Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlha wa Katlego wa ga Kgosigadi Elizabeth I—A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

Motlha wa Katlego wa ga Kgosigadi Elizabeth I—A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

Motlha wa Katlego wa ga Kgosigadi Elizabeth I—A ke Leinane Kgotsa ke Boammaaruri?

E NE e le mmamoratwa wa motlha wa gagwe. Bakwadi, baboki, bakwadi ba metshameko le badiri ba difilimi ba motlha wa segompieno ba dirile gore go tuma ga gagwe go tswelele. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go nnile le dibuka tse dintsi le dipontsho tse di ka ga ene. Mo potsolotsong nngwe ya lefatshe lotlhe, o ne a tlhalosiwa e le mongwe wa batho ba ntlha ba ba lesome ba maemo a a kwa godimo ba kwa Boritane. E ne e le Kgosigadi Elizabeth I wa kwa Engelane.

Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba ile ba bua thata jaana ka mmusimogolo yono, yo ka motlha wa gagwe a neng a itsege e le Kgosigadi ya Lekgarebana le Kgosigadi Bess yo o Siameng? A tota puso ya gagwe e ne e le ya motlha wa katlego?

O Nna Mojaboswa wa Mathata a le Mantsi

Elizabeth Tudor o ne a tsholwa ka 1533—fa rraagwe e bong Henry VIII a ne a kgobegile marapo thata ka gonne a ne a batla thata go nna le mojaboswa wa mosimane. Mmaagwe e bong Anne Boleyn, mosadi wa bobedi wa ga Henry, o ne a palelwa ke go tshola ngwana wa mosimane. Henry o ne a dira gore a kgaolwe tlhogo ka ntlha ya ditatofatso tse batho ba le bantsi ba akanyang gore di ne di itlhametswe. Elizabeth o ne a le dingwaga di le pedi fela ka nako eo.

Ka nako eo Henry o ne a sentse dikamano tsa gagwe le mopapa wa kwa Roma mme o ne a itlhomile tlhogo ya Kereke ya Engelane. Morago ga loso lwa ga Henry ka 1547, bagakolodi ba bodumedi ba morwawe yo mmotlana e bong Edward VI, ba ne ba leka go dira Engelane naga ya Seporotesetanta tota. Edward o ne a swa morago ga go busa dingwaga di le thataro fela mme setšhaba se ne sa fetogela gape mo tumelong ya Katoliki ya Roma kafa tlase ga puso e khutshwane e e neng e tletse ka tshololo ya madi ya ga Mary I, kgaitsadie Elizabeth ka motsadi a le mongwe. * Ka nako ya fa Elizabeth a simolola go busa ka 1558 a le dingwaga di le 25, Engelane e ne e sa kgaogana fela ka bodumedi mme gape e ne e batla e humanegile. E ne e latlhegetswe ke dikhumo tsa yone tsa bofelo tsa kwa Fora mme le Spain e ne e le matshosetsi a mmatota mo go yone.

Fa Elizabeth a simolola puso ya gagwe o ne a ipatlela bagakolodi ba ba nang le bokgoni, ba bangwe ba bone ba neng ba tla tshela nako e ntsi ya puso ya gagwe ya dingwaga di le 44. Bothata jwa ntlha jo a neng a leka go bo rarabolola e ne e le jwa bodumedi. Jaaka National Maritime Museum e tlhalosa, o ne a tlhopha “go busetsa Diphetogo Tse Dikgolo le go aga Kereke ya Engelane e e neng e sa sekamela thata mo Bokatoliking kgotsa mo Boporotesetanteng.” Go na le gore a nne tlhogo ya kereke, o ne a nna mmusi wa yone e le go reba bogale jwa batho ba ba neng ba sa kgone go amogela mosadi jaaka tlhogo ya kereke. Morago ga foo, palamente e ne ya ntsha Molao wa go Dira Dilo ka go Tshwana o o neng o tlhoma ditumelo le mekgwa ya Kereke ya Engelane, le fa go ne go bolokiwa meletlo e e rileng ya Katoliki. Ga go na pelaelo gore “go nna fa gare” gono go ne go sa itumedise Bakatoliki ba le bantsi kgotsa Baporotesetanta ba ba gagametseng thata e leng Ba-Puritan.

