TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG February 2014

Makasine ono o tlhalosa ditiragalo tse di kgatlhang tse di mo go Pesalema 45. Gape o re thusa gore re anaanele Jehofa Modimo yo e leng Motlamedi, Mosireletsi le Tsala ya rona e Kgolo.

Bakang Keresete—Kgosi e e Galalelang!

Ditiragalo tse di kgatlhang tse di tlhalositsweng mo go Pesalema 45 di na le bokao bofe mo go rona gompieno?

Itumelele Lenyalo la Kwana!

Monyadiwa ke mang, mme Keresete o ntse a mmaakanyetsa lenyalo jang? Ke bomang ba ba tla itumelelang lenyalo leo?

Motlholagadi wa Kwa Sarepate O ne A Duelwa ka Ntlha ya Tumelo ya Gagwe

Go tsosiwa ga morwa motlholagadi e ne e le nngwe ya ditiragalo tse di nonotshang tumelo thata mo botshelong jwa gagwe. Re ithuta eng mo go ene?

Jehofa—Motlamedi le Mosireletsi wa Rona

Anaanela Jehofa Modimo jaaka e le Rraarona yo o kwa legodimong. Ithute kafa o ka nonotshang kamano ya gago ka gone le Modimo yo e leng Motlamedi yo Mogolo le Mosireletsi.

Jehofa—Tsala ya Rona e Kgolo

Akanya ka sekao sa ga Aborahame le Gideone, ditsala tse dikgolo tsa ga Jehofa Modimo. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le mabaka afe a go nna ba “letile” Mesia?

‘Bona Bontle Jwa ga Jehofa’

Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo o ne a anaanela thulaganyo ya Modimo ya kobamelo ya boammaaruri. Re ka itumelela jang kobamelo ya boammaaruri gompieno?

GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

Baesekopo e e Agang Tumelo ya Dingwaga di le 100

Monongwaga ke ngwaga wa bo100 fa e sa le “Photo-Drama of Creation” e tshamekiwa lekgetlho la ntlha, mme e ne e le baesekopo e e diretsweng go thusa batho gore ba nne le tumelo mo Baebeleng gore ke Lefoko la Modimo.