Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefoko E ne E le “Modimo” kgotsa “modimo”?

A Lefoko E ne E le “Modimo” kgotsa “modimo”?

BARANODI ba Baebele ba ne ba tshwanetse go sekaseka potso eo fa ba ne ba ranola temana ya ntlha ya Efangele ya ga Johane. Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranotse temana eno jaana: “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone, mme Lefoko o ne a na le Modimo, mme Lefoko e ne e le modimo.” (Johane 1:1) Dithanolo tse dingwe di ranola karolo ya bofelo ya temana eno go naya kgopolo ya gore Lefoko o ne a na le “bomodimo,” kgotsa sengwe sa go tshwana le seo. (A New Translation of the Bible, ka James Moffatt; The New English Bible) Le fa go ntse jalo, dithanolo di le dintsi di ranola karolo ya bofelo ya Johane 1:1 jaana: “Mme Lefoko e ne e le Modimo.”—The Holy Bible—New International Version; The Jerusalem Bible.

Thutapuo ya Segerika le se go buiwang ka sone di bontsha sentle gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nepile le gore “Lefoko” ga se “Modimo” jaaka go bontshitswe pelenyana mo temaneng eno. E re ka puo ya Segerika e e neng e dirisiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e se na mafoko a a tlhomameng a a bontshang gore go buiwa ka motho kgotsa selo sa mofuta ofe, seo se ne se ka dira gore batho bangwe ba nne le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka temana eno. Ke lone lebaka le le dirang gore thanolo ya Baebele ya puo e e neng e dirisiwa mo makgolong a a fetileng a dingwaga a Motlha wa Rona e kgatlhe thata jaana.

Puo eo ke Se-Sahidi se se tswang mo puong ya Se-Coptic. Puo ya Se-Coptic e ne e buiwa kwa Egepeto mo makgolong a dingwaga morago fela ga bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, mme Se-Sahidi e ne ya nna sone sa ntlha go kwalwa. Fa The Anchor Bible Dictionary e bua ka dithanolo tsa pele tsa Baebele ka Se-Coptic, ya re: “E re ka [Septuagint] le [Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika] di ne di ranolelwa mo puong ya Se-Coptic mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., thanolo ya Se-Coptic e theilwe mo [mekwalong ya Segerika] e e leng ya bogologolo go feta mekwalo e mengwe e e neelang bosupi e e sa ntseng e le gone.”

Go na le mabaka a le mabedi a a kgatlhang ka mokwalo wa Se-Sahidi wa puo ya Se-Coptic. Sa ntlha, jaaka fa go bontshitswe fa godimo, o bontsha kafa Bakeresete ba neng ba tlhaloganya dithuto tsa Baebele pele ga lekgolo la boraro la dingwaga ka gone, e leng ka nako e thuto ya Tharonngwe e neng e le thuto e e amogelwang. Sa bobedi, thutapuo ya Se-Coptic e ne e tshwana le ya Seesemane ka tsela nngwe e e botlhokwa. Dithanolo tsa pele tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di ne di kwadilwe ka puo ya Se-Syria, Selatine le Se-Coptic. Dipuo tsa Se-Syria le Selatine fela jaaka Segerika sa motlha oo, ga di na lebopitlhopho. Le fa go ntse jalo, puo ya Se-Coptic e na le lone. Mo godimo ga moo, mokanoki Thomas O. Lambdin o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Introduction to Sahidic Coptic: “Puo ya Se-Coptic e dirisa mafoko a a bontshang gore motho o bua a akaretsa kgotsa a lebisitse go sengwe, ka tsela e e tshwanang le kafa a dirisiwang ka gone mo Seesemaneng.”

Ka jalo, thanolo ya Se-Coptic e re naya bosupi jo bo kgatlhang jwa kafa Johane 1:1 e ka tswang e ne e tlhaloganngwa ka gone ka nako eo. Re na le bosupi bofe ka seo? Thanolo ya Se-Sahidi se se tswang mo puong ya Se-Coptic ya re Lefoko ke “modimo” ka tsela e e ranotsweng ka yone mo go Johane 1:1. Go bonala baranodi bao ba bogologolo ba ne ba lemoga gore mafoko a a mo go Johane 1:1 a ne a sa kaye gore Jesu e ne e le Modimo Mothatayotlhe. Lefoko e ne e le modimo e seng Modimo Mothatayotlhe.