Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Dikamano

Dintlha ka Dikamano

Fa o batla dikgakololo ka dikamano, a Baebele ke yone ya ntlha e o ka lebang mo go yone kgotsa a ke ya bofelo? Sekaseka ka fa botlhale jo bo mo go yone jwa bogologolo bo amanang ka gone le dipatlisiso tsa bosheng.

India

Go ya ka patlisiso e e dirilweng ka 2014, diperesente di le 61 tsa basha ba dingwaga tse 18-25 ba dumela gore go robalana pele ga lenyalo “ke selo se se tlwaelegileng kwa India.” Mo lokwalodikganyeng lwa Hindustan Times, ngaka nngwe ya kwa Mumbai e ne ya re go ya ka yone “fa basha ba simolola go ratana, ga go reye gore ba akantse ka go nyalana. Ga ba tlhoke go dira maitlamo e ka ne ba robalana maitseboa a ba kopaneng ka one ba bo ba tswa ba kgaogana, ba intsha bodutu ka go ratana kgotsa ba nna mmogo ba sa nyalana.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: A malwetse a a tshelanwang ka thobalano le go tlalelwa thata go bakwa ke thobalano pele ga lenyalo kgotsa morago ga lone?—1 Bakorintha 6:18.

Denmark

Go nna o ngangisana le ba lelapa la gago thata go amanngwa le kotsi ya go swa ga batho ba dingwaga di le 35-50 e menagane gabedi. Babatlisisi ba kwa Yunibesithing ya Copenhagen ba ne ba dira patlisiso mo bathong ba ka nna 10 000 ka dingwaga di feta 11 mme ba lemoga gore ba ba neng ba ngangisana thata le batho ba ba atamalaneng le bone ba ne ba swa ka bonako go na le ba ba neng ba sa ngangisane thata le batho ba ba atamalaneng le bone. Mokwadi wa patlisiso eo a re go rarabolola mathata, ditlhokego le dikgotlhang, “e ka nna dilo tse di botlhokwa tse di ka fokotsang go swa ka bonako.”

BAEBELE YA RE: “Ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso, mme motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.”—Diane 17:27.

United States

Patlisiso nngwe e e dirilweng bosheng mo bathong ba le 564 ba ba sa tswang go nyalana kwa Louisiana ya re gantsi baratani ba ba nnelang go kgaogana le go boelana fa ba sa ntse ba intsha, ba ka kgaogana mo dingwageng tsa ntlha tse tlhano ba nyalane mme e se ka fa molaong. Gape ba nna ba na le dikgotlhang e bile ba sa kgotsofalele molekane wa bone wa lenyalo.

BAEBELE YA RE: “Se Modimo a se kopantseng mmogo [mo lenyalong] a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.