Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya Nuklea—A e Ka Tilwa?

Ntwa ya Nuklea—A e Ka Tilwa?

 Ntwa ya Nuklea—A e Ka Tilwa?

“Bone ba tla ja ba bo ba robala ba namaletse, mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.”—Sefania 3:13.

MONGWE le mongwe o eletsa go tshela mo lefatsheng le le se nang matshosetsi a ntwa ya nuklea. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi fa ba bona kafa lefatshe leno le ntseng ka gone, ba felelwa ke tsholofelo. The Guardian Weekly ya re: “Kgopolo ya gore dibetsa tsa nuklea di laolwe, di fokodiwe le gore kgabagare di fedisiwe ga e tlhole e tsewa e le botlhokwa ke puso ya United States le dinaga tse dingwe.”

Le fa go ntse jalo, bangwe ba bolela ka maiteko a a dirilweng ke dinaga dingwe mo kgannyeng eno. Ka sekai, go fopholediwa gore United States e le yosi fela e dirisa diranta di le dimilione di le dikete di le 15,4 ka ngwaga go thibela ntwa ya nuklea. Ruri ano ke madi a mantsi tota. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba kgopisiwa ke gore yone naga eno e dirisa gape diranta di le dimilione di le dikete di le 189 ka ngwaga go ipaakanyetsa ntwa ya nuklea.

Go tweng ka ditumalano tsa kagiso? A go ka solofelwa sengwe mo maitekong a a ntseng jalo?

Ditumalano Tsa go Laola Dibetsa Tsa Nuklea

Fa e sa le dibomo tsa nuklea di simolola go dirwa, go ile ga saenwa ditumalano di le mmalwa tse di laolang go dirwa ga dibetsa tsa nuklea kgotsa go lekanyetsa palo ya tsone. Dingwe tsa ditumalano tseno ke tsa Nuclear Non-Proliferation Treaty (NPT), Strategic Arms Limitation Talks, Strategic Arms Reduction Talks, le Comprehensive Test Ban Treaty. A ditumalano tseno ga di a ka tsa nna mosola mo go fediseng matshosetsi a dibetsa tsa nuklea?

Tumalano epe fela e ikaegile ka tsholofetso e e dirwang ke dinaga tsotlhe tse di e saenang. Ka sekai, go atlega ga tumalano ya NPT, e e neng ya saeniwa ka 1970, e ka December 2000 e neng e setse e na le dinaga tse 187 tse di e saenetseng, e ikaegile ka maiteko a a dirwang ke dinaga tse di e saenileng tse di se nang dibetsa tsa nuklea le tse di nang le tsone. Le fa gone tumalano eno e thibela dinaga tse di se nang dibetsa tsa nuklea gore di se ka tsa di dira, gape e  batla gore dinaga tse di di gogang kwa pele mo dibetseng tsa nuklea di lwele go di fedisa. A seno se ile sa diragadiwa? Mo lekwalong la “Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang Kaga Dibetsa Tsa Nuklea,” Carey Sublette o tlhalosa gore “le fa gone melao ya tumalano ya NPT e na le diphoso, gone e ile ya thusa gore batho ba e seng masole mme ba itse botegeniki jwa dibetsa tsa nuklea ba thibelwe gore ba se bo dirise ka tsela e sele le gore mafelo a go dirwang dibetsa tseno mo go one a sirelediwe.”

Le fa gone tumalano eno e ile ya atlega ka tsela nngwe, Sublette a re “mo maemong mangwe, ga e ise . . . e kgone go tlogedisa dinaga di le mmalwa go dira dibetsa tseno.” Le fa go ntse jalo, a re, di ile tsa dirisa dithulaganyo tsa mo sephiring tse di tsweletsang pele go dirwa ga dibetsa tsa nuklea mo mafelong a a sa laolweng ke tumalano ya Non-Proliferation Treaty. Seno se re bontsha kafa ditumalano tsa dinaga di leng bokoa ka gone: Go diragadiwa ga tumalano epe fela go ikaegile ka go ikanyega ga dinaga tse di e saenileng. A re tshwanetse go dumela ditsholofetso tsa batho motlhofo fela? Karabo e bonala sentle fa re lebelela mabaka go tswa mo hisitoring ya motho.

Mme gone, re ka leba kae go bona tsholofelo?

Go Akanya ka Tsela e Ntšha

Ka December 2001, batho ba le 110 ba ba kileng ba gapa sekgele sa Nobel ba ne ba dumalana le mafoko ano a a reng: “Tsela e le yosi fela e e ka dirang gore go nne le tsholofelo ka isagwe ke fa dinaga tsotlhe di tsaya kgato di le seoposengwe, e e tshegediwang ke dithulaganyo tsa temokerasi. . . . Gore re kgone go tshela mo lefatsheng leno le re le fetotseng, re tshwanetse ra ithuta go akanya ka tsela e ntšha.” Mme gone, “tsela e ntšha” e re tshwanetseng go akanya ka yone ke efe? A go ka lebelelwa gore batho ba ba tshosetsang go senya kagiso ya lefatshe ka dibetsa tsa nuklea ba ka ithuta go akanya ka “tsela e ntšha”?

Baebele e gakolola jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Ka ntlha yang? Baebele e araba jaana: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ee, lebaka le legolo ke gore batho ga ba na bokgoni jwa go busa lefatshe ka kagiso. Jaaka fa Baebele e bolela, ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Fa e le gore batho ga ba na bokgoni jwa go laola lefatshe, ke mang yo o ka kgonang? Baebele e solofetsa gore go tla nna le kagiso mo pusong nngwe e e ikanyegang le e e nang le bokgoni. Baebele e bitsa bolaodi jono e re ke Bogosi Jwa Modimo, mme dimilione tsa batho di rapelela bogosi jono di sa lemoge ka go rapela Thapelo ya Morena e e reng: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . a bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi jono bo na le Kgosi ya jone, e bong Jesu Keresete yo e leng Kgosana ya Kagiso. Baebele e tlhalosa puso ya gagwe jaana: “Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.”—Isaia 9:6, 7.

Tota le fa “batlotlegi,” kgotsa boradipolotiki, le dipuso tsa batho di sa ithute go akanya ka tsela eno e ntšha, wena o ka kgona. Basupi ba ga Jehofa ba thusitse batho ba le dimilionemilione go amogela molaetsa wa Baebele wa tsholofelo ka go ba tshwarela thuto ya legae ya Baebele ya mahala. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le bagatisi ba makasine ono, kgotsa o ka nna wa ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mo pusong ya Bogosi Jwa Modimo, lefatshe le tla bo le se na matshosetsi a ntwa ya nuklea