Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Letlalong le Lesetlha Go ya Mo go Le Lentshonyana—Dikgopolo Tse di Nnang di Fetofetoga Malebana le Letlalo

Go Tswa mo Letlalong le Lesetlha Go ya Mo go Le Lentshonyana—Dikgopolo Tse di Nnang di Fetofetoga Malebana le Letlalo

Go Tswa mo Letlalong le Lesetlha Go ya Mo go Le Lentshonyana—Dikgopolo Tse di Nnang di Fetofetoga Malebana le Letlalo

GO YA ka wena, ke eng se se bontshang gore motho o itekanetse sentle mo mmeleng? A ke mmele o o agegileng sentle wa letlalo le lentshonyana? Batho ba le bantsi ba kwa Yuropa le Amerika Bokone ba akanya jalo. Mme gone, go ne go sa nna jalo mo nakong e e fetileng. Bogologolo, basadi ba Yuropa ba ne ba rwala dihutshe tse dikgolo e bile ba tsamaya ba tshotse dikhukhu gore ba se ka ba fisiwa ke letsatsi. Ka nako eo, fa motho a na le letlalo le lesetlha o ne a tsewa e le motho yo o tswang mo lelapeng la maemo, mme yo letlalo la gagwe le fisitsweng ke letsatsi ene go ne go tsewa gore le mo fisitse ka go bo a bereka mo letsatsing.

Bogologolo letlalo le ne le sweufadiwa ka dilo tse gone jaanong go lemogilweng gore di botlhole. Ka sekai, go tloga fela ka 400 B.C.E., Bagerika ba ne ba sweufatsa letlalo la bone ka poere e e itshasiwang mo sefatlhegong e e dirilweng ka lead carbonate. Mosadi wa Mmusimogolo wa Roma Nero, e bong Poppaea Sabina o ne a dirisa poere eno e e botlhole go sweufatsa sefatlhego sa gagwe. Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, arsenic e ne e dirisiwa ke basadi bangwe ba Bantadiana go dira gore letlalo la bone le phatsime. Mme fa e sa le motlhami wa mesego ya diaparo e bong Coco Chanel wa Mofora a buelela thata letlalo le le fisitsweng ke letsatsi mo masimologong a dingwaga tsa bo1920, batho ba le bantsi ba ile ba simolola go le rata. Batho ba fetsa diura tse dintsi ba arametse letsatsi gore ba nne le letlalo le lentshonyana.

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore batho botlhe ba ba ratang go nna mo letsatsing ba a bo ba batla go nna le letlalo le lentshonyana. Go aramela letsatsi gore ba nne le letlalo le lentshonyana e ka tswa e se jone boikaelelo jwa bone. Gongwe ba itumelela fela go lapolosiwa ke bothito jwa letsatsi, le go itewa ke pheswana e e monatšana fa ba ntse ba le mo letsatsing. Ke eng fa ba tshwanetse go sireletsa letlalo la bone gore le se ka la fisiwa ke letsatsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Kafa losi lo neng lo lebega ka gone mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Brown Brothers