Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Manyalo?

A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Manyalo?

A Basupi ba ga Jehofa ba Thuba Manyalo?

“FA MOLEKANE mongwe wa lenyalo a fetola bodumedi jwa gagwe, lenyalo le tla thubega.” Ke se batho ba le bantsi ba se buang. Ka dinako dingwe, seo se bolelelwa molekane wa lenyalo yo o tlhophang go nna Mosupi wa ga Jehofa. A mme seno se boammaaruri ka dinako tsotlhe?

Go a utlwala gore fa motho yo o nyetsweng a simolola go kgatlhegela bodumedi kgotsa go fetola tsela e a sa bolong go tlhaloganya dithuto tsa bodumedi ka yone, seo se ka gakgamatsa molekane wa gagwe. Mme se ka dira gore a tlhobaele, sa mo swabisa le e leng go mo galefisa.

Gantsi mosadi ke ene yo pele a bonang go tlhokega gore a fetole bodumedi jwa gagwe. Fa mosadi wa gago a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, seo se ka ama lenyalo la lona jang? Fa o le mosadi yo o ithutang le Basupi ba ga Jehofa, o ka dirang gore molekane wa gago a se ka a tlhobaela?

Tsela e Monna a Lebang Dilo ka Yone

Mark, yo o nnang kwa Australia o ne a na le dingwaga di le 12 a nyetse fa mosadi wa gagwe a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Mark a re: “Ke ne ke le mo lenyalong le le itumetseng e bile ke na le tiro e e kgotsofatsang. Botshelo bo ne bo itumedisa. Jaanong mogatsake o ne a dira tshwetso ya go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke akanya gore seo se ne se tla fetola tsela e ke tshelang ka yone. Kwa tshimologong ke ne ka tshwenyega fa mogatsake a ne a simolola go kgatlhegela Baebele, mme fa a ne a mpolelela gore o dirile tshwetso ya go kolobediwa gore a nne Mosupi wa ga Jehofa ke ne ka tshwenyega le go feta.”

Mark o ne a simolola go ipotsa gore a lenyalo la gagwe le tla thubega ka ntlha ya bodumedi jo bosha jwa mosadi wa gagwe. O ne a akanya go mo tlogedisa go ithuta Baebele le go mo thibela go kopana le Basupi. Le fa go ntse jalo, go na le gore Mark a tseege maikutlo, o ne a letla gore nako e e rileng e fete. Go ne ga direga eng ka lenyalo la gagwe?

Mark a re: “Se se itumedisang ke gore gone jaanong lenyalo la rona le nonofile go feta pele. Le ne la tswelela le tokafala fa e sa le mogatsake a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa mo dingwageng di le 15 tse di fetileng.” Ke eng se se neng sa dira gore lenyalo la bone le atlege? Mark a re: “Fa ke akanya sentle ke ka gonne mogatsake o ne a dirisa kgakololo e e molemo ya Baebele. Ka metlha o ne a leka go ntlotla.”

Kgakololo ya Basadi ba ba Atlegileng

Fa e le gore o mosadi yo o kopanelang le Basupi ba ga Jehofa, o ka dira eng le go bua eng go dira gore molekane wa gago a se ka a tlhobaela? Ela tlhoko dikakgelo tsa basadi bano ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng tsa lefatshe.

Sakiko, Japane: “Ke na le dingwaga di le 31 ke nyetswe mme ke na le bana ba le bararo. Go setse go fetile dingwaga di le 22 ke ntse ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go nna le monna yo o sa dumeleng se ke se dumelang. Mme ke leka ka natla go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore ke nne ‘bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.’ (Jakobe 1:19) Ke leka go nna pelonomi mo go mogatsake le go dira se a se batlang fa se se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. Seno se dirile gore lenyalo la rona le atlege.”

Nadezhda, Russia: “Ke na le dingwaga di le 28 ke nyetswe mme go setse go fetile dingwaga di le 16 ke kolobeditswe. Pele ke ithuta Baebele ke ne ke sa akanye gore mogatsake o ne a tshwanetse go nna tlhogo ya lelapa. Ke ne ke rata go dira ditshwetso di le dintsi ke le esi. Le fa go ntse jalo, ka iketlo ke ne ka lemoga gore go dirisa melaometheo ya Baebele go ne ga dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo lelapeng la rona. (1 Bakorintha 11:3) Fa nako e ntse e ile, go ne ga nna motlhofo gore ke ikobe mme mogatsake o ne a lemoga diphetogo tseno.”

Marli, Brazil: “Ke na le bana ba le babedi le dingwaga di le 21 ke ntse ke nyetswe. Ke ne ka kolobediwa dingwaga di le 16 tse di fetileng. Ke ne ka ithuta gore Jehofa Modimo o batla gore banyalani ba nne mmogo, e seng gore ba kgaogane. Ka jalo, ke leka go nna mosadi yo o molemo, go bua le go dira dilo ka tsela e e itumedisang Jehofa le mogatsake.”

