Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Etela Ngaka ya Meno?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Etela Ngaka ya Meno?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Etela Ngaka ya Meno?

PELE ga mokgwa wa segompieno wa go tlhatlhoba meno o nna teng, gantsi batho ba ne ba opiwa ke meno le go latlhegelwa ke one go tswa fela fa ba sa le basha. Ba le bantsi ba ne ba golafadiwa ke meno a timpetseng, a sokameng, kgotsa a a tswileng. Batsofe ba ba se nang meno ba nna le bothata jwa go sa je sentle le go swa pele ga nako ka ntlha ya bothata jwa go tlhafuna dijo. Gompieno, bontsi jwa balwetse ba ba tshwenngwang ke meno ba thusiwa gore meno a bone a se ke a opa, gore ba se ke ba latlhegelwa ke meno a bone botshelo jotlhe jwa bone, le gore ba nne le monyenyo o o kgatlhang. Kalafi ya meno ya segompieno e kgonne jang go atlega mo ditirong tseno tse tharo tsa bogatlhamelamasisi?

Kalafi e e thibelang go senyega ga meno, le go gatelela thuto ya go tlhokomela meno le go tlhatlhobiwa gangwe le gape e nnile tsone dintlha tsa konokono mo go thuseng go tila go opelwa le go latlhegelwa ke meno. Jesu o ne a re: “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka.” (Luke 5:31) Ka jalo, bangwe ba ruile molemo thata ke go rutiwa ka go tlhokomela legano moo e leng gore ga ba tlhole ba tlhoka go alafiwa meno. * Mme le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba tshaba go ya kwa ngakeng ya meno. Ba bangwe ba itlhokomolosa kalafi e le ka ntlha ya go sa tshwenyege. Bangwe bone ba thibelwa ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba a tshaba go ya kwa ngakeng ya meno. Le fa seemo sa gago e ka tswa e le sefe, go botlhale go ipotsa jaana: Ke eng se ngaka ya meno e ka nthusang ka sone? A go botlhokwa gore ke ye kwa ngakeng ya meno? Gore re tle re anaanele botlhokwa jwa go ya kwa ngakeng ya meno, re tlhoka go itse gore ke eng se dingaka tsa meno di lekang go se thibela.

Kafa Tshenyo e Diragalang ka Teng

Dingaka tsa meno di ka thusa go thibela gore leino le se ke la opa le gore o se ka wa latlhegelwa ke meno. Ka tirisanommogo ya gago, dingaka tsa meno di leka go lwantsha ditlamorago tsa leswe le le omeletseng, e leng bakateria e e boleta e e kgomarelang mo menong a gago. Bakateria eno e gola sentle ka dijo tse di salelang mo menong. E fetola sukiri go nna asiti e e tlhaselang enamele e dira gore leino le nne le marobana. Kgabagare leino le a bola fa marobana ao a wela a bo a dira khuti mo leinong. Ga o utlwe botlhoko ka nako eno, mme fa go bola gono go fitlha kwa bogareng jwa leino la gago, o tla itemogela botlhoko jo bo tseneletseng.

Bakateria e e bakang leswe le le omeletseng mo menong e na le mokgwa mongwe gape wa go go tlhorontsha. Fa leswe leno le sa ntshiwe ka kelotlhoko, le a thatafala le bo le itira calculus, e e ka nnang ya rurusa marinini le go a dira gore a tlogele go kgomarela meno. Seno se baka gore go nne le phatlha fa gare ga leino le marinini mme dijo di nna di wela mo phatlheng eno seno se dire gore dibakateria di kgone go gola le go tshwaetsa marinini a gago. Ngaka ya gago ya meno e ka go thusa go laola seemo seno, mme fa o sa tlhokomele, dithishu tse di dikologileng meno a gago di ka senyega thata jaana moo e leng gore meno a gago a itswela fela. Meno a le mantsi a tswa ka one mokgwa ono go na le ka go bola.

Mathe a gago a go sireletsa ka tsela e e rileng mo ditseleng tse pedi tseno tse bakateria e tlhaselang ka tsone. O ka tswa o jele dijo tsa motshegare kgotsa bisikiti e lengwe fela, mathe a tlhoka metsotso e le 15 le 45 go tlosa manathwana a a saletseng a dijo le go lwantsha asiti e e mo lesweng le le mo menong. Nako eno e laolwa ke gore ke sukiri e e kana kang e e kgomaretseng kgotsa gore ke masalela a le kana kang a dijo a a kgomaretseng mo menong a gago. Go bonala, e le ka yone metsotso eno e meno a gago a senyegang ka yone. Ka jalo, bogolo jwa tshenyo e e diregang mo menong a gago, bo ka ikaega e seng ka gore o jele dijo tse di nang le sukiri e e kana kang, mme ka gore o e jele ka makgetlho a le kae mo dijong le mo dimonamoneng. E re ka kelelo ya mathe e le bonya fa o robetse, sengwe sa dilo tse di kotsi thata se o ka se dirang meno a gago ke go ja dijo tse di nang le sukiri le go nwa dino tse di nang le sukiri o bo o ya go robala o sa tlhapa meno. Kafa letlhakoreng le lengwe, go bolelwa gore go tlhafuna tšhunkama e e se nang sukiri morago ga dijo go oketsa kelelo ya mathe mo leganong gape go thusa go sireletsa meno.

