Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang Baetsi ba Modimo”

“Nnang Baetsi ba Modimo”

 Atamalana le Modimo

“Nnang Baetsi ba Modimo”

Baefeso 4:32–5:2

BOPELONOMI. Kutlwelobotlhoko. Go itshwarela. Lorato. Go utlwisa botlhoko go bo gompieno re bona batho ba ba nang le dinonofo tse di ntseng jalo ka sewelo. Go tweng ka wena? A o kile wa nna le maikutlo a gore le fa o leka ka natla o ka se kgone go nna le dinonofo tseno tse di molemo? Go itshwayatshwaya diphoso go ka dira gore motho a akanye gore dikgoreletsi dingwe tse di jaaka mekgwa mengwe e e bosula kgotsa dilo tse di utlwisang botlhoko tse di mo diragaletseng mo nakong e e fetileng, di dira gore a se kgone go nna le dinonofo tse di kgatlhang tseno. Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta boammaaruri jono jo bo tlhatswang pelo—Mmopi wa rona o itse gore re na le bokgoni jwa go nna le dinonofo tseno tse di molemo.

Lefoko la Modimo le gakolola Bakeresete ba boammaaruri jaana: “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Mafoko ao a bontsha kafa Modimo a ikanyang baobamedi ba gagwe ka gone. Re itse seo jang? Jehofa Modimo o bopile motho mo setshwanong sa gagwe kafa tshwanong ya gagwe. (Genesise 1:26, 27) Ka jalo Modimo o ne a bopa batho ba na le dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe. * Mme gone fa Baebele e kgothaletsa Bakeresete “go nna baetsi ba Modimo,” e nna e kete Jehofa ka boene o ba raya a re: ‘Ke a lo tshepa. Ke a itse gore le fa lo sa itekanela lo ka kgona go nna jaaka nna go ya bokgakaleng jo bo rileng.’

Dingwe tsa dinonofo tsa Modimo tse re ka di etsang ke dife? Ditemana tse di dikologileng temana eo di a araba. Ela tlhoko gore Paulo o ne a simolola kgakololo ya gagwe ya gore re etse Modimo ka lefoko “jalo.” Lefoko leno le amanya temana eno le e e fetileng, e e buang ka bopelonomi, go nna pelotlhomogi ka bonolo le go itshwarela. (Baefeso 4:32; 5:1, 2) Go tswa foo, mo temaneng e e tlang morago ga e e buang ka go etsa Modimo, Paulo o bolelela Bakeresete go gagamalela tsela ya botshelo e e bontshang gore ba rata ba bangwe ka tsela ya mmatota. (Baefeso 5:2) Ke boammaaruri gore, mo kgannyeng ya go nna pelonomi, go bontsha pelotlhomogi go tswa pelong, go itshwarela ba bangwe ka kgololesego le go ba rata, re na le sekao se se di gaisang tsotlhe se re ka se etsang—Jehofa Modimo.

Ke eng fa re tshwanetse go batla go tshwana le Modimo? Ela tlhoko mafoko ano a ga Paulo a a tlhotlheletsang e bile a le mosola: “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” A seo ga se ame maikutlo? Jehofa o leba baobamedi ba gagwe e le bana ba a ba ratang tota. Fela jaaka mosimanyana a leka go etsa rraagwe, Bakeresete le bone ba leka ka bojotlhe go etsa Rraabone yo o kwa legodimong.

Jehofa ga a pateletse batho go mo etsa. Go na le moo, o re neile kgololesego ya go itlhophela. Motho ke ene a itlhophelang gore a o tla nna moetsi wa Modimo kgotsa nnyaa. (Duteronome 30:19, 20) Mme gone se lebale gore o na le bokgoni jwa go etsa dinonofo tsa Modimo. Gone ke boammaaruri gore, gore o kgone go etsa Modimo o tshwanetse go ithuta ka ene le dinonofo tsa gagwe. Baebele e ka go thusa go ithuta ka dinonofo le ditsela tsa Modimo yo botho jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope bo tlhotlheleditseng dimilione tsa batho go mo etsa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bakolosa 3:9, 10 e bontsha gore go dirwa mo setshwanong sa Modimo go amana le dinonofo tse motho a nnang le tsone. Ba ba batlang go itumedisa Modimo ba kgothalediwa go apara “botho jo bosha” jo bo “ntšhafadiwang . . . go ya ka setshwano sa Ene [Modimo] yo o neng a bo bopa.”