Larisa, Russia: “Dingwaga di ka nna 19 tse di fetileng fa ke ne ke nna Mosupi wa ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore selo sa botlhokwa e ne e le gore ke dire diphetogo mo botshelong jwa me. Mogatsake o kgona go bona kafa Baebele e nthusitseng ka gone go nna mosadi yo o molemo le go mo rata. Kwa tshimologong re ne re sa dumalane malebana le kafa re tshwanetseng go godisa bana ka gone, mme re ne ra baakanya bothata joo. Mogatsake o letla bana ba rona go tsamaya le nna kwa dipokanong tse di rutang Baebele ka gonne a lemoga gore ba rutiwa fela se se tla ba solegelang molemo.”

Valquíria, Brazil: “Ke na le ngwana a le esi le dingwaga di le 19 ke ntse ke nyetswe. Ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa dingwaga di le lesome le boraro tse di fetileng. Kwa tshimologong mogatsake o ne a sa batle ke nna le seabe mo tirong ya go rera. Mme ke ne ka ithuta go mo araba ka bonolo mo dilong tse a neng a amegile ka tsone le go mo thusa go bona gore Baebele e ne e nthusitse go fetola botho jwa me. Kgabagare mogatsake o ne a tlhaloganya kafa go nna le seabe mo tirong ya go rera go leng botlhokwa ka teng mo go nna. Gompieno o nkema nokeng ka botlalo mo ditirong tse di amanang le bodumedi jwa me. Fa ke ne ke ya go tshwara dithuto tsa Baebele kwa mafelong a a kwa kgakala a metseselegae, o ne a nkisa teng ka koloi ya gagwe mme a bo a nkemela kwa ntle go fitlha ke fetsa.”

Baebele e Thusa Manyalo

Fa molekane wa gago a ithuta le Basupi ba ga Jehofa, o se ka wa boifa gore seno se tla thuba lenyalo la gago. Jaaka banna le basadi ba bantsi mo dinageng tsotlhe mo lefatsheng ba lemogile, Baebele e thusa manyalo.

Monna mongwe yo e seng Mosupi wa ga Jehofa o bua jaana a sa fitlhe sepe: “La ntlha fa mogatsake a ne a kgatlhegela bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ke ne ka tlalelwa mme fa nako e ntse e ile go ne ga nna le matswela a a molemo le fa go ne go le thata.” Monna yo mongwe ene o ne a bua jaana ka mosadi wa gagwe: “Go ikanyega ga mosadi wa me le go ikemisetsa ga gagwe go ne ga dira gore ke rate Basupi ba ga Jehofa fela thata. Bodumedi jwa gagwe bo ne jwa thusa gore lenyalo la rona le atlege. Re dirisana sentle mme re tsaya lenyalo la rona e le kgolagano ya botshelo jotlhe.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

Basupi ba ga Jehofa ba Leba Lenyalo Jang?

Basupi ba ga Jehofa ba leba Baebele e le Lefoko le le tlhotlheleditsweng ke Modimo. Ka jalo ba tsaya tsia se le se bolelang ka lenyalo. Ela tlhoko se Baebele e se buang fa e araba dipotso tse di latelang:

A Basupi ba ga Jehofa ba kgothaletsa maloko a bone go kgaogana le balekane ba bone ba lenyalo ba e seng Basupi? Nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa mokaulengwe mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme le fa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se mo tlogele; le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme le fa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se tlogele monna wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:12, 13) Basupi ba ga Jehofa ba latela taelo eno.

A mosadi yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o kgothalediwa go tlhokomologa se monna wa gagwe yo e seng Mosupi a se batlang? Nnyaa. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”—1 Petere 3:1, 2.

A Basupi ba ga Jehofa ba ruta gore monna yo o nyetseng o na le taolo e e feletseng? Nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke batla gore lo itse gore tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Mosadi wa Mokeresete o tla tlotla monna wa gagwe e re ka e le tlhogo ya lelapa. Le fa go ntse jalo, monna yo o nyetseng ga a na taolo e e feletseng. O ikarabelela mo Modimong le mo go Keresete. Ka jalo, fa monna a laela mosadi wa gagwe go dira dilo tse di leng kgatlhanong le molao wa Modimo, mosadi wa Mokeresete o tla “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

A Basupi ba ga Jehofa ba ruta gore motho ga a tshwanela go tlhala? Nnyaa. Jesu Keresete o ne a re: “Ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo], mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Mathaio 19:9) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dumela mo go se Jesu a neng a se bua ka gore boaka ke jone fela bo ka dirang gore motho a tlhale. Le fa go ntse jalo, ba dumela gore batho ga ba a tshwanela go tlhalana ka mabaka a e seng a sepe. Ba kgothaletsa maloko a bone go ikobela mafoko ano a ga Jesu: “Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe. . . . Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:5, 6.