Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 135

Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

(Diane 27:11)

  1. 1. Lona basha ipediseng

    pelo ya me.

    Bontshang yo’o nkgobang gore

    lo bana ba me.

    Gore tota lo ineetse

    ka go rata;

    Bontshang botlhe gore

    ruri lo a nthata.

    (KHORASE)

    Morwa wa me le Morwadiaka,

    Ipediseng pelo ya me.

    Lo ntirele ka pelo yotlhe,

    Mme lo mpakeng ka go rata.

  2. 2. Ipeleleng go ntirela

    ka bojotlhe,

    Le fa lo ka kgotšwa,

    ke tla lo tsholetsa.

    Le fa ba lo sotla kgotsa

    ba lo kgoba,

    Ke tla nna ke lo rata

    ka pelo yotlhe.

    (KHORASE)

    Morwa wa me le Morwadiaka,

    Ipediseng pelo ya me.

    Lo ntirele ka pelo yotlhe,

    Mme lo mpakeng ka go rata.