Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa ke Akanya Gore Ga ke A Tshwanela go Dira Diphoso?

Ke Eng fa ke Akanya Gore Ga ke A Tshwanela go Dira Diphoso?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Eng fa ke Akanya Gore Ga ke A Tshwanela go Dira Diphoso?

“E re ka rre e ne e le morutabana, mongwe le mongwe o ne a lebeletse gore ke bone maduo a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe tsa me. Ka dinako tse dingwe ke ne ke lela go fitlha ke robala.”—Leah. *

“Ke motho yo o sa batleng go dira diphoso. Ke batla gore fa ke dira sengwe ke se dire ka tsela e e gaisang ya mongwe le mongwe kgotsa ke se dire ka tsela e e farologaneng gotlhelele le e batho ba bangwe ba se dirang ka yone, ka gonne fa ke sa dire jalo, go tla bo go sa thuse sepe gore ke se dire.”—Caleb.

AO NA le boikutlo jwa gore ka metlha o tshwanetse go dira dilo kwantle ga diphoso? A o nna o tshwenngwa ke gore ga o kgotsofalele se o se dirang le fa o ka tswa o tsaya matsapa a magolo go le kana kang? A o a kgopisega fa ba bangwe ba go tshwaya diphoso? Fa dilo di sa go tsamaele sentle, a o itshwaya phoso o akanya gore o seeleele, ga o motho wa sepe, kana ga o tshwanelege? Fa o batla gore sengwe se dirwe sentle, a o akanya gore bogolo o se dire ka bowena? A o a tle o boife gore o tla palelwa ke go dira sengwe o bo o nna o se beela ka moso kgotsa o sa se dire gotlhelele?

Go tweng ka tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone? A o fitlhela go le thata gore o nne le ditsala ka gonne o bona batho ba bangwe ba sa tshwane le wena? A o tshwenyega thata fa batho ba bangwe ba palelwa ke go dira dilo dingwe kgotsa ba dira diphoso? Fa karabo ya gago e le ee mo go epe ya dipotso tseno, seno se raya gore o ka tswa o na le bothata jwa se go tweng ke boikutlo jwa go batla go dira dilo kwantle ga diphoso. Mme fa e le gore go ntse jalo, itse gore ga se wena fela yo o nang le bothata joo. Bo tlwaelegile mo basheng—segolobogolo mo basheng ba ba botlhale kgotsa ba ba ratang go dira ka natla gore ba fitlhelele sengwe. *

Ke eng se se dirang gore motho a nne le boikutlo jwa gore a se ka batla go dira diphoso? Babatlisisi ba na le dikgopolo fela tse di sa tlhomamang. Buka ya Perfectionism—What’s Bad About Being Too Good? e akantsha jaana: “Boikutlo jwa gore o se ke wa batla go dira diphoso ga se bolwetse; ga o a bo tshelwa ke ope. Ga se selo se o se gotsitseng; ga o a tsholwa ka sone. Jaanong go tlile jang gore o nne motho yo o sa batleng go dira diphoso? Baitse bangwe ba dumela gore boikutlo jwa gore motho a se ka a batla go dira diphoso bo simolola fa a sa ntse a le ngwana. Dilo tse di tlhotlheletsang batho bangwe gore ba simolole go tshwenyega thata, ba ikutlwe ba le molato le go batla go dira ka natla, ke fa ba malapa a bone le batho ba bangwe ba lebeletse mo gontsi mo go bone, le bone ka bobone ba ipeela mekgele e e kwa godimo. Gape go bakwa ke go bontshiwa ga batho mo metsweding ya tshedimosetso ba go lebegang ba sa dire diphoso. E bile go bakwa ke go batla go tshwana le batho bangwe ba ba itsegeng ba ba dirang dilo tse batho ba ka se kang ba kgona go di dira mo botshelong jwa mmatota.”

Le fa e le eng se se ka tswang se baka boikutlo jwa go batla go nna motho yo o sa direng diphoso, boikutlo joo bo ka senya botshelo jwa gago. A re sekasekeng boikutlo jono mme re bone gore ke ka ntlha yang fa bo ka nna kotsi mo go wena.