Go ne go na le bothata jo bongwe jo Elizabeth a neng a akanya ka jone jo bo neng bo ama ene ka namana. O ne a tla bona jang boineelo le tlotlo ya setšhaba se se neng se sa ntse se boga ditlamorago tse di sa itumediseng tsa puso e e utlwisang botlhoko ya ga Mary I? O ne a swetsa go dirisa bong jwa gagwe go mo thusa mo kgannyeng eno. Mokwalahisitori e bong Christopher Haigh o tlhalosa jaana: “Mo pusong ya gagwe Elizabeth e ne e le Kgosigadi ya Lekgarebana; mo Kerekeng e ne e le mmè, mo batlotleging ba gagwe e ne e le rakgadi, mo bagakoloding ba gagwe e ne e le mosadi yo o tshwenyang mme mo go ba ba neng ba batla go ratana le ene e le mohepisi.” Sephiri sa gagwe e ne e le go tlhomamisetsa batho ba gagwe gangwe le gape ka lorato lo lo kgethegileng lo a ba ratang ka lone. Kafa letlhakoreng le lengwe batho ba gagwe ba ne ba mo rata, kgotsa o ne a nna a ba bolelela jalo gangwe le gape, mme go ise go ye kae ba ne ba dumela seo.

Palamente e ne e batla thata gore Elizabeth a nyalwe mme a tshole mojaboswa wa Moporotesetanta. Go ne ga tla motho wa ntlha wa segosi yo o neng a mo kopa lorato mme ga latela ba bangwe. Elizabeth o ne a dira e kete o na le kgatlhego mme a bo a dira gore dipuisano tsa lenyalo di tseye dikgwedi, ka dinako tse dingwe di tseye dingwaga, pele ga a fedisa peeletso fa a bona gore ke nako e e tshwanelang ya go dira jalo ka seipato sa sepolotiki.

E re ka Elizabeth a ne a leba bodumedi ka “tekatekano” seo se ne sa dira gore go nne le batho ba ba mo logelang maano. Motho yo a neng a batla thata go mo tlhasela e ne e le ntsalae wa Mokatoliki e bong Mary Stuart, yo kereke ya Katoliki ya Yuropa e neng e mo tsaya e le ene mojaboswa yo o tshwanelang wa ga Mary I. Go nna kotsi ga ga Mary le ditsala tsa gagwe go ne ga oketsega ka 1568 fa a ne a patelediwa go tswa mo setulong sa bogosi sa kwa Scotland le gore a tshabele kwa Engelane. Le fa a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe, ka bonako fela o ne a tsewa a na le tlhotlheletso e kgolo mo ditogamaanong tsa Katoliki tsa go menola kgosigadi ya Moporotesetanta mo pusong, le fa go ntse jalo, Elizabeth o ne a gana a nitame go bolaya mmusi ka ene. Ka 1570, Mopapa Pius V o ne a ntsha lekwalo le le neng le kgaola Elizabeth mo kerekeng le go letla babusiwa ba gagwe gore ba se ka ba tlhola ba mo ikobela. Mopapa yo o latelang e bong Gregory XIII, o ne a dira se se fetang seo, a bolela gore e tla bo e se boleo go tlhasela Engelane le go tlosa kgosigadi mo setulong ka dikgoka. Elizabeth o ne a tshwanelwa ke go tsaya kgato fa leano la ga Anthony Babington la go batla go mmolaya le lemogiwa le gore Mary o ne a na le seabe mo go seo. Kgabagare, Elizabeth o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ka Mary, mme a tlhotlhelediwa ke palamente, o ne a dumela gore Mary a bolawe ka 1587. Kereke ya Katoliki ya kwa Yuropa e ne ya shakgala—mme segolobogolo Philip II wa kwa Spain.

