Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntshetsa Mosi o o Kotsi Kwa Ntle

Ntshetsa Mosi o o Kotsi Kwa Ntle

Ntshetsa Mosi o o Kotsi Kwa Ntle

DIPALOPALO tseno di a tshosa: Go swa batho ba le bararo mo matlong a bone motsotso mongwe le mongwe, letsatsi le letsatsi. Lebaka—mosi wa dilo tse di fisiwang.

Dilo tseno tse di fisiwang ke eng? E ka tswa e le dibi, dikgong tse di omileng, dikalana, bojang kgotsa masalela a dimela a a rwalelwang. The Kathmandu Post ya kwa Nepal e bega gore nngwetharong ya baagi ba lefatshe, batho ba ba fetang dibilione di le pedi, ba dirisa dilo tseno go apaya le go thuthafatsa magae a bone. Gantsi ke tsone fela dilo tse di gotsang molelo tse batho ba ba humanegileng thata ba ka di dirisang.

Ka maswabi, go gotsa molelo ka dilo tseno go dira gore go nne le mosi o o kotsi. Go ka dirwang ka gone? Intermediate Technology Development Group (ITDG), e leng mokgatlho o o thusang batho mo dinageng di le dintsi go tokafatsa matshelo a bone, o bolela jaana: “Go rarabolola bothata jwa kgotlelo ya mowa mo teng ga matlo go motlhofo thata: e ka nna go tlogela go gotsa molelo mo ntlong kgotsa go ntshetsa mosi kwa ntle.”

Kakantsho ya ntlha ke gore go apeelwe kwa ntle. Mme go tweng fa e le gore ga go kgonege gore o dire jalo kgotsa ga o go rate? Mokgatlho wa ITDG o akantsha gore o tokafatse tsela e moya o o phepa o tsenang mo ntlong ka yone. Go na le ditsela tse pedi tsa go dira seno—go phunya diphatlha mo leboteng gaufi le marulelo (go dirisa sefe go tswala diphatlha tseo go tla thibela diphologotswana go tsena mo ntlong) le go tsenya difensetere (di tsenyetse disefe tse di tla dirang gore o se ka wa bonwa ke batho ka kwa ntle). Se se thusa gore moya o tsene e bile se dira gore mosi o tswele kwa ntle. Le fa go ntse jalo, diphatlha tsa mo leboteng ga di thuse sepe fa e le gore molelo o gotsediwa go thuthafatsa ntlo, ka jalo go ka dirisiwa tsela e nngwe e e motlhofo.

Mokgatlho wa ITDG wa re sentshamosi ke nngwe ya didirisiwa tse di mosola thata e bile ke tsela e e molemo thata ya go ntshetsa mosi kwa ntle. O ka itirela sentshamosi o dirisa lesenke kgotsa o se aga ka ditena. Dikhurumelo tse di sephara tseno di bewa mo godimo ga molelo mme di na le sentshamosi se se ntshang mosi mo ntlong ka marulelo. Baitse ba re fa mowa o o phepa o tsena sentle kwa godimo mme go dirisiwa dintshamosi tseno, dilo tse di kgotlelang mo ntlong di ka fokodiwa ka diperesente di ka nna 80. Batho ba ba dirisang didirisiwa tseno ba bolela gore botsogo jwa bone bo ile jwa tokafala mme ga nna phepa le go feta mo ntlong, ba kgona go dira ditiro tse di oketsegileng mme e bile ba itumelela go nna mo matlong a bone—se se supang gore selo se se se nang matsapa a a kalo se ka tokafatsa botshelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ntlo ya boapeelo kwa Kenya e e nang le sentshamosi, diphatlha tse dikgolo mo mathuding le difensetere

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dr. Nigel Bruce/www.itdg.org