Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

WEBSITE YA JW.ORG

Go Batla Kgatiso

Go Batla Kgatiso

Go na le dikgatiso tse di rekotilweng le dibidio tse dintsi mo jw.org mo karolong ya DIKGATISO. Dirisa dikakantsho tse di latelang go bona kgatiso e o e batlang.

 Batla Kgatiso ya Setlhogo se se Rileng

Fa o itse setlhogo se o se batlang kgotsa karolo nngwe ya setlhogo sa kgatiso e o e batlang, dirisa ditsela tse di latelang go e bona ka bonako.

Tsena mo DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA.

  • Tobetsa mo Dilwana Tsotlhe go tlhagisa lenaane la ditlhogo o bo o kwala lefoko lengwe la setlhogo se o se batlang. Ka sekai, fa o batla buka ya Baebele e Ruta Eng, kwala “ruta.” Go tla tlhagelela fela ditlhogo tse di nang le lefoko “ruta.” Tlhopha setlhogo sa buka e o e batlang.

  • Tobetsa Senka.

 Batla Makasine o o Rileng

Tsena mo DIKGATISO > DIMAKASINE.

Tsebe ya ntlha e e tlhagang e tla bontsha fela dimakasine tse nnè tsa bosheng tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo (Ya batho botlhe) le di le robedi tsa bosheng tsa makasine o o ithutiwang. Go bona makasine o o rileng, dirisa ditsela tse di latelang:

  • Tlhopha makasine o o o batlang mo lenaaneng la ditlhogo o bo o tlhopha le ngwaga wa makasine oo.

  •   Tobetsa Senka.

Tlhagisa Mefuta Yotlhe ya Kgatiso eo

Go na le ditsela tse pedi tsa go tlhagisa dikgatiso, e leng lenaane le grid.

Tobetsa Grid go bona dikgatiso tsotlhe. O tla fitlhela dikgatiso di tlhaga jalo fa o tsena mo tsebeng eno.

Grid e tlhagisa khabara ya kgatiso, ditsela tsa go e itseela le setlhogo sa kgatiso nngwe le nngwe. Tsamaisa mouse gaufi le karolo ya go itseela dikgatiso (kgotsa tobetsa mo founong kgotsa tablet) go bona mefuta yotlhe e e ka itseelwang (e e balwang kgotsa e e reediwang).

Tobetsa Lenaane go fetola tsela e dikgatiso di tlhagang ka yone.

Lenaane le tlhagisa mefuta yotlhe e dikgatiso di ka itseelwang ka yone.

Dikgatiso tse dingwe di teng ka mefuta e mengwe, jaaka ya mokwalo o o mogolo. Tobetsa mofuta wa kgatiso (sekai, PDF) go bona gore ke mefuta efe e e ka itseelwang. Tobetsa link ya kgatiso e o batlang go e itseela.

 Batla Kgatiso ya Tshedimosetso e e Rileng

Fa e le gore kgatiso e o e batlang e kgona go balega mo Internet, e batle mo karolong ya Senka (karolo eno ga ise e nne gone) go bona setlhogo kgotsa kgaolo e e nang le mafoko a a mo kgatisong e o e batlang.

Tobetsa Senka. Kwala seele kgotsa mafoko a o a batlang o bo o tobetsa Senka. Fa o itse mafoko a konokono kgotsa diele tse di tlhagang mo kgatisong eo, a kwale otlhe. Seno se ka go thusa go bona kgatiso e o e batlang ka bonako.

Latela ditsela tseno fa o batla gore go tlhage fela mofuta wa dikgatiso tse o di batlang:

  • Tobetsa Senka mo go Tseneletseng kgotsa link ya Ditsela Tse Dingwe.

  • Ka fa tlase ga Mofuta wa Kgatiso, tshwaya lebokoso la Dikgatiso.

  • Tobetsa Senka.