Leano la Bopelokgale la ga Philip wa Mokatoliki

Philip, yo ka nako eo e neng e le mmusi yo o maatla go gaisa kwa Yuropa, o ne a lekile go dira gore naga ya Engelane e nne ya Sekatoliki ka go kopa Elizabeth gore a nyalane le ene fa a ne a nna kgosigadi, mme o ne a gana kopo ya gagwe. Ka dingwaga di le dintsi magodu a dikepe a kwa Engelane a ne a thukutha dikepe tsa Spain le boemakepe jwa yone ba bo ba gwetlha le taolo e ba neng ba na le yone mo dikoloneng. Go dira dilo maswe le go feta, Elizabeth o ne a tshegetsa Ba-Dutch fa ba ne ba lwela boipuso jwa bone go tswa mo go Spain. Go bolawa ga ga Mary e ne ya nna go kgotlha Philip leitlho. Ka tlhotlheletso ya mopapa, o ne a rulaganya go dirisa Armada ya kwa Spain, setlhopha se segolo sa dikepe tse di fetang 130, se se neng se tla ralala se ya kwa Netherlands, se bo se tsaya mophato o mogolo wa masole a a tsamayang ka maoto, go tswa foo se bo se kgabaganya English Channel go ya go tlhasela Engelane. Pele ga setlhopha seno sa dikepe se rulaganngwa ka botlalo, ditlhodi tsa kwa Engelane di ne tsa lemoga leano leo. Elizabeth o ne a romela Motlotlegi Francis Drake ka dikepe di le 30 kwa boemakepe jwa Spain jwa Cádiz, kwa ba neng ba senya dingwe tsa dikepe tse di botlhokwa mme seo se ne sa diegisa Armada ngwaga otlhe.

Fa kgabagare Armada e ne e tloga kwa boemakepeng ka 1588, sesole sa lewatle sa kwa Engelane se ne se e emetse. Le fa setlhopha seno sa dikepe tsa Spain se ne se tlhaselwa, se ne sa ralala English Channel se sa senyega thata mme sa ema kwa boemakepeng jwa Fora jwa Calais. Bosigo jo bo latelang Baengelane ba ne ba romela dikepe tse robedi tse di rweleng dithunyi tse di ka fisang dikepe tsa baba ba bone. Ka ntlha ya letshogo, dikepe tsa kwa Spain di ile tsa phatlalala mme morago ga go lwa ka maatla, phefo ya borwabophirima e ne ya di phailela kgakala le Engelane go ela kwa bokone go ya kwa Scotland. Difefo tsa kwa Scotland le tsa lobopo lwa kwa bophirima jwa Ireland di ne tsa senya bontlhanngwe jwa dikepe tsa Spain mme tse di setseng di ne tsa boela kwa Spain ka bonya di senyegile.

“Motlha wa Katlego” o a Simologa

Kwa tshimologong ya puso ya ga Elizabeth, Engelane e ne e se na dikhumo dipe kwa moseja. Kafa letlhakoreng le lengwe, Spain e ne e ikokoanyetsa dikhumo di le dintsi go tswa kwa mafelong a e neng e a fenya kwa Bokone, Bogare le kwa Borwa jwa Amerika. Engelane le yone e ne e batla dikhumo tseo. Ka jalo, babatli ba dikhumo ba ne ba tsamaya ka dikepe ba ralala mawatle ba batla botumo, matlotlo le ditsela tse disha tsa kgwebo go ya kwa China le kwa Botlhaba jo bo Kgakala. Motlotlegi Francis Drake e ne ya nna kapotene wa ntlha wa dikepe yo o neng a tsamaisa sekepe sa gagwe go ralala lefatshe, a thopa dikepe tsa matlotlo tsa Spain fa a ne a ntse a ralala lobopo lwa bophirima la Amerika Borwa le Bokone. E le go lwantsha taolo ya Spain mo Lefatsheng le Lesha, Motlotlegi Walter Raleigh o ne a ema nokeng maiteko a go tlhoma kolone kwa lobopong lwa Botlhaba jwa Amerika Bokone. O ne a bitsa lefelo le a neng a le gapa koo, Virginia, e le go tlotla Kgosigadi ya Lekgarebana (Virgin Queen) ya kwa Engelane. Le fa maiteko ao a ntlha a go tlhoma dikolone a ile a se ka a atlega, a ne a dira gore Engelane e nne le kgatlhego ya go ya go batla dikhumo gape mo isagweng. Fa “Armada e e sa fenngweng” ya Spain e fenngwa, Engelane e ne ya simolola go itshepa mo lewatleng mme Elizabeth o ne a ema nokeng dikgwebo tse disha tse di neng di dirwa ka kwa letlhakoreng le lengwe la lefatshe kwa borwabotlhaba jwa Asia. Go ne go theilwe motheo wa Mmusomogolo wa Boritane, o kgabagare o neng o tla dikologa lefatshe. *

