Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Lekwating go ya Kwa Botlolong—Kafa Khoko e Dirwang ka Teng

Go Tswa mo Lekwating go ya Kwa Botlolong—Kafa Khoko e Dirwang ka Teng

Go Tswa mo Lekwating go ya Kwa Botlolong—Kafa Khoko e Dirwang ka Teng

A o ka akanya ka lekwati la setlhare le na le seabe se segolo mo go dirweng ga dienjene, dibolo tsa kerikete, tsa “baseball” le mo go dirweng ga “champagne”—lekwati le le ileng la dirisiwa dingwaga di le diketekete tse di fetileng ke batshwari ba ditlhapi le basadi ba maemo a a kwa godimo la ba la dirisiwa le kwa lefaufaung? Se se gakgamatsang le go feta ke gore lekwati leno le le tlhomologileng le ka dira dilo tseno tsotlhe kwantle ga gore setlhare se kgaolwe!

KHOKO ke karolo e e ka fa ntle ya lekwati la setlhare sa moakere sa khoko. Mme lekwati leno ga se lekwati le le tlwaelegileng. Ga le boima, ga le fisiwe ke molelo e bile le a taologa.

Ngwaga le ngwaga, setlhare sa moakere sa khoko se tswelela go ntsha lekwati la sone le le sa senyegeng motlhofo. Fa lekwati leno le sa rojwa, le ka kgona go gola go nna bokima jwa disentimetara di le 25—le kgona go sireletsa setlhare mo mogoteng, mo botsididing le mo melelong ya dikgwa. Fa barobi ba tlosa lekwati la setlhare sa moakere sa khoko, le tsaya dingwaga tse di ka nnang lesome gore le kgone go gola gape ka iketlo.

Portugal e dira diperesente di ka nna 55 tsa khoko ya lefatshe lotlhe, Spain e dira diperesente di ka nna 30 mme dinaga tse dingwe (go akaretsa Algeria, Fora, Italy, Morocco le Tunisia) di dira diperesente di ka nna 15 tse di setseng. *

E Dirisediwa Dilo Tse Dintsi

Baroma le Bagerika ba ile ba lemoga gore ba ne ba ka dirisa khoko go dira dilo tse di kokobalang tsa matlowa a a tshwarang ditlhapi le disolo tse di tsamaisang monate tsa bompaatšhane. Gape go lebega ba ile ba dirisa khoko go dira dithibo tsa dinkgo. E re ka e kgona go taologa le fa e le mo dithemperetšheng tse di mogote, khoko e siametse go dira di-gasket tsa enjene. Gape ke karolo ya botlhokwa ya diphanele tsa mogote tse di dirisiwang mo disutlhalefaufaung dingwe.

E re ka beng ba matlo ba le bantsi ba rata tsela e di lebegang ka yone le go kgona ga tsone go thuthafatsa matlo a bone, dithaele tsa khoko di setse di dirisiwa thata go kgabisa mabota le fa fatshe. Batho ba ba dirang dilo tse di dirisiwang mo metshamekong le bone ba lemogile gore khoko e botlhokwa go dira karolo e e ka fa gare ya baseball kgotsa matshwaro a thobane ya go tshwara ditlhapi. Gone mme, gongwe khoko e itsiwe thata go dirisediwa go nna sethibo sa dibotlolo tsa beine le tsa champagne.—Bona lebokoso le le reng “Sethibo se se Tshwanelang.”

Ga e Senye Tikologo

Masimo a a tlhokometsweng sentle a ditlhare tsa khoko ke bosupi jwa gore batho ba ka kgona go dirisa dilo tsa tlholego sentle—ba roba dilo tse di tlhagang ka tlholego ba sa senye tikologo. Ditlhare tsa bogologolo tsa moakere tsa khoko di dira gore metseselegae e lebege bontle, di direla dikgomo tse di fulang ka fa tlase ga dikala tsa tsone moriti le dijo mme di fokotsa mogote o mogolo wa selemo.

