng Tsotlhe],” se se thailweng mo go Mathaio 24:14 e bontsha tiro ya Basupi ba ga Jehofa go tloga ka 1950 go fitlha gompieno. Ditshwantsho tse di kgomareditsweng di bontsha kgolo e e nnileng teng ka bofefo, kafa dikgang tse di molemo di rerilweng ka gone le lorato lwa bokaulengwe lo Basupi ba ga Jehofa ba itsegeng ka lone.

Pele baeng ba tswa mo musiamong ba ka tsena mo Bible House le mo Brooklyn Tabernacle, dikago tse di neng tsa dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di feta 100.

Ke ka Ntlha Yang fa Musiamo Ono O ne Wa Agiwa?

Go ne ga tsaya ngwaga go dira dithulaganyo tsa go aga musiamo mme o ne wa agiwa mo dikgweding di le mmalwa. Basupi ba mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba neela ka dilwana tse ba di tsayang e le boswa.

Ke ka ntlha yang fa go ne ga dirwa tiro eno? Fa mongwe wa leloko la Setlhopha se se Laolang a ne a bodiwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tla solegelwa molemo jang ke go tla mo musiamong ono, o ne a bua mafoko ano a a itsegeng: “Gore re itse kwa re yang, re tshwanetse go itse kwa re tswang.”

^ ser. 2 Musiamo ono o kwa 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York, mme o bulwa ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano ka 8:00 a.m. go ya go 5:00 p.m. Go tsenwa mahala.