Kwa Engelane, go ne go rotloediwa thuto. Go ne ga bulwa dikolo tse disha tse di neng tsa naya baithuti ba le bantsi tshono ya gore ba rutege. Go nyorelwa thutego mmogo le tiro ya go gatisa ya maemo a a kwa godimo, go dirile gore go nne le go anama ga ditso. Ono e ne e le motlha wa ga William Shakespeare le bakwadi ba bangwe ba bagolo ba metshameko. Babogedi ba ne ba thologela mo mafelong a bobogelo a a neng a sa tswa go bulwa gore ba tle go itlosa bodutu ka metshameko ya bone. Baboki ba ne ba kwala maboko ka botswerere jo bogolo mme bakwadi ba mmino bone ba ne ba simolola mefuta e mesha ya mmino. Bataki ba ba nang le bokgoni ba ne ba taka ditshwantsho tse dinnye tsa kgosigadi le batho ba ba neng ba mo kopa lorato. Go ne ga simolola go nna le dithanolo tse disha tsa Baebele mo dikerekeng le mo magaeng. Mme metlha eno ya katlego ga ya ka ya nnela ruri.

Motlha wa Katlego o a Fela

Dingwaga tsa bofelo tsa ga Elizabeth di ne di tletse ka mathata. E re ka bagakolodi ba gagwe ba a neng a ba tshepa ba ne ba tlhokafetse, o ne a naya ba le mmalwa fela ditshiamelo mme seo se ne sa galefisa kgotla, sa ba sa tsosa botsuolodi jo bo ileng jwa se ka jwa atlega. Bogosi jwa gagwe bo ne jwa kgaoganngwa gape ke bodumedi. Bakatoliki ba ne ba gana go ya kwa ditirelong tsa Seporotesetanta mme ba ne ba bogisiwa le go feta. Kwa bofelong jwa puso ya gagwe, go ne go setse go bolailwe baruti le batho fela ba ba ka nnang 200. Ba-Puritan le bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong le go bolawa. Batho ba kwa Ireland ba ne ba tsuologela puso ya Engelane mme ntwa kgatlhanong le Spain e ne ya tswelela. Thobo e e bokoa ya dingwaga di le nnè tse di latelanang e ne ya dira gore palo ya batho ba ba tlhokang tiro le ya bakgarakgatshegi e tlhatloge mme batho ba ne ba tsosa dikhuduego ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo. Elizabeth o ne a sa tlhole a ratiwa. Engelane e ne e sa tlhole e rata Kgosigadi ya yone ya Lekgarebana.

Ka bonya ka bonya Elizabeth o ne a felelwa ke keletso ya go tshela mme jaaka mmusi wa bofelo wa boorra-Tudor, o ne a swa ka March 24, 1603. Setšhaba se ne se gamaregile fa se utlwa dikgang tseno, le fa go ntse jalo, maitseboa se ne sa keteka go tlhomiwa ga mmusi yo mosha ka molelo wa boitumelo le ka diphathi tsa mo mebileng. Kgabagare ba ne ba na le kgosi—James VI wa kwa Scotland, morwa wa Moporotesetanta wa ga Mary Stuart. Ka nako ya puso ya gagwe James I wa Engelane, o ne a dira se Elizabeth a paletsweng ke go se dira—o ne a kopanya mebuso e mebedi kafa tlase ga mmusi a le mongwe. Le fa go ntse jalo, go nna le tsholofelo ka bonako, go ile ga felela ka go kgobega marapo mme setšhaba se ne sa simolola go tlhologelelwa motlha wa Kgosigadi ya bone e e Siameng Bess.

A Tota E ne E le Motlha wa Katlego?

Bakwalahisitori ba bogologolo ba ne ba kwala thata ka ga Elizabeth ba mmaka. Dingwaga di se kae morago ga loso lwa gagwe, William Camden, o ne a tlhalosa puso ya gagwe e le ya motlha wa katlego ya botswelelopele e mo go yone kgosigadi e neng e tlhotlheletsa batho ba gagwe go fitlhelela dilo tse dikgolo. Ga go na ope yo o kileng a ganetsa boikutlo jono ka makgolokgolo a dingwaga. Elizabeth o ne a tswelela go nna le leina le lentle go fitlha kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga fa a ne a bakiwa ka ntlha ya go simolola Mmusomogolo wa Boritane, o ka nako eo o neng o akaretsa kwatara ya lefatshe.

