Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ale a Fofa!

Ke Ale a Fofa!

Ke Ale a Fofa!

GO NE go setse go le lotlatlana mme ka gonne go ne go sa ntse go le letlhabula, moya o ne o utlwala o le tsiditsana. Ka bonako fela tidimalo e e neng e le teng e ne ya fedisiwa ke go tlatlarietsa ga magou. Re ne ra bona a tlhaga re sa lebelela—mo e ka nnang a le 20 a fofa a dirile sebopego se segolo sa tlhaka ya V, a fofa ka bontle jo bo gakgamatsang. Legou lengwe le ne la sekamela kafa ntlheng ya molema mme la boela gape mo setlhopheng. Fa ke bona bontle joo ke ne ka swegaswega pelo. Ke eng fa magou a fofa ka sebopego sa tlhaka ya V? Mme a ya kae?

Legou ke nonyane ya metsi, mme ke losika loo dipidipidi. Go na le mefuta e le 40 e e farologaneng ya magou mo lefatsheng lotlhe mme gantsi a nna kwa Asia, Yuropa le kwa Amerika Bokone. Legou la kwa Canada le le nang le thamo e ntsho le sebata se sesweu mo thamong, ke lengwe la mefuta e e itsegeng thata. Magou a matonanyana a a setseng a godile a ka kgona go nna boima jwa dikilogerama di le 8 mme diphuka tsa one fa di tšharolotswe di boleele jwa dimetara di le 2. Ka nako ya selemo legou le tsamaela kgakala kwa bokone kwa mafelong a a jaaka Alaska le kwa bokone jwa Canada mme go tswa foo le bo le fudugela kgakala kwa borwa kwa mafelong a a jaaka Mexico mo dikgweding tsa mariga.

Go botlhokwa thata gore magou a tseye loeto lwa one ka nako e e tshwanetseng. Fa a ka fitlha ka bonako kwa bokone, metsi a tla bo a sa ntse a le dikgapetla mme e bile go tla nna thata go bona dimela. Ka jalo, magou ano a kwa Canada a rata go fudugela kwa bokone ka nako ya fa paka ya selemo e atamela. Fa a fitlha kwa a yang gone, a ikgaoganya, lengwe le lengwe le tsaya molekane wa lone go itlhomela lefelo le a tla tsalelang mo go lone.

Go fofa ga one ka sebopego se se rileng go a thusa go bonana fa a ntse a fofa gore a kgone go latela ka bonako fa nonyane e e kwa pele e fetola mosepele, lobelo, kana bogodimo jo e fofang ka jone. Mo godimo ga moo, baitse bangwe ba dumela gore moya o o bakiwang ke go fofa ga magou a a kwa pele o dira gore go nne motlhofo gore setlhopha sotlhe se kgone go fofa ka gonne go fokotsa go tsubutla ga phefo. Le fa go ntse jalo, go bonala gore gantsi fa dinonyane tseno di fuduga, di fofa ka ditlhopha tsa malapa a se kae, mme tse di godileng e nna tsone tse di refosanang go etelela pele.

Gantsi, magou a Canada a dirisa sentlhaga se le sengwe ka dingwagangwaga. Gantsi sentlhaga se dirwa ka dilo tse di tlwaelegileng tse di jaaka dikalana, bojang le boriba. Magou a nna le molekane a le mongwe fela wa botshelo jotlhe. Fa molekane a swa, le ka nna la tsaya molekane yo mongwe. Le fa go ntse jalo, gantsi le nna le le nosi.

Le le namagadi le beela mae a ka nna manè go ya go a le robedi, mme le a elama malatsi a ka nna 28. Magou a sireletsa bana ba one ka bopelokgale jo bogolo. Fa magou kana bana ba one ba tshosediwa, a galefa tota. A ka kgona go betsa batlhasedi botlhoko ka diphuka tsa one.

Bana ba one ba simolola go dira modumo ba sa ntse ba le mo teng ga lee. Modumo wa bone e ka nna wa go tswirinya (go go supang boitumelo) kgotsa o o supang go tshwenyega. Fa magou a buisana le bana ba one kgotsa go buisana one ka boone, a dirisa medumo e e farologaneng. Tota e bile, babatlisisi ba kgonne go lemoga mefuta e e farologaneng e le 13 ya medumo e magou a a kwa Canada a e dirang.

Ruri magou a supa gore a “botlhale ka tlholego.” (Diane 30:24) Mme gone Jehofa Modimo ke ene a tshwanelwang ke go galalediwa ka ntlha ya seno, ka gonne ke ene yo o dirileng dilo tsotlhe—go akaretsa le ditshedi tsa loapi.—Pesalema 104:24.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

A o ne o itse gore ...

● Fa bana ba magou ba sena go thuthuga bone le batsadi ba bone ba tswela ruri mo sentlhageng. Gantsi malapa a nna mmogo.

● Gatwe ka nako ya fa magou a a nang le setlopo mo tlhogong a fuduga, a na le go feta fa godimo ga Mount Everest, e e leng bogodimo jwa dimetara di ka nna 8 900.

● Mefuta mengwe ya magou e ka kgona go fofa bokgakala jwa dikilometara di le 1 600 e sa ikhutse.

● Fa magou a fofa ka lobelo lo lo tshwanang le la a a fofang a le nosi, a a fofang a dirile sebopego sa tlhaka ya V ga a itaanye diphuka thata mme ka ntlha ya seo lobelo lo dipelo tsa one di itayang ka lone le nna kwa tlase.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Top left: U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./Duane C. Anderson

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Flying geese: © Tom Brakefield/CORBIS