Mokgwa o Dingaka Tsa Meno di Lekang go Thibela go Bola ga Meno ka One

Dingaka tsa meno di akantsha gore motho o tshwanetse go tlhatlhoba meno gangwe kgotsa gabedi ka ngwaga, go ikaegile ka seemo sa meno a gago. Ka nako ya fa o tlhatlhobiwa ngaka e tla tsaya ekeserei le go tlhatlhoba meno a gago ka kelotlhoko go bona gore ga a senyega. Gantsi a ka kgona go kaba diphatlha tse di mo menong a gago kwantle ga go go utlwisa botlhoko, a dirisa molemo o o dirang gore o swe bogatsu le boro ya lobelo lo lo kwa godimo. Mo go ba segolobogolo ba tshabang, dingaka di le mmalwa tsa meno jaanong di dirisa leisara kgotsa jele e e kgonang go nyeletsa mo go bodileng, jele eno e ka thusa go fokotsa kgotsa go fedisa go dirisiwa ga boro e e phunyang diphatlha kgotsa molemo o o dirang gore o swe bogatsu. Mo baneng, dingaka di lebisa tlhokomelo thata mo menong a motlhagare a e leng gone a tlhagang go bona gore a go na le fa a phatlogileng kgotsa a ga go na khuti mo karolong e motho a lomang ka yone e go ka nnang thata gore e phepafadiwe ka borashe. Ngaka e ka nna ya akantsha gore diphatlha tseno di kabiwe ka motswako o o dirisiwang go kaba diphatlha go dira gore go nne bonolo go phepafatsa leino fa godimo, mme seno se thibela gore le se ke la bola.

Mo balwetseng ba bagolo, dingaka tsa meno di amegile thata ka go thibela bolwetse jwa marinini. Ka jalo fa ngaka e fitlhela calculus e e omeletseng, e tla e kgobola gore e tswe. Batho ba le bantsi ba fosa dikarolo tse di rileng tsa meno fa ba borasha meno a bone, ka jalo ngaka ya gago ya meno e ka go bontsha tsela e e botoka ya go borasha meno a gago. Dingaka dingwe tsa meno di romela balwetse ba tsone kwa baphepafatsing ba meno ba ba nang le thapiso e e kgethegileng go dira tiro eno e e botlhokwa.

Go Baakanya Meno a a Senyegileng

Fa o na le meno a a senyegileng, a a tswileng, kgotsa a a sokameng, o tla itumelela go itse gore dingaka tsa meno di na le mekgwa e mentsi e mesha ya go baakanya meno a a senyegileng. Le fa go ntse jalo, kalafi ya go baakanya meno e ya tura, ka jalo o tshwanetse go tlhokomela gore o se ke wa dirisa madi a mantsi go feta a o nang le one. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore go botoka go duela madi a mantsi a kalafi ya go baakanya meno. Gongwe ngaka e ka go thusa gore o boele o kgone go tlhafuna gape. Kgotsa e ka kgona go dira gore monyenyo wa gago o nne montle le go feta—e leng selo se se botlhokwa thata, ka gonne meno a a sokameng a ka ama boleng jwa botshelo jwa gago.

Meno a a ketlogileng kgotsa a a timpetseng a fa pele, ngaka e ka nna ya akantsha gore go dirisiwe phatsa e e ka kgomarediwang mo leinong gongwe e e dirilweng ka letsopa le le se nang mmala le le tshwanang sentle le enamele ya tlholego. Diphatsa tseno di kgomarediwa mo godimo ga leino le le senyegileng, di le naya sebopego se sesha le ponalo e ntšha. Mo menong a a senyegileng thata, ngaka e ka akantsha go tsenya sekano se se bopegileng jaaka leino se gantsi se bidiwang tlhogo. Tlhogo eno e tswala gotlhelele masalela a leino le le senyegileng le go dira gore le nne le karolo e e fa godimo e ntšha gotlhelele, e ka tswa e dirilwe ka gouta kgotsa sengwe fela se se lebegang jaaka sa tlholego.

Ke eng se ngaka ya gago ya meno e ka se dirang ka meno a a tswileng? A ka kgona go go direla leino la maitirelo, kgotsa a ka dira sekano se se kgonang go tshwara leino le le lengwe kgotsa a le mabedi a maitirelo gore a se ke a suta. Mokgwa mongwe o o simololang go tlwaelega ke wa go somela leino la maitirelo. Ngaka ya meno e tsenya tshetledi ya tshipi e tshweu mo motlhagareng mo leino le neng le le gone, mme fa lerapo la motlhagare le marinini di sena go gola gape mo maemong a tsone, o tsenya leino la maitirelo mo tshetleding eo. Go nna jaaka e kete o na le leino la mmatota.

