Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sekaseka Diphororo Tse Dintlentle

Go Sekaseka Diphororo Tse Dintlentle

Go Sekaseka Diphororo Tse Dintlentle

Ka Mokwadi Wa Tsogang! Kwa Zambia

KA 1855, morongwa yo o tswang kwa Scotland e bile e le mmatlisisi e bong David Livingstone o ne a setse a na le dingwaga di le dintsi a tsere loeto go ralala Afrika—kontinente e ka nako eo e neng e sa itsewe mo lefatsheng lotlhe. Fa a ne a ya ntlheng ya botlhaba a bapile le Noka e e maatla ya Zambezi, batho ba moo ba ne ba bua ba sa kgale mathe ka bontlentle jwa diphororo tse dikgolo tse a neng a tla di bona kwa pele. Ka go bo di ne di baka modumo o mogolo le mouwane, batho ba moo ba ne ba di bitsa Mosi-oa-Tunya, mo go rayang gore “Mosi wa Thunya.”

Livingstone o ne a batla gore a bone diphororo tseno a le gaufi le tsone, tse gone jaanong di bidiwang Victoria Falls. Fa a ne a tlhalosa se a se boneng la ntlha, o ne a kwala jaana: “E ne ya re fa ke ya go ema gaufi le lepawa go okomela mo go lone, ke ne ka bona lehuti le le mo gare ga dintshi tse pedi tsa noka e kgolo ya Zambezi mme ka bona moedi wa noka o o bophara jwa dimetara di ka nna sekete, o o neng o phothosela dimetara di le 30 go ya kwa tlase e re go tswa foo o ngotlege go nna bophara jwa dimetara di le lesome le botlhano go ya go masome a mabedi.”

Fa e penologa, Victoria Falls e e akaretsang Zambia le Zimbabwe, e tsewa e le diphororo tse dikgolo mo lefatsheng gompieno! Ka dinako tse di ntseng jalo, merwalela ya dilitara di le 545 000 000 ka motsotso e phothosela dimetara di le 108 mo lehuting le legolo. Jaanong metsi ano otlhe a Zambezi a tla bo a tsena ka lobelo lo logolo mo nokeng e e motsopodia e e bophara jwa dimetara tse di kafa tlase ga 65. Tsela e lefelo leno le bopegileng ka yone le dira gore Victoria Falls e nne sengwe sa dilo tse di gakgamatsang thata go di leba.

Lefelo le le dikologileng diphororo tseno le lone le lentle thata. Le dirilwe gore e nne serapa sa diphologolo, mme se na le ditlhare le dijalo tse dintle tse di farologaneng, mo godimo ga go nna le diphologolo tse di kgatlhang—tse di akaretsang dikubu, ditlou, dithutlwa, dikgokong, dipitse tsa naga le e leng ditau. Dinonyane tse dintle tse di tshwanang le bontsu le bophakalane ba ba bonalang sewelo di agile mo mafikeng a a mo lefelong leno.

Livingstone o ne a re “ga go na sepe se mongwe a ka neng a ile a se bona kwa Engelane se se ka bapisiwang le bontle jono. Ga go na batho bape ba kwa Yuropa ba ba kileng ba bona bontle jono; mme mafelo a mantle jaana a tshwanetse a bo a ile a bonwa ke baengele fa ba ntse ba fofa.” Gompieno, dingwaga tse di ka nnang 150 Livingstone a sena go bona lefelo leno lekgetlho la ntlha a bo a le bitsa Victoria Falls a le teelela Kgosigadi Victoria wa Engelane, batho ba le diketekete ngwaga le ngwaga ba tla go tswa mo lefatsheng lotlhe go tla go iponela bontlentle jwa diphororo tseno.

Eleruri go a tshwanela go bo Victoria Falls e tsewa e le nngwe ya dikgakgamatso tsa lefatshe.

Mme diphororo tse dintsi tse di sa itsegeng go le kalo tsa dinoka tse dintsi tse dikgolo kwa Zambia le tsone di dintle fela thata. Tsweetswee tsamaisana le rona go bona dingwe tsa tsone.

Diphororo Tsa Ngonye

Letsatsi lengwe le le mogote la November go sa ne pula, dingwaga tse di ka nnang pedi pele Livingstone a bona Victoria Falls lekgetlho la ntlha, o ne a goroga kwa Diphororong Tsa Ngonye, tse gape di neng di itsege e le Diphororo Tsa Sioma. O ne a kwala jaana: “Mafelo a a mo godimo ga diphororo tseno a khurumeditswe ke ditlhatsana tse dintle jaaka go ka bonwa gongwe le gongwe. Fa mafelo ano a lebiwa go tswa mo lefikeng le le okameng diphororo tseno, bontle jwa one e ne e le jo ke iseng ke tsamaye ke bo bone.” Batho ba ba etelang Diphororo Tsa Ngonye gompieno ba dumalana ka pelo yotlhe le se Livingstone a se boneng.

