Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Michael Agricola—“Monna yo o Neng a Lere Motlha wa Diphetogo”

Michael Agricola—“Monna yo o Neng a Lere Motlha wa Diphetogo”

 Michael Agricola—“Monna yo o Neng a Lere Motlha wa Diphetogo”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA FINLAND

“Baebele ke yone buka e e nnileng le tlhotlheletso e kgolo thata mo setsong sa batho ba Finland, mo dilong tse ba di tsayang di le botlhokwa mo botshelong le mo tseleng e ba akanyang ka yone go gaisa buka epe e sele.”—“Biblia 350—The Finnish Bible and Culture.”

A O NA le Baebele ka puo ya gago? Gongwe o na le yone. Tota e bile, Baebele e e feletseng kgotsa dikarolwana tsa yone e gone ka dipuo di feta 2 000. Mme ga go a itiragalela fela gore e nne gone ka dipuo tseno. Banna le basadi ba le bantsi go ralala hisitori ba ile ba dira ka natla tota go ranolela Baebele mo dipuong tse di buiwang gompieno, tota le fa ba ne ba na le dikgoreletsi tse dikgolo. Michael Agricola ke mongwe wa bone.

Agricola e ne e le mokanoki yo o neng a ranolela Baebele mo puong ya Se-Finland. Dibuka tsa gagwe di ne tsa thusa thata mo go tlhamiweng ga setso sa batho ba Finland jaaka se ntse gompieno. Ga go gakgamatse go bo go twe ke Monna yo o Neng a Lere Motlha wa Diphetogo!

Agricola o ne a belegwa mo e ka nnang ka 1510 kwa motseng wa Torsby o o kwa borwa jwa Finland. Rraagwe o ne a na le polasi, ke ka moo sefane sa gagwe e neng e le Agricola, e leng lefoko la Selatine le le rayang “rapolasi.” E re ka Agricola a goletse mo lefelong le go buiwang dipuo di le pedi mo go lone, go ka direga gore o ne a itse puo ya Se-Sweden le ya Se-Finland. Mo godimo ga moo, o ne a ithuta puo ya Selatine kwa sekolong sa puo eo kwa toropong ya Vyborg. Morago ga moo o ne a fudugela kwa Turku, e ka nako eo e neng e le lefelo la botsamaisi la Finland. Fa a le koo, e ne e le mokwaledi wa ga Martti Skytte, yo e neng e le bishopo wa kereke ya Katoliki ya kwa Finland.

Seemo sa Bodumedi le Dipolotiki mo Motlheng wa Gagwe

Scandinavia e ne e tlhakatlhakane tota mo motlheng wa ga Agricola. Sweden e ne e batla go ikgogela morago mo Lekgotleng la Kalmar, le e neng e le la dinaga tsa Scandinavia. Ka 1523, Gustav I o ne a tlhomiwa go nna kgosi ya Sweden. Go tlhomiwa ga gagwe go nna kgosi go ne go tla ama Finland fela thata, ka gonne e ne e le kgaolo e e laolwang ke Sweden.

Kgosi eno e ntšha e ne e batla go dira gore bogosi jwa yone bo nne seoposengwe. Gore e kgone go dira seno, e ne ya amogela Phetogo e Kgolo mo nageng ya yone, e ka nako eo e neng e ntse e anama mo Yuropa bokone. Mo pusong ya gagwe, o ne a tlogela bodumedi jwa Katoliki mme a amogela jwa Lutere. Ka go dira jalo, o ne a ikgaoganya gotlhelele le Vatican, a se ka a tlhola a laolwa ke bobishopo ba Katoliki mme a amoga kereke eno dikhumo tsa yone. Le gompieno batho ba le bantsi ba kwa Sweden le Finland ke Balutere.

Selo sa botlhokwa se Baporotesetanta ba neng ba batla go se dira e ne e le gore go dirisiwe dipuo tse batho ba  di itseng fa go rerwa mo kerekeng, go na le Selatine. Ka gone, ka 1526, Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, kgotsa “Tesetamente e Ntšha,” di ne tsa gatisiwa ka puo ya Se-Sweden. Le fa go ntse jalo, Boporotesetanta bo ne bo ise bo amogelwe thata kwa Finland. Ka nako eo, kgang ya go ranolela Baebele mo puong ya Se-Finland e ne e sa akanyediwe go le kalo. Ka ntlha yang?

