Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puisano le Moagelani—A Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong?

Puisano le Moagelani—A Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong?

Puisano le Moagelani—A Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong?

BASUPI BA GA JEHOFA ba itumelela go tlotla le baagelani ba bone ka Baebele. A go na le kgang nngwe ya Baebele e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse sengwe ka se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang kgotsa dilo dingwe tse ba di dirang mo bodumeding jwa bone? Fa go le jalo, mo nakong e e tlang fa o kopana le Mosupi mongwe o se ka wa okaoka go mmotsa ka kgang eo. A ka itumelela go tlotla le wena ka dikgang tse di ntseng jalo.

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Kgomotso o etetse monna mongwe yo o bidiwang Kagiso kwa legaeng la gagwe.

Batho ba ba Yang Kwa Legodimong Ba ya Go Dira Eng?

Kgomotso: Fa o akanya ka isagwe, a o akanya gore dilo di ka tokafala, tsa nna maswe le go feta kgotsa tsa tswelela jaaka di ntse?

Kagiso: Ke akanya gore dilo di tla tokafala. Ke lebile pele go ya go nna le Morena kwa legodimong.

Kgomotso: Eo ke tsholofelo e e molemo tota. Baebele e bua dilo tse dintsi malebana le gore go ntse jang kwa legodimong le gore ke bomang ba ba nang le tshiamelo ya go ya teng. A o kile wa ipotsa gore batho ba ba yang kwa legodimong ba ile go dira eng?

Kagiso: Re tla bo re na le Modimo re mmaka ka bosakhutleng.

Kgomotso: Ruri eo ke tsholofelo e e itumedisang. Se se kgatlhang ke gore, Baebele ga e bue fela ka ditshiamelo tse batho ba ba yang kwa legodimong ba tla nnang le tsone mme e bua le ka boikarabelo jwa botlhokwa jo ba tla nnang le jone.

Kagiso: Jwa eng?

Kgomotso: Ke boikarabelo jo bo umakilweng mo temaneng eno ya Tshenolo 5:10. Temana eo ya re: “[Jesu] wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” Kagiso, a o etse tlhoko gore ke boikarabelo bofe jo ba ba yang kwa legodimong ba nang le jone?

Kagiso: Temana eno ya re ba tla busa e le dikgosi mo lefatsheng.

Kgomotso: Seno se a kgatlha, a ga go jalo?

Ba Tla Busa Bomang?

Kgomotso: Jaanong, a ga o dumalane gore fa e le gore ba ba yang kwa legodimong ba tla busa e le dikgosi, go tshwanetse ga bo go na le batho ba ba tla ba busang? Mme gone, go thusang gore puso e nne teng mme go se na batho bape ba e ba busang?

Kagiso: Ke go utlwa sentle.

Kgomotso: Ka jalo, potso e e utlwalang e re ka ipotsang yone ke gore, Ba tla busa bomang?

Kagiso: Ke akanya gore re tla busa batho ba ba mo lefatsheng ba ba iseng ba swe mme ba ya kwa legodimong.

Kgomotso: Seo se ka lebega se utlwala—fa e le gore batho botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se re ka tshwanelwang ke go akanya ka sone. A seo se ka tswa se raya gore batho bangwe—batho bangwe ba ba siameng—ga ba ye kwa legodimong?

Kagiso: Ga ke ise ke tsamaye ke utlwele ka Bakeresete ba ba dumelang seo.

Kgomotso: Ke botsa potso eno ka ntlha ya mafoko a a mo go Pesalema 37:29. Tsweetswee, ke kopa gore o bale temana eno.

Kagiso: Go siame. Ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”

Kgomotso: Ke a leboga. A o lemogile gore batho ba bantsi ba ba siameng ba tla nna kae?

Kagiso: Temana eno ya re ba tla aga mo lefatsheng.

Kgomotso: O nepile—mme e seng ka nakwana. Ela tlhoko gore temana eno ya re: “Ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”

Kagiso: Gongwe seo se kaya fela gore go tla tswelela go na le batho ba ba siameng mo lefatsheng. Fa re swa re bo re ya kwa legodimong, go tla tsholwa batho ba bangwe ba ba siameng ba ba tla re emisetsang.

Kgomotso: Batho ba bantsi ba ne ba ka tlhalosa temana eo jalo. A mme go ka direga gore temana eno e bua ka sengwe se se farologaneng gotlhelele? A e ka tswa e raya gore batho ba ba siameng ba tla tshelela ruri mo lefatsheng?

Kagiso: Tota ga ke tlhaloganye.

Lefatshe la Paradaise la mo Isagweng

Kgomotso: Le gale, ela tlhoko se karolo e nngwe ya Baebele e se buang ka botshelo mo lefatsheng mo isagweng. Mma re bale Tshenolo 21:4. Fa temana eno e bua ka batho ba ba tla tshelang ka nako eo ya re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” A tsholofelo eo ga e itumedise?

Kagiso: E a itumedisa. Mme ke akanya gore e tlhalosa gore botshelo bo tla nna jang kwa legodimong.

Kgomotso: Gone ke boammaaruri gore batho ba ba yang kwa legodimong ba tla itumelela masego a a tshwanang. Mme a re lebe temana eno gape. Ya re go tla diregang ka loso?

Kagiso: Ya re “loso lo tla bo lo seyo.”

Kgomotso: Ee. Jaanong, ke dumela gore o tla dumalana le nna gore sengwe se se kgaotsang go nna teng, se tshwanetse sa bo se ne se le teng pele.

Kagiso: Ee, gone.

