Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragalang ka Maemo a Bosa?

Go Diragalang ka Maemo a Bosa?

Go Diragalang ka Maemo a Bosa?

“Merwalela le dikgwanyape tse di bakang masetlapelo tse re nnang le tsone gone jaanong di tla aga di runya kgapetsakgapetsa.”—THOMAS LOSTER, MANKGE MO GO SEKASEKENG TSHENYO E E BAKILWENG KE MAEMO A BOSA.

A TOTA go na le sengwe se se phoso ka maemo a bosa? Batho ba le bantsi ba akanya jalo. Dr. Peter Werner, yo e leng mankge mo go lepeng maemo a bosa wa Institute for Climate Impact Research ya kwa Potsdam a re: “Fa re leba maemo a bosa a lefatshe lotlhe—go wa go go feteletseng ga sefako, merwalela, mauba le dikgwanyape—re bo re ela tlhoko tsela e maemo ano a golelang pele ka yone, re ka bolela sentle gore maemo ano a bosa a a feteletseng a oketsegile go menagane ganè mo dingwageng di le 50 tse di fetileng.”

Batho ba le bantsi ba akanya gore mefuta eno ya maemo a bosa a a sa tlwaelegang e nna gone ka ntlha ya se go tweng ke go gotela thata ga lefatshe. Mokgatlho wa Environmental Protection Agency wa United States o tlhalosa jaana: “Go gotela ga lefatshe go bakiwa ke go tlhatloga ga themperetšha ya Lefatshe ka ntlha ya digase dingwe tse di mo atemosefereng (ka sekai, mouwane, carbon dioxide, nitrous oxide, le methane) tse di monyang mogote wa letsatsi. Fa digase tseno di ka bo di seyo, mogote o ne o tla boela gape mo lefaufaung mme palogare ya themperetšha ya Lefatshe e ne e tla wela tlase ka mo e ka nnang 33°C.”

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba bolela gore motho ke ene a kgoreleditseng thulaganyo eno ya tlholego a sa lemoge. Setlhogo sengwe sa kgatiso e e bidiwang Earth Observatory ya mo khomputareng, e e gatisitsweng ke National Aeronautics and Space Administration ya United States, sa re: “Batho ga ba bolo go ntshetsa ditone di le dimilione di le diketekete tsa digase tse di kotsi mo atemosefereng ka madirelo a bone le dikoloi tsa bone ka masomesome a dingwaga . . . Baitsesaense ba le bantsi ba boifa gore selekanyo se sentsi sa digase tseno se kgoreletsa mowa o o mogote gore o se ka wa kgona go tswa mo Lefatsheng. Totatota digase tseno di monya mogote o o salang mo lefaufaung la Lefatshe ka tsela e e tshwanang fela le e fensetere e e fa pele ya koloi e monyang mogote wa letsatsi o o tsenang mo koloing ka yone.”

Batho ba ba nang le dipelaelo ba bolela gore ke diperesente di le dinnye fela tsa digase tsa atemosefere tse di bakwang ke motho. Le fa go ntse jalo, setlhopha se se dirang dipatlisiso sa Intergovernmental Panel on Climate Change (IPCC), se se tshegediwang ke mokgatlho wa World Meteorological Organization le wa United Nations Environment Programme, se bega jaana: “Go na le bosupi jo bosha le jo bo nonofileng jwa gore selekanyo se segolo sa go gotela ga lefatshe se se nnileng gone mo dingwageng di feta 50 tse di fetileng se bakilwe ke ditiro tsa batho.”

Mankge mo go lepeng maemo a bosa, e bong Pieter Tans wa National Oceanic and Atmospheric Administration a re: “Fa ke ne nka tshwanelwa ke go fopholetsa, ke ne nka re diperesente di le 60 tsa go gotela ga lefatshe di bakwa ke rona batho . . . Diperesente di le 40 tse di setseng di bakiwa ke dilo tsa tlholego.”

Matswela A a Ka Nnang Gone ka Ntlha ya go Gotela ga Lefatshe

Mme gone, matswela a go koelana ga digase tse di mo atemosefereng tse di bakwang ke batho ke afe? Baitsesaense ba le bantsi jaanong ba a dumela gore ruri lefatshe le gotetse thata. Tota go tlhatloga gono ga themperetšha go oketsegile thata go le kana kang? Pego ya 2001 ya IPCC ya re: “Themperetšha ya boalo jwa lefatshe e oketsegile ka selekanyo se se fa gare ga 0,4 le 0,8°C fa e sa le go tloga kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga.” Badiradipatlisiso ba le bantsi ba dumela gore selekanyo seno se sennye ke sone se se ka tswang se dira gore go nne le diphetogo tse dikgolo jaana mo maemong a rona a bosa.