Tiro e e “Thata Le e E Lapisang”

Lebaka le legolo la go bo tiro ya go ranolela mo puong ya Se-Finland e ne e le thata e bile e lapisa e ne e le gore go ne go se na buka epe ya puo eno. Pele ga dingwaga tsa bo1500 di ela bogareng, go ne go na le dithapelo di se kae fela tsa Katoliki tse di neng di kwadilwe ka puo eno. Ka jalo, tiro ya go ranolela Dikwalo Tse di Boitshepo mo puong ya Se-Finland e ne e tlhoka gore go tlhamiwe pele tsela e mafoko a le mantsi a kwalwang ka yone le gore gape go tlhamiwe mafoko a masha gotlhelele le dipolelwana. Tiro eno e ne e tshwanetse go dirwa go se na buka epe ya thutapuo e e neng e tla thusa moranodi. Le fa go ntse jalo, Agricola o ne a simolola go ranola Baebele!

Ka 1536, bishopo wa kereke ya Katoliki ya Finland, e bong Skytte, o ne a romela Agricola kwa toropong ya Wittenberg, kwa Jeremane gore a ye go tsweletsa pele dithuto tsa gagwe tsa bodumedi le tsa puo. Go begwa gore dingwaga di le 20 pele ga foo, mo go yone toropo eno, Luther o ne a kokotela dithuto tsa gagwe di le 95 mo kgorong ya kereke ya koo.

Fa Agricola a le kwa Wittenberg, o ne a sa tlhoma mogopolo mo dithutong tsa gagwe fela. O ne a simolola tiro e kgolo ya go ranolela Baebele mo puong ya Se-Finland. Ka 1537, o ne a kwalela kgosi ya Sweden jaana: “Fa Modimo a ntse a nthusa mo dithutong tsa me, ke tla leka go tswelela pele ke ranolela Tesetamente e Ntšha mo puong ya batho ba Finland, fela jaaka ke ne ke simolotse.” Fa a sena go boela kwa Finland, o ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe ya go ranola, fa kafa letlhakoreng le lengwe e le mogokgo wa sekolo.

Go ranola Baebele e ne e le tiro e e lapisang thata mo go Agricola fela jaaka go ne go ntse le ka baranodi ba bangwe ba Baebele pele ga gagwe. Tota le Luther o ne a kile a bolela jaana: “A bo go le thata e bile go lapisa jang ne go ranolela Sehebera mo puong ya Sejeremane”! Le fa go ntse jalo, Agricola ene o ne a ka thusiwa ke dithanolo tsa baranodi ba bangwe, mme bothata jwa gagwe jo bogolo e ne e le puo ya Se-Finland. Tota e bile, puo eno e ne e ise e ko e kwalwe!

Ka gone, go ne go ntse jaaka e kete Agricola o ne a aga ntlo a se na polane ya yone, a tlhaela ka didiriswa tsa go aga e bile di se felo go le gongwe. O ne a kgona jang go dira tiro eno? Agricola o ne a simolola pele ka go tlhopha mafoko a ditsela tse di farologaneng tse Se-Finland se buiwang ka tsone a bo a a kwala ka tsela e motho a a bitsang ka yone fa a bua. Go ka direga gore Agricola ke ene a itlhametseng mafoko a Se-Finland a a kayang “puso,” “moitimokanyi,” “mokwalo wa seatla,” “masole,” “sekao” le “mokwadi.” O ne a tlhama mafoko a a bopiwang ka go kopanya mafoko a mabedi, a tlhama gape le mafoko a a tswang mo go a mangwe le go dirisa maadingwa, segolobogolo a puo ya Se-Sweden. Mangwe a mafoko ano a a adimilweng ke enkeli (angel [moengele]), historia (history [hisitori]), lamppu (lamp [lobone]), marttyyri (martyr [moswelatumelo]) le palmu (palm tree [setlhare sa mokolane]).

Batho ba Bala Lefoko la Modimo ka Segabone

Kwa bofelong, ka 1548, thanolo ya ntlhantlha ya ga Agricola e e bidiwang Se Wsi Testamenti (Tesetamente e Ntšha) e ne ya gatisiwa. Batho bangwe ba bolela gore thanolo eno e ne ya gatisiwa morago ga dingwaga  di le tlhano e weditswe ka gonne go ne go se na madi a go e gatisa. Go fopholediwa gore Agricola ke ene a neng a duelela bontsi jwa ditshenyegelo tsa go e gatisa.

