Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Basadi ba ba nnang kwa dinageng tse di humanegileng ba mo kotsing ya go swa ka nako ya fa e le baimana kgotsa ya fa ba belega ka makgetlho a le 300 go gaisa fa ba ka bo ba nna kwa dinageng tse di humileng.”—BUSINESSWORLD, PHILIPPINES.

Go ya ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Jeremane, diperesente di le 40 tsa bana ba koo ba ba mo dingwageng tse di fa gare ga 11 go ya go di le 15 ga ba itse gore letsatsi le tlhaba kwa botlhaba; fa diperesente di le 60 tsone di sa itse gore nako e ngwedi e e tletseng e latelanang ka yone ke dibeke di le nné.—WELT ONLINE, JEREMANE.

Baithutamarope ba ile ba fitlhela tempele ya Bafilisitia kwa Gathe wa bogologolo. Kago eo, e e itshetleditseng ka dipilara di le pedi, e tshwana le e e mo pegong ya Baebele ya ga Samesone, yo o neng a itshegeletsa ka dipilara tse di tshwanang le tseo a bo a dira gore tempele e phutlhame.—THE JERUSALEM POST, ISERAELE.

Go Nyala Basadi ba Dinaga di Sele ba Ba-Asia

Lokwalodikgang lwa mo Internet lwa BusinessWorld la kwa Philippines lo bolela jaana: “Palo ya banna ba Ba-Asia ba ba tswang kwa dinageng tse di humileng, tse di jaaka Japane le Korea Borwa, ba ba batlang banyadiwa ba ba tswang kwa dinageng tse di humanegileng [tsa Asia] tse di jaaka Vietnam le Philippines, e ntse e oketsega. Mo dingwageng tse di fa gare ga 1995 le 2006, palo ya banna ba Bajapane ba ba nyalang basadi ba batswakwa e ne ya oketsega ka diperesente di le 73. Ka ntlha yang? Pego eo ya re: “Basadi ba Bajapane ba ba ikemetseng mo go tsa madi ba rata go tlhopha banna” e bile ba okaoka thata go tsena mo lenyalong. Ka fa letlhakoreng le lengwe, basadi ba ba tswang kwa dinageng tse di humanegileng ba ikemiseditse go nyalwa ke banna ba ba berekang ba ba kwa dinageng tse di humileng, ka gonne ba ba “naya tsholofelo ya go tshela botshelo jo bo botoka.”

A e Tokafatsa go sa Ikanyege?

Aterese nngwe ya Internet ya go intsha le mongwe e e tsositseng kgaruru e bile e dira kwa dinageng di le tlhano, e buelela ditirelo tsa yone ka moano o o reng: “Botshelo bo bo khutswane. Ipatlele nyatsi.” Go ya ka mosimolodi wa aterese eno, tirelo eno ga e dire gore batho ba se ka ba ikanyega mo balekaneng ba bone, e re ka batho ba ba e dirisang “ba setse ba dirile tshwetso ya go dira jalo.” O gatelela jaana: “Mathata a mantsi a a amanang le go se ikanyege a nna gone ka go bo batho bao ba tshwarwa. Re letla batho ba ba batlang dinyatsi gore ba dire jalo ka kelotlhoko. Ga re a simolola go sa ikanyege—re go tokafaditse fela.” Tirelo eo e na le maloko a le dimillione tse di ka nnang 6,4.

A o Tshotswe O na Le Bokgoni Jwa go Bina?

Pego nngwe e e gatisitsweng ke babatlisisi bangwe go tswa kwa yunibesithing ya York, kwa Engelane le ya Jyväskylä, kwa Finland e bolela jaana: “Batho ba na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go tsamaisa dikarolo tsa mebele ya bone fa ba tlhotlhelediwa ke se ditsebe tsa bone di se utlwang, jaaka go itaya lonao fa fatshe kgotsa go bina, fa ba utlwa mmino o o ba tlhotlheletsang go dira jalo.” Babatlisisi ba fitlhetse gore le e leng pele ga masea a ithuta go bua, a ne a tsibogela moribo wa mmino e bile go itiragalela fela gore a leke go dira gore mebele ya one e tsamaisane le moribo oo. Fa a ntse a atlega mo maitekong ano, a nyenya le go feta. Seno se bontsha gore, go kgona go utlwa moribo le go eletsa go dira gore mmele o tsamaisane le mmino ga se selo se re se ithutang mme ke selo se se itlelang fela ka tlholego.