Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Batla go Itse ka Dikgakgamatso?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Batla go Itse ka Dikgakgamatso?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Batla go Itse ka Dikgakgamatso?

“Dikgakgamatso ka botsone ga di dumalane le melaometheo ya saense.” —RICHARD DAWKINS, YO E NENG E LE POROFESA WA PUBLIC UNDERSTANDING OF SCIENCE.

“Tota go a utlwala go dumela mo dikgakgamatsong. Dikgakgamatso ga di ganetsane le bodumedi, go na le moo ke sesupo sa gore Modimo o rata popo le gore o nna le seabe mo go yone.” ROBERT A. LARMER, POROFESA WA FILOSOFI.

“A O DUMELA mo dikgakgamatsong?” Jaaka re bone mo mafokong a a nopotsweng kwa godimo, batho ba na le dikakanyo tse di farologaneng thata mo kgannyeng eno. Mme wena o ne o ka araba potso eo jang?

O ka tswa o okaoka go araba ka gore, “Ee, ke a dumela.” Gongwe o akanya gore go dira jalo go ka tswa go supa gore o dumela mo tumelobotlhoding kgotsa ga o a rutega. Batho ba le bantsi le bone ba ikutlwa jalo.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o tlhatswegile pelo gore ruri dikgakgamatso di a direga. O ka tswa o dumela mo dikgakgamatsong tse di kwadilweng mo Baebeleng tse di jaaka fa Moshe a ne a kgaoganya Lewatle le Lehibidu. Gape o ka tswa o dumela gore dikgakgamatso di a direga mo motlheng wa rona. Tota e bile, pego nngwe ya bosheng e senotse gore “baagi ba le bantsi ba kwa dinageng tsa Bophirima—ka sekai, mo e ka nnang nngwetharong ya baagi ba kwa United States le diperesente di le 38 tsa ba kwa Boritane—ba sa ntse ba dumela mo dikgakgamatsong.” (The Cambridge Companion to Miracles, e e kwadilweng ke Graham H. Twelftree) Mo godimo ga moo, ga se Bakeresete fela ba ba dumelang mo dikgakgamatsong. Go ya ka Britannica Encyclopedia of World Religions, “mo e ka nnang madumedi otlhe” a dumela mo dikgakgamatsong.

Kgotsa o ka tswa o wela mo setlhopheng sa boraro se se ka arabang ka gore: “Ga ke itse, e bile ga ke kgathale! Dikgakgamatso ga di direge mo botshelong jwa me!” Tota ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go itse ka dikgakgamatso?

Akanya ka seno: Mma re re o tshwerwe ke bolwetse jo bo sa alafegeng. Fa o ne o ka bala pego nngwe mo lokwalopakeng lwa tsa kalafi lo lo ikanngwang malebana le gore go na le molemo mongwe o mosha o o ka fodisang bolwetse jwa gago, a go ne go ka se nne molemo gore o dirise nako e e rileng le go tsaya matsapa o dira dipatlisiso? Ka tsela e e tshwanang, Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae go tla direga dikgakgamatso tse di itumedisang. Di tla ama batho botlhe mo lefatsheng. A go tla bo go se molemo gore o tseye matsapa le go dirisa nako e e rileng go bona gore a tsholofetso eo e ka ikanngwa?

Le fa go ntse jalo, pele re tlotla ka dikgakgamatso tseo tse di solofeditsweng mma re sekasekeng mabaka a mararo a gantsi batho ba a tlhagisang go ganetsa dikgakgamatso.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

KGAKGAMATSO KE ENG?

Ke tiragalo e e ka se kang ya dirwa ka maatla a batho kgotsa a tlholego e bile gantsi e amanngwa le mofuta mongwe wa maatla a a fetang a tlholego.