TSOGANG! March 2014 | Kgang E e Sa Itseweng ya Popo
Go na le pharologano e kgolo fa gare ga se Baebele e se buang ka popo le se batho ba le bantsi ba akanyang gore e a se bua.
Ditiragalo Tsa Lefatshe
E bua ka: thoromo ya lefatshe e e amanang le go epiwa ga metsi kafa tlase ga lefatshe, naga e ntšha e e di gogang kwa pele mo go diriseng madi a mantsi mo bojanaleng le go ilediwa ga dikgetsana tsa polasetiki.
SETLHOGO SA KA FA NTLE
Kgang E e Sa Itseweng ya Popo
A pego ya Baebele ya popo e dumalana le dintlha tsa saense?
Masaitseweng a Dikeledi
Go farologana le bagolo, gantsi masea a a sa tswang go tsholwa ga a tsholole dikeledi go bontsha maikutlo. Ka ntlha yang?
GO THUSA LELAPA
Fa o Swabisitswe ke Lenyalo la Gago
A gone jaanong wena le molekane wa gago lo ntse jaaka e kete lo mo kgolegelong mmogo go na le go itumela mmogo? Go na le ditsela tse tlhano tse di ka thusang lenyalo la gago.
A GO TLHAMILWE?
Letlalo la Noga
Ke eng se se dirang gore letlalo la noga le nne thata mo e ka palamang dikutu tse di magwata tsa ditlhare kgotsa go epa mesima mo metlhabeng e e gotlhang?
Tse Dingwe
O ka Tlogela Jang go Beela Dilo Nako e e Tlang?
Bona dintlha tse o ka di dirisang tse di malebana le go tlogela go beela dilo nako e e tlang!
O ka Itse Jang Gore a Motho o go Siametse?
O ka kgona jang go lebelela ka kwa ga se o se bonang mme o bone se tota motho yo o mo kgatlhegelang a leng sone?
Se Basha ba se Buang ka go Tshwenngwa ka Tsa Tlhakanelodikobo
Utlwa se basha ba batlhano ba se buang ka go tshwenngwa ka tsa tlhakanelodikobo le gore o ka dirang fa go go diragalela.
Dipotso: Ke Mang yo o Buileng Mafoko Ano? (Genesise 41-50)
Itseele thuto eno mme o bone gore a o ka gokaganya maina a batho le se ba se buileng.