Meno a a sokameng a ka tlhabisa ditlhong fela thata mme gape ga go bonolo go a phepafatsa, seno se dira gore a tlhaselwe ke malwetse. Fa meno a sa kopana sentle, a ka nna botlhoko mme a dira gore go tlhafuna go nne thata. Se se itumedisang ke gore dingaka di ka siamisa seemo seno ka go dirisa diterata tse di tlhamalatsang meno. Ka ntlha ya botswelopele mo go tlhameng dilo, diterata tse di tlhamalatsang meno tsa segompieno ga di bonale gape ga di tlhoke go baakanngwa gantsintsi.

Dingaka dingwe tsa meno di lebisa tlhokomelo e ntsi mo go alafeng go nkga bosula ga legano. Batho ba le bantsi ba na le go nkga mowa ka dinako dingwe, mme ba bangwe bone ba nkga mowa ka dinako tsotlhe. Go na le dilo di le mmalwa tse di bakang seno. Dingaka dingwe di kgona go bona gore bothata bo fa kae. Mo makgetlhong a le mantsi bothata jono bo bakwa ke dibakateria, tse gantsi di nnang kwa moragorago ga leleme. Go borasha kgotsa go gotlha leleme go ka thusa, fela jaaka go tlhafuna tšhunkama e e se nang sukiri go ka thusa go oketsa kelelo ya mathe mo leganong. Go phepafatsa molomo wa gago go botlhokwa thata bogolo jang fa o sena go ja dilo tse di nang le mashi, nama, kgotsa tlhapi.

Go Fenya Poifo

Fa e le gore go ya kwa ngakeng ya meno go dira gore o tshwenyege, ngaka ya gago e batla go go thusa go lebana le poifo ya gago. Ka jalo mmolelele ka fa o ikutlwang ka teng. Mmolelele gore o tla mo supetsa ka letsogo fa o utlwa botlhoko kgotsa o tshaba. Balwetse ba le bantsi ba fitlhetse seno se ba thusa gore ba se ke ba boifa go alafiwa.

Gongwe o tshaba go omanngwa. O ka nna wa tshwenyega gore ngaka e tla go omanyetsa gore ga o tlhokomele meno a gago sentle. Le fa go ntse jalo, e re ka mafoko a a ntseng jalo a ka senya kgwebo ya bone, gongwe o tshaba mmutla o o suleng. Dingaka di le dintsi tsa meno di rata go bua sentle le balwetse ba tsone.

Batho ba le bantsi ba tshaba go ya kwa ngakeng ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Mme gone fa go kgonega gore o dire ditlhatlhobo jaanong, go tla go thusa gore o tile mathata le kalafi e e turang mo nakong e e tlang. Mo dinageng di le dintsi go na le ditirelo tsa maemo a a farologaneng tsa kalafi ya meno tse di ka tshwanelang maemo a madi a batho botlhe. Tota le ofisi e e tlwaelegileng ya ngaka ya meno e na le motšhini wa ekeserei le boro e e bonako ya meno. Dingaka tsa meno di kgona go dira dilo di le dintsi mme molwetse a sa utlwe botlhoko go le kalo. Tlhwatlhwa ya molemo o o dirang gore motho a swe bogatsu e kwa tlase ka jalo batho ba le bantsi ba ka e kgona, tota le ba ba nang le madi a mannye.

Dingaka tsa meno di ineetse go go thusa go fedisa botlhoko, e seng go bo baka. Kalafi ya meno ga e tlhole e le selo se se botlhoko seo borremogolo le bommèmogolo ba gago ba ka se gopolang. E re ka meno a a itekanetseng a na le seabe mo go tokafatseng boitekanelo jwa gago ka kakaretso e bile a ka go thusa gore o itumelele botshelo ka botlalo, ke ka ntlha yang o sa etele ngaka ya gago ya meno? O tla bona boitumelo jo o neng o sa bo solofela fa o dira jalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Setlhogo seno se lebisa tlhokomelo mo goreng ke eng se ngaka ya meno e ka se dirang go thusa molwetse. Go bona tshedimosetso ya gore ke eng se o ka se dirang go sireletsa meno a gago, tsweetswee bona setlhogo se se reng “How You Can Protect Your Smile,” (Kafa o ka Sireletsang Monyenyo wa Gago ka Gone) mo makasineng wa Tsogang! ya November 8, 2005, ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Popego ya Leino le le Itekanetseng

Tlhogo ya leino

Enamele

Dentin

Karolo e e fa gare e e nang le methapo le ditshika tsa madi

Modi

Dithishu tsa marinini (gingiva)

Lerapo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Leino le le Bodileng

Leroba

Sekano sa leino se thusa gore diphatlha di se ka tsa etegela

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Bolwetse jwa Marinini

Leswe le le omeletseng mo menong le tshwanetse go ntshiwa ka borashe kgotsa ka tlhale ya meno

Calculus, ga go motlhofo go e tlosa mme e dira gore marinini a tlogele go tshwara meno

Marinini a a tlogetseng go tshwara meno

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go Baakanya Meno

Phatsa e e kgomarediwang mo leinong

Tlhogwana

Go Somela leino la maitirelo

Sekano se se kabang leino se tswala leino la maitirelo mo matlhakoreng a mabedi