Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Jala Di-orchid—Kafa Bopelotelele bo Duelang ka Teng

Go Jala Di-orchid—Kafa Bopelotelele bo Duelang ka Teng

Go Jala Di-orchid—Kafa Bopelotelele bo Duelang ka Teng

GO JALA di-orchid e ka nna selo se o se tlwaelang. Batho bangwe ba ba di ratang ba dirisa diura di le dintsi ba ithuta go bitsa maina a Selatine a malomo ano sentle. Ke ka ntlha yang fa batho ba rata malomo ano jaana?

Go na le palo e kgolo ya mefuta e e farologaneng ya di-orchid. Go fitlhetswe mefuta e le 25 000 e e farologaneng kwa sekgweng, e bile mekgatlho mengwe e e kafa molaong e lemogile mefuta e e fetang 100 000 e e kopantsweng le e mengwe! Seno ga se reye gore baithutadimela ba dirile sejalo sengwe se se tshelang se sesha go tswa mo mmung, mo metsing le mo moyeng. Go na le moo, mefuta eno e dirilwe ke fa mmudula o fetisediwa kwa sejalong se sele ka selekanyo se se rileng.

Di-orchid tse di itlhogelang fela kwa sekgweng le tse di tlhogileng ka thuso ya batho di nna teng ka bogolo jo bo sa tshwaneng. Go na le tse dinnye tse di bonalang sentle ka galase e e godisang dilo, mme tse dingwe tsone di ikala sentle mo difensetereng. Orchid nngwe e e golang kwa sekgweng sa pula sa kwa Indonesia e ka nna bokete jwa dikilogerama di le 500!

Di-orchid di na le mebala e e farologaneng le dipopego tse dintsi. Dingwe tsa tsone di lebega jaaka dinotshi, dirurubele le dinonyane, fa tse dingwe di na le popego e e sa tshwaneng le sepe mme e le e e kgatlhang bogolo jang bajadi ba tsone. Ka dingwaga di le dintsi, e ne e le batho ba ba humileng fela ba ba neng ba kgona go nna le dijalo tseno tse dintle, mme gone jaanong le batho ba ba sa humang ba kgona go nna le tsone. Kgang e e malebana le di-orchid tse dintle tse o ka di itumelelang gompieno ke eno.

Kgatlhego ya go Jala Di-orchid

Batho ga ba bolo go kgatlhegela di-orchid ka makgolokgolo a dingwaga, mme ke mo dingwageng tsa bosheng jaana fela bajadi ba tsone ba ithutileng ditsela tse di molemo tsa go dira gore di ate. Ka 1856 orchid ya ntlha e e godisitsweng ka go kopanya mefuta e mebedi e ne ya thunya. Le fa go ntse jalo, go jala malomo ano a mantle a a tlhokang tlhokomelo e ntsi, gantsi go ne go lapisa thata go na le kafa go neng go itumedisa ka teng.

Dipeo tsa di-orchid di dinnye—tse dingwe di tshwana le loupa le le boleta. Go bereka ka dipeo tseo tse dinnye e ne e le kgwetlho, mme e sa ntse e le kgwetlho mme bothata jo bogolo e nnile go dira gore di gole. Ka makgolokgolo a dingwaga, bajadi ba tsone ba ntse ba lekeletsa dilo tse di farologaneng le maemo a a farologaneng gore dipeo tseo di tle di gole sentle. Ka 1922, moitsesaense e bong Dr. Lewis Knudson wa kwa Cornell University kwa United States, o ne a lemoga gore fa dipeo tseno di tsenngwa mo motswakong wa metsi, sukiri le agar (sere sengwe se e keteng jeli se se tswang mo semeleng sengwe sa mo lewatleng) di ne di tlhoga le go gola sentle. Ka bonako morago ga foo, batho ba ba ratang malomo ano ba ne ba tlhogisa mefuta e mentsi e mesha e e kopantsweng. Kgatlhego eno ya go jala di-orchid e sa ntse e tswelela, mme ngwaga le ngwaga go tlhagelela mofuta o mosha o o iseng o bonwe.

Mme le e leng bogologolo pele ga batho ba simolola go jala di-orchid, di ne di mela mo sekgweng. Di-orchid di kgona jang go tlhagisa mefuta e e kopaneng di le mo lefelong la tsone la tlholego?

Di-orchid Kwa Sekgweng

Fa mefuta e mebedi kgotsa go feta e e batlileng e tshwana ya di-orchid e thunya mo lefelong le le lengwe, go na le kgonagalo ya gore go tla nna le mefuta e mebedi e e kopaneng ka tsela ya tlholego. Kwa sekgweng, ditshenekegi le ditshedi tse dingwe di dira jaaka batsamaisi ba mmudula. Fa motsamaisi yono a ya kwa malomong a orchid go ya go batla tswina, mmudula o o tswang mo lelomong le lengwe o kgomarela mo mmeleng wa gagwe o bo o tsena mo malomong a a etetsweng. Orchid e mmudula o tseneng mo go yone e a nontshiwa. Ka ntlha ya seo, di tla dira diphotlhwa.

Fa nako e ntse e tsamaya, diphotlhwa di a butswa, di a bulega di bo di ntsha dipeo di le diketekete kgotsa le e leng di le dimilionemilione. Dingwe tsa tsone di wela fa fatshe, fa tse dingwe tse dintsi di tsewa ke phefo. Ga go motlhofo gore dipeo tseno tse di wetseng fa fatshe di mele, mme ke di le mmalwa fela tse di kgonang go gola. Malomo a a golang ka ntlha ya go nontshiwa ke mmudula o o tswang mo mofuteng o mongwe wa lelomo a itsiwe e le mofuta o o kopaneng ka tsela ya tlholego. Mme gone orchid e e kopantsweng e se ka tsela ya tlholego e dirwa jang?