Dinonyane di le mmalwa tse di mo kotsing ya go nyelela—go akaretsa mofuta mongwe wa bontsu, lenong le lentsho le kokolofute e ntsho—di ikaegile ka ditlhare tse dikgolo tsa moakere tsa khoko gore di dire dintlhaga tse di di siametseng. Thwane ya Iberia e e mo kotsing ya go nyelela le yone e bona tshireletsego mo ditlhareng tseno tsa moakere. Bosheng jaana, World Wildlife Fund e ne ya bolela gore e le gore mefuta eno ya bothwane e kgone go tswelela e tshela, go ikaegile ka go atlega ga kgwebo ya khoko kwa Spain le Portugal.

Ka jalo, mo nakong e e tlang fa o tlosa khoko mo botlolong ya beine, iphe nako ya go e anaanela. O tla bo o tshwere selo sa tlholego, se se sa kgotleleng tikologo e bile se kgona go intšhafatsa. Mme tsela e e dirisiwang ka yone e sireletsa tikologo. Ruri setlhare seno se solegela batho molemo!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Setlhare sa moakere sa khoko se gola kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe mme khoko e e dirisediwang kgwebo yone e tswa thata kwa kgaolong ya Mediterranean, kwa ditlhare tseno di itlhogelang fela gone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe  20]

“Sethibo se se Tshwanelang”

Miguel Elena, yo e leng mokaedi wa Institute for Cork, Wood and Charcoal, e e kwa Extremadura, Spain, o tlhalosa mo go oketsegileng ka go dirisiwa ga khoko jaaka sethibo.

Khoko ke sethibo se se molemo go le kana kang?

Nkile ka bona dikhoko di tlosiwa mo dibotlolong tse di sa bolong go bewa ka dingwaga tse di fetang lekgolo mme beine ya tsone e sa ntse e le mo maemong a a siameng! Khoko ke sethibo se se tshwanelang.

Setlhare sa moakere sa khoko se tshwanetse sa bo se na le dingwaga di le kae gore khoko e rojwe mo go sone go dira dithibo?

Gore go dirwe sethibo sa maemo a a kwa godimo, setlhare sa moakere sa khoko se tshwanetse go nna bobotlana dingwaga di le 50, le fa gone thobo ya ntlha e ka dirwa morago ga dingwaga di le 25 fa go sena go jalwa peo ya sone. Gone ke boammaaruri gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba ikemiseditseng go beeletsa mo sejalong se se tla dirang madi morago ga dingwaga di le 50. Tota e bile, ga ke kgone go akanya ka kgwebo epe e e ka letang lobaka lo lo kalo pele ga e ka dira lotseno.

Setlhare sa moakere sa khoko se kgona go tshela nako e e kana kang?

Setlhare sa moakere sa khoko se ka kgona go tshela go fitlha dingwaga tse di ka nnang 200 mme ditlhare dingwe di ka kgona go tshela nako e telele le go feta. Khoko e rojwa morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le robongwe.

Go dirilwe eng gore khoko e tswelele pele e ntse e dirwa?

Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa le puso ya mo kgaolong ya rona di thusa batho ka madi go ba kgothaletsa go tswelela ba jala ditlhare tsa moakere tsa khoko. Ka jalo, mo dingwageng tsa bosheng re ile ra jala diheketara tsa ditlhare tse disha tsa khoko ra ba ra tokafatsa tse di setseng di le gone.

Go dirilwe kgatelopele efe bosheng jaana malebana le go dirwa ga khoko?

Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, re dirile dipatlisiso di le dintsi go leka go bona dipeo tsa boleng jo bo kwa godimo. Mme gape re dirisana thata le dinaga tse dingwe tse di dirang khoko go tokafatsa tsela e re di dirang ka yone. Re ile ra simolola go dirisa mofuta mongwe wa saga ya letsogo e e dirang gore barobi ba khoko ba kgone go tlosa lekwati ka kelotlhoko, e leng tiro e e sa bolong go dirwa ka dilepe ka makgolokgolo a dingwaga.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Nako le nako fa le sena go rojwa, lekwati le boa le gola gape

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Badiri ba ba ditswerere ba tlosa lekwati ka kelotlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Dipolanka di pakilwe, di siametse tiro e e latelang

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Dikhoko tsa maemo a a kwa godimo di sa ntse di phunngwa ka letsogo

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Masaledi le dikarolwana di a kokoanngwa di bo di kopanngwa go dira dikhoko le dilo tse dingwe