Morago ga dingwaga di le tharo go ne ga gatisiwa Dauidin Psaltari (Dipesalema), tse go ka diregang gore Agricola o ile a thusiwa ke badiri mmogo le ene go di ranola. Gape o ne a etelela pele tiro ya go ranola dibuka tsa ga Moshe le tsa baporofeti.

E re ka Agricola a ne a itse gore o a tlhaela, o ne a kwala jaana ka boikokobetso: “A go se nne le Mokeresete ope le motho ope yo o ratang dilo tsa semoya kgotsa mmadi ope fela wa Dibuka tseno tse di Boitshepo yo o tla galefang fa a ka fitlhela go na le diphoso kgotsa dilo tse di sa tlwaelegang le tse di sa itumediseng kgotsa tse di kwadilweng ka tsela e sele mo thanolong eno ya motho yo o se nang maitemogelo.” Le fa gone thanolo ya ga Agricola e ka tswa e na le diphoso, ruri re ka re tiro ya gagwe e e duleng diatla ya go dira gore batho ba nne le Baebele ka puo ya bone e tshwanetse go akgolwa.

Boswa jo Agricola a bo Tlogetseng

Kwa masimologong a ngwaga wa 1557, Agricola—yo ka nako eo e neng e le Molutere e bile e le bishopo kwa Turku—o ne a tlhophiwa go nna mongwe wa baemedi ba puso ba ba neng ba romelwa kwa Moscow go ya go letlanya dinaga tse di neng di lwela molelwane tsa Sweden le Russia. Letsholo la bone le ne la atlega. Le fa go ntse jalo, maemo a a thata a mosepele wa go boela gae a ne a dira gore Agricola a lwale ka tshoganyetso fela. O ne a swela mo tseleng ba ise ba goroge kwa gae, a na le dingwaga di ka nna 47.

Mo botshelong joo jwa gagwe jo bokhutshwane, Agricola o ne a gatisitse dibuka di le lesome fela ka puo ya Se-Finland, mme fa di kopantswe tsotlhe di ne di dira ditsebe di le 2 400. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumela gore ‘Monna Yono yo o Neng a Lere Motlha wa Diphetogo’ o thusitse thata mo go goleng ga setso sa Ba-Finland. Fa e sa le go tloga ka nako eo, puo ya Se-Finland le batho ba teng di ile tsa gatela pele thata mo go tsa botaki le tsa saense.

Selo se se botlhokwa thata ke gore Michael Agricola o ne a thusa gape le ka tsela e nngwe e sele, e leng gore o ne a dira gore lesedi la Lefoko la Modimo le phatsimele batho ba ba buang puo ya Se-Finland. Ntlha eno e tlhagelela ka bokhutshwane mo lebokong la go mo gopola le a neng a le kwalelwa ka puo ya Selatine fa a sena go swa le le reng: “Fa a swa, ga a tlogela tesetamente e e tlwaelegileng. Mo boemong jwa tesetamente o tlogetse tiro ya gagwe—o ranoletse dibuka tse di boitshepo mo puong ya Se-Finland—mme ruri o tshwanetse go akgolelwa tiro eno ya gagwe thata.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baebele ya Se-Finland

Baebele ya ntlhantlha e e feletseng ka puo ya Se-Finland, e go dirisitsweng thata dithanolo tsa ga Michael Agricola mo go yone, e ne ya gatisiwa ka 1642. Fa nako e ntse e ya, e ne ya nna yone Baebele e e amogelwang gore e ka dirisiwa mo Kerekeng ya Lutere ya kwa Finland. Fa dingwaga di ntse di ya, kgatiso ya yone e ne ya tokafadiwa go se kae mme ya tlogelwa jalo go fitlha ka 1938. Kgatiso ya yone ya bosheng e e tokafaditsweng e ne ya gololwa ka 1992.

Baebele e nngwe gape e e feletseng ka puo ya Se-Finland ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E ne ya gololwa ka 1995. Dingwaga di le masome a mabedi pele ga foo, ka ngwaga wa 1975, Basupi ba ne ba setse ba gatisitse thanolo ya bone ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e lekile thata go latela mekwalo ya ntlhantlha fela jaaka e ntse. Go tla go fitlha gompieno, go gatisitswe dikhopi tsa yone di ka nna 130 000 000.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Michael Agricola le Baebele ya ntlhantlha ya puo ya Se-Finland. Posokarata ya 1910

[Motswedi wa Setshwantsho]

National Board of Antiquities/Ritva Bäckman

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Tesetamente e Ntšha” ya ga Agricola

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

National Board of Antiquities