Ke boammaaruri gore, thulaganyo ya lefatshe ya maemo a bosa e raraane ka tsela e e gakgamatsang, mme baitsesaense ga ba kgone go bolela ba tlhomamisegile gore go gotela ga lefatshe go na le matswela afe—fa e le gore a teng. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba dumela gore go gotela ga lefatshe ke gone go dirang gore pula e ne thata mo Hemisefereng ya Bokone, go nne le leuba kwa Asia le Afrika le gore El Niño e nne gone kgapetsakgapetsa kwa Pacific.

Go Tlhokega Tharabololo ya Lefatshe Lotlhe

E re ka batho ba le bantsi ba tsaya gore bothata jono bo bakwa ke batho, a bo ka se rarabololwe ke bone batho? Dinaga di le mmalwa di setse di tlhomile melao e e malebana le selekanyo sa mosi o o tshwanetseng go ntshiwa ke dikoloi kana madirelo. Le fa go ntse jalo, maiteko ao a ba a dirang—le fa gone a le molemo—ga a ka a thusa go le kalo. Kgotlelo ke bothata jo bo mo lefatsheng lotlhe, ka gone tharabololo e tshwanetse go nna ya lefatshe lotlhe! Ka 1992 go ne ga nna le kokoano ya Earth Summit kwa Rio de Janeiro. Dingwaga di le lesome morago ga moo, go ne ga tshwarwa kokoano ya World Summit on Sustainable Development mo Johannesburg, Afrika Borwa. Baemedi ba le 40 000 ba ne ba nna gone mo kokoanong eno ka 2002, go akaretsa le baeteledipele ba dinaga tse di farologaneng ba ka nna 100.

Dikokoano tse di ntseng jalo di dirile go ka tlala seatla go thusa baitsesaense go dumalana. Lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Der Tagesspiegel lo tlhalosa jaana: “Le fa gone baitsesaense ba le bantsi ka nako eo [ka 1992] ba ne ba na le dipelaelo malebana le go gotela ga lefatshe, go bonala gompieno ba sa tlhole ba na le dipelaelo go le kalo.” Le fa kgang e ntse jalo, tonakgolo ya tikologo kwa Jeremane, e bong Jürgen Trittin o re gakolola gore tharabololo ya mmatota ya bothata jono e sa ntse e ise e bonwe. O ne a gatelela jaana: “Ka gone kokoano ya kwa Johannesburg ga e a tshwanela go nna puo fela ya molomo, e tshwanetse gape ya nna kokoano e morago ga yone go tla tsewang kgato.”

A go Senngwa ga Tikologo go ka Fedisiwa?

Go gotela ga lefatshe ke nngwe ya dikgwetlho tse dintsi tsa tikologo tse batho ba lebaneng le tsone. Go ka nna motlhofo thata gore batho ba bue ka go baakanya boemo jono go na le go dira jalo. Moithuti mongwe wa tsela e diphologolo di dirang dilo ka yone wa kwa Boritane e bong Jane Goodall a re: “E re ka jaanong kwa bofelong re lemogile tshenyo e e maswe e re e dirileng mo tikologong ya rona, re dirisa bokgoni jotlhe jo re nang le jone go rarabolola bothata jono ka tsela ya botegeniki.” Mme o tlhagisa jaana: “Botegeniki ka bojone fela ga bo a lekana. Re tshwanetse gape ra bo re ikemiseditse mo dipelong tsa rona go batla tharabololo.”

Akanya gape ka bothata jono jwa go gotela ga lefatshe. Matsapa a a dirwang go thibela kgotlelo a ja madi a mantsi; mme gantsi dinaga tse di humanegileng ga di kgone go duelela ditshenyegelo tsa seno. Ka gone baitse bangwe ba boifa gore dithibelo tse di beetsweng madirelo di tla dira gore madirelo ano a fudugele kwa dinageng tse di humanegileng koo a tla kgonang go dira dipoelo tse dintsi gone. Tota le baeteledipele ba ba nang le maikaelelo a mantle le bone ba iphitlhela ba sa itse gore ba tshware kae kana ba lese kae. Fa ba re ba sireletsa maemo a ikonomi a naga ya bone, tikologo e a senyega. Fa ba re ba sireletsa tikologo, ba baya maemo a ikonomi mo kotsing.

