Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Tilang Dikotsi Tsa Koloi ka Gone

Kafa o ka Tilang Dikotsi Tsa Koloi ka Gone

Kafa o ka Tilang Dikotsi Tsa Koloi ka Gone

GO LELA dithaere, ditshipi di a thulana, digalase di a thubega le batho ba a goa . . . Gongwe medumo eno e tlwaelegile mo mothong ope fela yo o kileng a amega mo kotsing ya koloi. Population Reference Bureau e bega gore mo lefatsheng ka bophara, “go fopholediwa gore batho ba ba ka nnang dimilione di le 1,2 ba swa mo dikotsing tsa ditsela ngwaga le ngwaga mme ba ba ka nnang dimilione di le 50 ba gobala mo go tsone.”

Le fa go ntse jalo, go amega ka pabalesego le go dirisa temogo go ka go thusa go tila dikotsi di le dintsi. Mma re bone gore o ka dira seo jang.

Lobelo lo lo Tlhomilweng, Mabanta a Pabalesego le Melaetsa ya Founo

Mo ditseleng dingwe, lobelo lo lo tlhomilweng lwa tsela lo ka lebega lo le kwa tlase thata. Mme go kgweetsa ka lobelo lo lo fetang lo lo tlhomilweng gantsi ga go dire pharologanyo e kalo mo nakong e o tla e tsayang go fitlha kwa o yang teng. Ka sekai, fa o tlile go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 80 mme o bo o swetsa ka gore o tsamaye ka lobelo lwa dikilometara di le 130 ka ura mo tseleng e go tlhomilweng gore go tsamaiwe ka lobelo lwa dikilometara di le 100 ka ura, o ne o tla fitlha kwa o yang gone pele ga nako ka metsotso e e kwa tlase ga e le robongwe fela. A go bona nakonyana eo e nnye go mosola fa e le gore o ka baka kotsi ya tsela?

Mabanta a pabalesego a diretswe go re sireletsa. Mokgatlho mongwe wa puso kwa United States o ne wa konela ka go re, kwa nageng eo fela mabanta a pabalesego a bolokile matshelo a batho ba le 72 000 mo gare ga dingwaga tsa 2005 le 2009. A air bag e tsaya boemo jwa lebanta la pabalesego? Nnyaa. Air bag e bereka le lebanta la pabalesego gore e go sireletse le go feta. Fa o sa bofe lebanta la gago la pabalesego, air bag e ka se kgone go go thusa, tota e bile e ka nna kotsi. Ka jalo, itlwaetse go bofa lebanta la pabalesego mme o dire gore batho ba ba palameng koloi ya gago le bone ba dire jalo. Tlhagiso e nngwe ke eno: Le ka motlha o se ka wa leka go bala kgotsa go kwala melaetsa ka founo o ntse o kgweetsa.

Maemo a Tsela le go Tlhokomela Koloi

Tsela e dithaere di kgonang go itsetsepela ka yone mo tseleng e a fokotsega fa koloi e tsamaya mo tseleng e e nang le metsi kgotsa e e nang le lerole, motlhaba kgotsa mmu o o makgarapana. Fa o tsamaya ka lobelo lo lo kwa tlase, go ka se direge gore o relele fa o gata mariki. Fa e le gore ka metlha o kgweetsa mo tseleng e e nang le kapoko kgotsa aese, akanyetsa go reka dithaere tse di ka kgonang go tsamaya mo kapokong ka nako ya mariga. Dithaere tseno di na le metlhala e e kwa teng e bile di kgona go itsetsepela botoka mo tseleng.

Marakanelo a ditsela a kotsi mo bakgweetsing botlhe. Moitse mongwe o akantsha ntlha e e latelang: Fa roboto e nna tala, leta pele o tsena mo marakanelong ao a ditsela. Ka go leta nakonyana e se kae, o ka nna wa tila go thulwa ke koloi e e fetileng roboto e e khibidu.

Go boloka koloi ya gago e le mo maemong a a siameng go botlhokwa gore o tile dikotsi. Akanya fela gore go ne go tla direga eng fa mariki a ne a ka se bereke fa o ntse o kgweetsa. Go tila mathata a a ka nnang teng, beng bangwe ba dikoloi ba rulaganya gore gangwe le gape dikoloi tsa bone di baakanngwe ke makheneke yo o nang le bokgoni. Kafa letlhakoreng le lengwe, beng ba bangwe ba dikoloi ba swetsa ka gore ba ipaakanyetse dilo dingwe mo dikoloing tsa bone. Le fa o ka tswa o dira tiro eno jang, tlhomamisa gore koloi ya gago e a tlhatlhobiwa le go baakanngwa mo go tlhokegang gone.

Go Kgweetsa o Itshietse

Bakgweetsi ba gantsi ba leng kelotlhoko e bile ba kgweetsa ka pabalesego ba ka itsenya mo kotsing e kgolo ka go kgweetsa fa ba sena go nwa senotagi. Ka ngwaga wa 2008, batho ba ba fetang 37 000 ba ile ba swa mo dikotsing tsa dikoloi kwa United States. Mo e ka nnang nngwetharong ya batho bano e ile ya swa mo dikotsing tse di bakilweng ke bakgweetsi ba ba itshietseng. Tota le e leng selekanyo se sennye sa bojalwa se ka kgoreletsa bokgoni jwa gago jwa go kgweetsa. Batho bangwe ba swetsa ka gore ba se ka ba nwa bojalwa gotlhelele fa e le gore ba tlile go kgweetsa.

Go ikobela melao ya tsela, go bofa lebanta la pabalesego, go boloka koloi ya gago e le mo maemong a a siameng le go tila go kgweetsa fa o sena go nwa dinotagi, go ka sireletsa botshelo jwa gago le matshelo a batho ba bangwe. Dikakantsho tseno di ka go thusa go tila dikotsi fa o ntse o kgweetsa, fa fela e le gore o tla di dirisa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  11]

O SE KA WA KGWEETSA FA O OTSELA

“Batho ba tshwanetse go gakologelwa gore go kgweetsa o otsela ke selo se se ka kgoreletsang bokgoni jwa gago fela jaaka go kgweetsa o tagilwe.” Mafoko ano a a builweng ke modiredimogolo wa U.S. National Sleep Foundation a bontsha kotsi ya go kgweetsa o otsela. Matshwao a a latelang a bontsha gore go ka nna kotsi gore o kgweetse: *

Go palelwa ke go tlhoma mogopolo, go bonyabonya gantsi kgotsa go palelwa ke go boloka matlho a gago a bulegile

Go palelwa ke go boloka tlhogo ya gago e tlhamaletse

Go edimola gantsi

Go palelwa ke go gakologelwa dikilometara tse o setseng o di kgweeditse

Go fosa ditsela tse o tshwanetseng go fapogela mo go tsone kgotsa matshwao a pharakano

Go tswa mo letlhakoreng la gago la tsela, go atamela koloi e e fa pele ga gago thata kgotsa go tla o gata dilo tse di go tsibosang gore o tswa mo tseleng

Fa o nna le matshwao ano, dira gore go kgweetse motho yo mongwe kgotsa o emise koloi mo lefelong le le babalesegileng gore o robale go sekaenyana. Pabalesego ya gago le ya batho ba bangwe e botlhokwa thata le fa o ka diega!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Lenaane leno le tswa go National Sleep Foundation.