Go Kopanya Mefuta e Mebedi ya Malomo

Orchid e e kopantsweng e na le dilo tse di tshwanang le tsa malomo a mabedi a e tswang mo go one. Ka jalo, sa ntlha mojadi o akanya ka kelotlhoko gore ke mofuta ofe wa lelomo o a batlang go o tlhagisa. A ka tswa a batla mmala, methalo kgotsa marontho a a rileng mo lelomong. A ka tswa a batla go kopanya dilo tseno mo sejalong se se nang le malomo a mannye kgotsa a magolo. Monko o o monate ke nngwe ya dilo tse a ka di akanyetsang. A ntse a akantse ka dintlha tseno, mojadi o tla tlhopha di-orchid tse pedi tse a solofelang gore di tla ntsha malomo a a nang le dilo tse a di batlang. Ka sekai, mojadi a ka nna a tlhopha go dirisa mofuta wa golden slipper orchid (Paphiopedilum armeniacum). Mofuta ono o ne wa fitlhelwa kwa China ka 1979. Gantsi malomo a a tswang mo go one a nna le mmala o o tseneletseng o o bogauta jo bo serolwana, a mangwe a one a leng mantle ka tsela e e gakgamatsang.

Fa mojadi a setse a na le dijalo tse pedi tse a batlang go di dirisa, o ntsha mmudula otlhe mo lelomong le le tla amogelang mmudula go tswa mo lelomong le lengwe. Orchid ya bobedi ke yone e e ntshang mmudula. A dirisa letlhokwana kgotsa sengwe se se tshwanang le seo, mojadi o tla bo a ntsha mmudula mo lelomong la bobedi a bo a o tshasa kwa tlase mo lelomong la ntlha. O tshwaya lelomo le a le tshasitseng mmudula ka maina a malomo oomabedi le letsatsi le a tshasitseng mmudula ka lone.

Bopelotelele bo Botlhokwa

Fa orchid eno e ka nontshiwa, go direga selo se se gakgamatsang fa lelomo leno le thunya. Go nna le ditšhupu tse e keteng ditlhalenyana go tswa mo kholomong go ya kwa karolong e e thunyang ya lelomo e e itsegeng e le kgeleswa ya mae. Morago ga moo, kgeleswa eno e a gogomoga e bo e dira lekape la dipeo. Ka fa gare ga lekape leno go tlhoga dipeo tse dinnye di le diketekete, tse nngwe le nngwe ya tsone e golaganeng le tšhupu e le nngwe ya mmudula. Go ka tsaya dikgwedi kgotsa ga feta ngwaga pele ga lekape la dipeo le butswa. Fa e setse e budule, mojadi o ntsha dipeo tse di leng mo lekapeng leno. O di tsenya mo folasekeng e e tlhatswitsweng e e nang le motswako wa agar le dikotla dingwe. Fa dipeo tseo di mela, ka bonako fela di-orchid tse dinnye di tla bo di ikala jaaka tlhaga e tala.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, mojadi o tla bo a ntsha di-orchid tse dinnye tseno mo folasekeng a bo a di jala mo nkgwaneng di le mmogo. O nna a ntse a beile matlhogela ano leitlho a a nosetsa gangwe le gape gore a se ka a omelela. Fa nako e ntse e ya, o ntsha matlhogela ano a bo a jala nngwe le nngwe ya one mo nkgwaneng ya one. Ka nako eo go botlhokwa tota go nna bopelotelele. Malomo ano a di-orchid a ka tsaya dingwaga di le mmalwa go ya go dingwaga di le lesome pele ga a thunya.

A ko o akanye fela kafa mojadi yono a kgotsofalang ka teng fa a bona malomo a a berekileng ka one a thunya! Fa mofuta o a o dirileng o le mosha, mojadi a ka nna a o kwadisa ka leina le a le itlhophetseng. Malomo otlhe a a tla kopanngwang go dirisiwa mofuta ono a tla bidiwa ka leina le a kwadisitsweng ka lone.

Ka dinako dingwe, mojadi o dira malomo a mantle a a nang le bontsi jwa dilo tse di kgatlhang batho ba ba ratang go itlosa bodutu ka one. A ka gapa dikgele, e bile le dijalo tsa gagwe tse dintle di tla tshwanelwa ke tlhwatlhwa e e kwa godimo. Mme go sa kgathalesege madi a a tla bonang, go bona fela lelomo le a le kopantseng le thunya go dira gore a nne le boipelo.

Jaanong o kgona go bona gore go tsere nako e ntsi le bopelotelele gore go dirwe malomo a mantle a a rategang a di-orchid. Mme tota, tiro e batho ba e dirang ya go kopanya mefuta e mebedi ya di-orchid e nnye fa e bapisiwa le ya Mmopi yo o molemolemo wa sengwe le sengwe se se tshelang e bong, Jehofa. O dirile gore sejalo sengwe le sengwe se nne le jini ya sone e e raraaneng e e dirang gore se nne le malomo a mantle. Re baamogedi fela ba botswerere jwa gagwe jwa lorato jo bo bontshitsweng gareng ga mefuta e e farologaneng e e kgatlhang ya di-orchid. Ruri go ntse jaaka mopesalema Dafide a ile a kwala jaana: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Beallara hybrid”

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Doritaenopsis hybrid”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Brassidium hybrid”