Bakwalahisitori bangwe ba motlha wa segompieno ga ba lebe puso ya ga Elizabeth ka tsela e e kgatlhang jalo. Buka ya The Oxford Illustrated History of Britain ya re: “Elizabeth o ne a fiwa leina le lentle go feta kafa a neng a ntse ka teng morago ga loso lwa gagwe. Ga go na pelaelo gore tshedimosetso ya gagwe e e tsietsang, . . . go tshela nako e telele ga gagwe, le lebaka la go bo motlha wa ga Shakespear e ne e le ka motlha wa gagwe, go kgona go fenya Armada ka lesego, dilo tseno tsotlhe di ile tsa re tsietsa gore ka phoso re kopanele mo go mmakeng mme re itlhokomolosa ntlha e e phepafetseng ya gore ka tidimalo o ne a letla gore Engelane e se ka ya laolesege.” Haigh, yo o nopotsweng pelenyana, o tlhalosa lebaka la go bo bakwalahisitori bangwe ba ile ba kwala jaaka ba kwadile, a re: “Ka 1603, Elizabeth o ne a lebega e le mosadimogolo yo o se nang tlhaloganyo, ka gonne banna ba ne ba lebeletse ka tsholofelo gore ba nne le kgosi ya losika lwa boorra-Stuart. Mo e ka nnang ka bo1630, fa dikgosi tsa boorra-Stuart di ne di itshupile di kgobile batho marapo, ene o ne a itshupa a le mmusi yo o tlhomang sekao.”

Ga go na pelaelo gore Elizabeth e ne e le mosadi yo o tlhomologileng fa gare ga banna. E re ka a ne a le botlhale e bile a ikemiseditse, o ne a na le dikamano tse dintle le batho ka ntlha ya go thusiwa ke ditona tsa gagwe, ba ba neng ba rulaganya se a tla se buang le batho, gore o tla lebega jang fa a tlhagelela fa pele ga batho, moaparo wa gagwe le dinepe tse di neng di rotloetsa tebego ya segosi le motlha wa yone wa katlego o o itsegeng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Bothata Jwa go sa Itshokele Madumedi a Mangwe bo a Dumelwa Gone Jaanong,” mo makasineng wa Tsogang! ya April 8, 2000, tsebe 12-14, ka Seesemane.

^ ser. 15 Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “John Dee le Mmusomogolo wa Boritane.”

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Elizabeth o ne a fiwa leina le lentle go feta kafa a neng a ntse ka teng morago ga loso lwa gagwe”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

JOHN DEE LE MMUSOMOGOLO WA BORITANE

Elizabeth o ne a re John Dee (1527-1608/9) ke mofilosofi wa gagwe. E re ka e ne e le moitse dipalo, moithutafatshe le moithutadinaledi yo o tlotlegang, o ne a kgatlhegela thata gape le tepodinaledi le masaitseweng. O ne a gakolola kgosigadi gore a tlhophe letsatsi lefe go nna le le ka tshwanelang sentle go tlhomiwa ga gagwe go nna kgosigadi a bo a dirisa bokgoni jwa gagwe mo kgotleng ya kgosigadi. E re ka a ne a filwe tlotla ya gore ke ene a dirileng gore polelwana “Mmusomogolo wa Boritane” e itsege, o ne a rotloetsa Elizabeth gore a itebe e le mmusimogolo wa mmusomogolo o o tla nnang teng ka go laola mawatle le go dira dinaga tse disha dikolone. Go fitlhelela seno o ne a ruta babatlisisi go tsamaya ka dikepe mo lewatleng, segolobogolo fa ba ne ba batla ditsela tsa Bokonebotlhaba le Bokonebophirima tse di yang kwa Botlhaba, mme o ne a tshegetsa maano a go dira kontinente ya Amerika Bokone kolone.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

A. Dikepe tsa Engelane tse di rweleng dithunyi tse di neng tsa romelwa go fisa setlhopha sa dikepe tsa Armada ya Spain B. Motlotlegi Francis Drake C. Kgosigadi Elizabeth D. Bobogelo jwa “Globe” E. William Shakespeare

[Metswedi ya Ditshwantsho]

A: From the book The History of Protestantism (Vol. III); B: ORONOZ; C: From the book Heroes of the Reformation; D: From the book The Comprehensive History of England (Vol. II); E: Encyclopædia Britannica/​11th Edition (1911)

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

© The Bridgeman Art Library International