Livingstone o ne a re: “Noka eno e ngotlegile gore e nne bophara jo bo sa feteng dimetara di le lekgolo kwa tlasetlase ga yone. Metsi a tsamaya ka lobelo lo logolo jaaka e kete a a bela, e re go tswa foo go nne jaaka e kete a ntse a menogela kwa tlase mo e leng gore tota le motho yo o setswerere mo go sapeng a mo gatelela kwa tlase.”

Diphororo Tsa Lumangwe

Bontsi jwa diphororo tse dingwe tsa Zambia di kwa mafelong a a kwa kgakala e bile ga go a dirwa sepe mo go tsone. Bogolo jwa tsone bo farologana thata. Diphororo Tsa Lumangwe di lebega e kete ke Victoria Falls e potlana. Mme diphororo tseno ga di potlana. Nngwe ya diphororo tsa teng e boteng jwa dimetara tse di ka nnang 30 mme e bophara jwa dimetara di le 100. Tota le mouwane o o tswang mo diphororong tseno o tlamela sekgwa se sennye sa dipula.

Diphororo Tsa Kalambo

Diphororo Tsa Kalambo, tse di kwa godimo thata kwa Zambia, di elela go tswa mo setlhabeng se se kwa godimo go ya kwa tlase mo Great Rift Valley ya Afrika. Di phothosela go tswa mo bogodimong jo bo fetang dimetara di le 200 go ya kwa tlase mo mapharong a mafika, kwa dinonyane tse di bonalang sewelo tsa mogolodi di tsalelang gone ka nako ya fa dipula di sa ne.

Kgatiso ya National Monuments of Zambia ya re: “Ka jalo Kalambo ke diphororo tsa bobedi tse di kwa godimo thata tse di sa dirwang sepe mo Afrika [di latela Diphororo Tsa Tugela mo Afrika Borwa] e bile ke tsa bolesome le bobedi ka bogodimo mo lefatsheng—di feta Victoria Falls gabedi ka bogodimo.”

Le fa tota go le thata go fitlha kwa diphororong tseno, mokwadi wa lefelo leo e bong C. A. Quarmby o tlhalosa Kalambo e le “nngwe ya mafelo a o ka se a lebaleng mo Afrika.” O bolelela pele jaana: “Go tla tsaya nako e telele pele ga bajanala ba bantsi ba ka etela lefelo leno . . . Ke batho ba le mmalwa fela ba ba ka kgonang go ya kwa Kalambo.”

Eleruri, diphororo di le dintsi tsa Zambia le mafelo a mangwe a a kgatlhang a kgakala. National Monuments of Zambia e bolela gore dingwe “di fitlhelelwa fela ka Land-rover mo nageng e ditsela tsa yone di sa baakanngwang, tse dingwe o fitlha teng ka maoto fela.” Gone mme, seo ke sone se se dirang gore mafelo ano a se ka a tshwana le ape. Le fa go ntse jalo, baeng ba a amogelwa. Rre Kagosi Mwamulowe, moithutajeoloji wa tlhago kwa National Heritage Conservation Commission ya Zambia, o tlhalosa gore boikaelelo jwa bone ke go dira gore batho ba itumelele mafelo ano a mantle fa ka nako e e tshwanang ba sireletsa bontle jwa one.

Letlotlo le Legolo Thata la Zambia

Mo bukeng ya gagwe ya Zambia, mokwadi Richard Vaughan a re: “Zambia e sa ntse e le naga ya bontle jo bogolo jwa tlhago, bontsi jwa jone ga bo itsiwe ke baeng mmogo le batho ba Zambia. . . . Naga eno e na le matsha, dinoka, dikgwa le dithaba tsa bogolo jo bo sa lekalekaneng.” Mme letlotlo le legolo thata la naga eno le go sele.

Vaughan a re: “Batho ba yone ba itsege ka lorato, boitumelo le boitshoko.” Fela jaaka mokwadi yo mongwe e bong David Bristow a tlhalosa, “selo se se botlhokwa ka Zambia ke batho ba teng ba ba botsalano.” Fa go ka direga gore o tle mo nageng eno e ntle, re a tlhomamisega gore le wena o tla dumalana le seno.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

TANZANIA

DEMOCRATIC REPUBLIC OF CONGO

ANGOLA

ZAMBIA

DIPHORORO TSA KALAMBO

DIPHORORO TSA LUMANGWE

Lusaka

DIPHORORO TSA NGONYE

VICTORIA FALLS

ZIMBABWE

MOZAMBIQUE

LEWATLE LA INDIA

[Ditshwantsho]

Diphororo Tsa Lumangwe— di tshwana le Victoria Falls e potlana

Diphororo Tsa Kalambo—di bogodimo jwa Victoria Falls gabedi

Diphororo Tsa Ngonye—“bontsi jwa malatsi ga o kitla o bona baeng bape”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Lumangwe and Ngonye Falls: Marek Patzer/www.zambiatourism.com; map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Victoria Falls—“Mosi wa Thunya”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Marek Patzer/www.zambiatourism.com