Ka gone, Severn Cullis-Suzuki, mongwe wa setlhopha sa bagakolodi sa World Summit e e neng e tshwaretswe mo Johannesburg, o bolela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go dira sengwe gore go nne le phetogo, ka go re: “Go dira diphetogo tsa mmatota mo tikologong go ikaegile ka mongwe le mongwe wa rona. Re ka se ikaege ka baeteledipele ba rona. Re tshwanetse ra tlhoma mogopolo wa rona mo go se boikarabelo jwa rona e leng sone le gore re ka dirang go lere diphetogo.”

Go a utlwala go lebelela gore batho ba tlotle tikologo. Mme ga go motlhofo go dira gore batho ba dire diphetogo tse di tlhokegang mo tseleng e ba tshelang ka yone. Ka sekai: Batho ba le bantsi ba a dumela gore dikoloi di na le seabe mo go direng gore lefatshe le gotele thata. Ka ntlha ya moo, motho a ka nna a batla go fokotsa makgetlo a a kgweetsang koloi ka one kana go tlogela go nna le koloi gotlhelele. Mme go dira jalo ga go motlhofo. Go ntse fela jaaka Wolfgang Sachs wa Institute for Climate, Environment, and Energy, ya kwa Wuppertal a ile a bolela bosheng jaana a re, “mafelo otlhe a e leng a botlhokwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi (kwa o berekang gone, keretšhe, sekolo kana mabenkele) a katogane thata mo e leng gore o ka se kgone go fitlha kwa go one fa o se na koloi. . . . Seno ga se amane ka gope le gore a ke batla koloi kana nnyaa. Tota batho ba le bantsi ga ba na se ba ka se dirang.”

Baitsesaense bangwe ba ba jaaka Porofesa Robert Dickinson wa Institute of Technology’s School of Earth and Atmospheric Sciences ya kwa Georgia, ba boifa gore gongwe go setse go le thari go namola lefatshe mo ditlamoragong tsa go gotela ga lone. Dickinson o dumela gore tota le fa kgotlelo e ka emisiwa gone jaanong, ditlamorago tsa go senngwa ga atemosefere mo nakong e e fetileng di tla nna di le teng bobotlana dingwaga tse dingwe tse 100!

E re ka go se na puso kana motho ope yo o ka rarabololang mathata a tikologo, ke mang yo o ka kgonang? Go tloga mo dinakong tsa bogologolo, batho ba ile ba batla thuso ya go laola maemo a bosa mo medimong ya bone. Le fa maiteko a a ntseng jalo a lebega a sa utlwale, gone a senola boammaaruri bongwe jwa botlhokwa: Motho o tlhoka thuso ya Modimo go rarabolola mathata ano.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Go na le bosupi jo bosha le jo bo nonofileng jwa gore selekanyo se segolo sa go gotela ga lefatshe se se nnileng gone mo dingwageng di feta 50 tse di fetileng se bakilwe ke ditiro tsa batho”

[Lebokoso mo go tsebe 6]

“A go Gotela ga Lefatshe go ka Baka Malwetse?”

Setlhogo sengwe sa Scientific American se ne sa botsa potso eno e e kgatlhang. Se ne sa bolelela pele gore go gotela ga lefatshe “go tla oketsa le go anamisa malwetse a le mantsi.” Ka sekai, mo mafelong mangwe “palo ya dintsho tse di bakwang ke mogote e fopholediwa gore e tla oketsega go menagane gabedi ka 2020.”

Selo se sengwe se se bonalang sentle ke gore go gotela ga lefatshe go ka nna le seabe mo malwetseng a a tshelanwang. “Go fopholediwa gore malwetse a a bakwang ke montsane a tla oketsega thata,” e re ka montsane “o ata ka bonako le go loma thata fa mowa o ntse o nna bothitho. . . . Ka gone, fa mafelo a le mantsi a ntse a gotela, montsane o ka anamela le kwa mafelong a pele o neng o sa kgone go tshela kwa go one, o tla o rwele malwetse.”

Mo godimo ga moo, go na le ditlamorago tsa morwalela le leuba—tse ka bobedi di ka feleletsang di kgotletse mafelo a go giwang metsi mo go one. Go phepafetse gore bothata jwa go gotela ga lefatshe bo tshwanetse jwa tsewa tsia.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go gotela ga lefatshe go dira gore mogote o koelane mo atemosefereng go na le gore o tswele kwa lefaufaung

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Motho o ntsheditse ditone di le dimilione di le diketekete tsa dilo tse di kgotlelang mo atemosefereng, a dira gore go gotela ga lefatshe go oketsege