Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Letsholo le le Kgethegileng ka November la go Itsise Batho ka Bogosi Jwa Modimo

Letsholo le le Kgethegileng ka November la go Itsise Batho ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o ne a bolela “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luk 4:43) Gape o ne a ruta batho gore ba rapelele Bogosi joo. (Mat 6:9, 10) Ka November, re tlile go dira maiteko a a kgethegileng a go itsise batho ka Bogosi Jwa Modimo. (Mat 24:14) Dira dithulaganyo tsa gore o nne le seabe ka botlalo mo letsholong leno. Botlhe ba ba tla bong ba direla e le babulatsela ba ba thusang mo kgweding eno, ba ka tlhopha bobulatsela jwa diura di le 30 kgotsa 50.

Bua le batho ba le bantsi mo tshimong ya lona ka mo go ka kgonegang ka teng ka temana e e buang ka Bogosi Jwa Modimo. Fa o tlhopha temana, akanyetsa gore batho ba ba go reeditseng ba dumela eng. Fa motho a kgatlhegela gore o mo etele gape, mo neye khopi ya makasine wa batho botlhe wa Tora ya Tebelo No. 2 2020. O dire dithulaganyo tsa go boela kwa go ene ka bonako, o bo o leka go simolola thuto ya Baebele o dirisa kgatiso nngwe e e tswang mo Lebokosong la rona la go Ruta. Go setse nako e khutshwane fela pele ga Bogosi Jwa Modimo bo thubaganya magosi otlhe a a kgatlhanong le jone. (Dan 2:44; 1Bak 15:24, 25) Ka jalo, e kete re ka dirisa ka botlalo tshono eno e e kgethegileng go bontsha gore re eme mo letlhakoreng la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe!

Bogosi Jwa Modimo bo tla dira lefatshe Paradaise!