Kgomotso: Mme ga go ise go nne le loso kwa legodimong, kgotsa a lo kile lwa nna teng? Ke mono mo lefatsheng fela mo batho ba swang.

Kagiso: Hmm. Ke tla tshwanelwa ke go akanya ka gone.

Kgomotso: A jaanong o a lemoga, Kagiso, gore Baebele e ruta gore batho ba bangwe ba ba siameng ba tla ya kwa legodimong fa ba bangwe ba bantsi bone ba tla tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng? Mme gone, ke dumela gore o kile wa utlwa mafoko ano a a tlwaelegileng: “Go sego ba ba pelonolo; gonne ba tla rua boswa jwa lefatshe.”—Mathaio 5:5, Tswana Central.

Kagiso: Ee, ke ile ka utlwa temana eo e balwa kwa kerekeng ka makgetlho a le mantsi.

Kgomotso: Fa e le gore ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, a seo ga se kaye gore batho ba tla bo ba tshela mo lefatsheng? Ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla itumelela masego a a boleletsweng pele mo go Tshenolo. Ba tla bona fa lefatshe la rona le fetoga gotlhelele ka gonne Modimo o tla tlosa sengwe le sengwe se se bosula—le loso tota.

Kagiso: Ke a go tlhaloganya, mme ga ke akanye gore temana e le nngwe kgotsa di le pedi fela tsa Baebele di lekane go bontsha gore kgang eo e boammaaruri.

Kgomotso: Ee, ga se tsone fela. Tota e bile, go na le ditemana di le dintsi tse di bolelang gore botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng mo isagweng. Gongwe nka go bontsha nngwe ya ditemana tse ke di ratang fa e le gore o na le nako.

Kagiso: Ee, ke na le metsotso e le mmalwa.

“Moikepi o Tla Bo a Sa Tlhole a le Teng”

Kgomotso: Pelenyana re ile ra bala temana 29 ya Pesalema 37. Mma re boele kwa pesalemeng eo gape. Gone jaanong re tla bala temana 10 le 11. A o ka rata go bala ditemana tseno?

Kagiso: Ee. “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”

Kgomotso: Ke a leboga. Temana ya 11 ya re “ba ba pelonolo” kgotsa batho ba ba siameng ba tla tshela kae?

Kagiso: Ya re “ba tla rua lefatshe.” Le fa go ntse jalo, ke akanya gore temana eno e bua ka dilo tsa gone jaanong; gone mme, batho ba ba siameng ba tshela mo lefatsheng gompieno.

Kgomotso: Ee, ke boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore temana eno ya re batho ba ba siameng ba tla itumelela ‘letlotlo la kagiso.’ Ga go na kagiso mo lefatsheng gompieno, gakere?

Kagiso: Ee, yone ga e yo.

Kgomotso: Ka jalo tsholofetso eo e tla diragadiwa jang? Gongwe nka dirisa papiso eno: Mma re re o na le difolete. Bangwe ba batho ba ba hirileng ba molemo—ba tlhokomela difolete tsa bone e bile ba leka go dirisana le baagelani ba bone. O itumelela go ba hirisetsa difolete tseo. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ba hirileng ba bosula; ba senya moago e bile ba ketefaletsa baagelani ba bone botshelo. Jaanong, fa bahiri ba ba bosula ba sa batle go itshwara sentle o tla dirang?

Kagiso: Ke ne nka ba leleka.

Kgomotso: Seo ke sone se Modimo a tla se dirang ka batho ba ba bosula ba re ba bonang gompieno. Leba temana 10 gape. Ya re: “Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Ka mafoko a mangwe, go tla nna jaaka e kete Modimo o leleka batho ba ba bakelang ba bangwe mathata. Go tswa foo, batho ba ba siameng ba tla tshela mo lefatsheng ka kagiso. Ke a lemoga gore kgopolo ya gore batho ba ba siameng ba tla tshela mo lefatsheng e ka tswa e farologane le e wena o e rutilweng mo nakong e e fetileng.

Kagiso: Ee, ga ke ise ke utlwe selo se se ntseng jalo kwa kerekeng ya me.

Kgomotso: Mme jaaka o buile pelenyana, ga go a lekana go leba temana e le nngwe kgotsa di le pedi fela tse di buang ka kgang eno. Tota re tshwanetse go sekaseka se Baebele yotlhe e se buang ka isagwe ya batho ba ba siameng. Mme go ya ka ditemana tse re di badileng gompieno, a o akanya gore go a kgonega gore bangwe ba batho ba ba siameng ba ye kwa legodimong, fa bangwe ba batho ba bantsi ba ba siameng bone ba tla tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng?

Kagiso: Ga ke tlhomamisege. Mme ke a dumela gore go lebega go ntse jalo go ya ka ditemana tse o sa tswang go di bala. Ke tla tshwanelwa ke go akanya ka gone gape.

Kgomotso: Fa o ntse o sekaseka kgang eno go ya pele, go ka nna le dipotso dingwe tse o ka di ipotsang. Ka sekai, go tweng ka batho ba ba siameng ba ba neng ba tshela pele ga rona? A ba ile ba ya kwa legodimong botlhe? Fa go sa nna jalo, gone jaanong ba kwa kae?

Kagiso: Dipotso tseo di a kgatlha.

Kgomotso: Gongwe nka go direla dilo tse pedi. Sa ntlha, mma ke go kwalele ditemana di le mmalwa tse di buang ka kgang eno. * Sa bobedi, nka rata go boa gore re tlotle ka ditemana tseo fa o sena go di bala le go akanya ka tsone. A go siame?

Kagiso: Ee, go siame. Ke a leboga.

[Ntlha e e kwa tlase]