Boikutlo Jwa go Batla go Dira Dilo Kwantle ga Diphoso ke Eng?

Go rata go dira dilo kwantle ga diphoso ga se go dira sengwe ka matsetseleko fela kgotsa go kgotsofalela tiro e e duleng diatla. Tota e bile, mo go Diane 22:29, Baebele e tlotlomatsa motho yo o “setswerere mo tirong ya gagwe.” Gape Baebele e bua sentle ka batho ba le bantsinyana ba ba ileng ba tokafatsa bokgoni jwa bone thata. (1 Samuele 16:18; 1 Dikgosi 7:13, 14) Ka jalo, ga go sepe se se phoso ka gore motho a leke ka natla go dira tiro e e duleng diatla le go ipeela mekgele e e kwa godimo mme e le e a ka kgonang go e fitlhelela. Ka gone, motho a ka “dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.”—Moreri 2:24.

Le fa go ntse jalo, motho yo o sa batleng go dira diphoso, ga a bone kgotsofalo e e ntseng jalo. Ga a na pono e e siameng ka dilo tse a di fitlhelelang. Go ya ka baitse bangwe, boikutlo jwa go batla gore o se ka wa dira diphoso bo akaretsa “go ipeela mekgele e o ka se kang wa kgona go e fitlhelela le go nna o sa kgotsofala le fa o ka tswa o dira bojotlhe.” Seno se dira gore motho “a nne a tshwenyegile thata mo maikutlong, e bile gantsi se dira gore a ikutlwe e kete ga go na sepe se a kgonang go se dira sentle.” Ka jalo, motswedi mongwe wa tshedimosetso o tlhalosa boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso e le “kgopolo e e sa utlwaleng ya gore wena le batho ba o tshelang le bone ga le a tshwanela go dira diphoso.” Ke “boikutlo jo bo nweleletseng jwa gore sengwe le sengwe se o lekang go se dira mo botshelong se tshwanetse sa dirwa sentle kwantle ga diphoso.”

Mme gone, a Jesu o ne a sa kgothaletse boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso fa a ne a re: “Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse”? (Mathaio 5:48) Nnyaa o ne a sa bo kgothaletse, ka gonne Baebele e ruta gore “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo, Jesu o ne a kaya eng? Mo Baebeleng, lefoko “go itekanela” le naya kgopolo ya go dira sengwe ka botlalo. (Mathaio 19:21) Fa Jesu a ne a bolela gore re tshwanetse go itekanela, o ne a bua ka lorato mme o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba supe lorato ka botlalo. Jang? Ka gore ba rate le batho ba tota e leng baba ba bone. Mokwadi mongwe wa Baebele, e bong Luke, o nopola mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.”—Luke 6:36.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba sa batleng go dira diphoso ba sotliwa ke go nna le kgopolo e e seng yone ya gore motho a ka kgona go dira dilo a sa dire diphoso gotlhelele. Ka jalo, ba ka nna ba lebelela mo gontsi mo bathong ba bangwe. Go ya ka buka ya Never Good Enough—Freeing Yourself From the Chains of Perfectionism, batho ba ba sa batleng go dira diphoso ke “batho ba ba tshwenngwang ke tsela e go bonalang ba bangwe ba dira ditiro tsa bone ka yone . . . Go ya ka bone, batho ba bangwe ga ba tseye matsapa ape gore ba dire tiro e e duleng diatla, e bile ga ba na sepe le gore ba e dira jang.”

Ka sekai, Carly o dira sentle thata mo dithutong tsa gagwe tsa sekolo, e bile o kwadisitswe mo thulaganyong ya baithuti ba ba botlhale. Le fa go ntse jalo, o na le bothata mo tseleng e a dirisanang le batho ba bangwe ka yone. E re ka a batla gore sengwe le sengwe se dirwe kwantle ga diphoso, o latlhegetswe ke ditsala di le dintsi. A re: “Ke akanya gore ba ne ba dira diphoso thata.”

Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba akanya thata ka diphoso tse di dirwang ke batho ba bangwe, mme gone, ba lebeletse gore bone ka bobone ba se ka ba dira diphoso. Buka ya Never Good Enough e tlhalosa gore batho ba ba ntseng jalo ba akanya gore “ga ba dire dilo sentle ka mo go lekaneng . . . e bile [ba] tshwenyegile thata ka gore batho ba bangwe ba akanyang ka bone.”

Bothata Jwa go Leka go Nna Motho Yo o Sa Direng Diphoso

Ka jalo, go na le gore boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo dire gore batho ba itumele le go solegelwa molemo, gantsi bo a hutsafatsa e bile bo kotsi. E bile, gantsi boikutlo jono bo dira gore motho a palelwe, go na le gore a dire tiro e e duleng diatla. Monna mongwe wa Mokeresete e bong Daniel o gakologelwa nako nngwe fa a ne a baakanyetsa ka natla puo nngwe ya diithuti e a neng a abetswe go e neela kwa Holong ya bone ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa bareetsi bo ne jwa mo akgola tota ka puo e e molemo e a neng a e neetse. Go tswa foo mogakolodi o ne a naya Daniel dikakantsho dingwe tse di mosola ka tsela e e botlhale. Baebele e re kgothaletsa go ‘reetsa kgakololo mme re amogele kotlhao.’ (Diane 19:20) Le fa go ntse jalo, go na le gore Daniel a amogele kgakololo eo e e molemo, o ne a ikutlwa a paletswe. A re: “Ke ne ke eletsa e kete lefatshe le ka bulega ka tsena.” O ne a tlhorega boroko ka lobaka lo loleele.

Ka jalo, boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo ka kgoreletsa motho go ithuta. Mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Rachel o kwala jaana mo setlhogong sengwe se se tlhagang mo atereseng nngwe ya khomputara e e nang le tshedimosetso ya basha: “Fa ke ne ke simolola sekolo se segolwane ke ne ke ikemiseditse go dira sentle. Ka metlha ke ne ke bona maduo a a kwa godimo mo dithutong tsa me mme ke ne ke sa batle gore seo se fetoge.” Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Rachel o ne a lemoga gore o na le bothata ka dipalo mme a bona maduo a a kwa tlasenyana go feta a a tlwaetseng go a bona. Rachel a re: “Mongwe le mongwe o ne a bona ke dirile sentle, mme nna . . . ke ne ke swabile. Ke ne ka simolola go tshoga le go tshwenyega thata . . . Ke ne ke tshaba go kopa morutabana wa me gore a nthuse ka gonne ke akanya gore fa nka mo kopa gore a nthuse ka tiro ya me ya sekolo e e direlwang kwa gae go ne go tla lebega e kete ga ke e tlhaloganye. . . . Ka dinako tse dingwe ke ne ke akanya gore go botoka gore ke swe go na le gore ke palelwe mo dithutong tsa me.”

Basha bangwe ba ile ba bo ba akanyetsa go ipolaya e re ka ba ne ba boifa gore ba tla palelwa. Se se itumedisang ke gore bontsi jwa basha ga bo nke bo akanyetsa go tsaya kgato e e maswe go le kalo. Mme jaaka moitse mongwe wa malwetse a tlhaloganyo e bong Sylvia Rimm a bolela, ba ka nna ba bona go le botoka gore ba se ka dira ditiro tsa bone tsa sekolo ka gonne ba boifa gore ba tla palelwa. Go ya ka Rimm, batho bangwe ba ba sa batleng go dira diphoso, “ga ba nke ba naya barutabana ba bone tiro ya bone ya sekolo, ga ba na sepe le gore ba dira tiro ya bone jang, ba lebala go dira tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae e bile ba tletse diipato.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, basha ba bangwe ba ka nna ba dira dilo ka tsela e e feteletseng go tlhomamisa gore ba a atlega. Daniel a re: “Ke ne ke tle ke robale bosigo tota, ke tshwaregile ka ditiro tsa me tsa sekolo tse ke neng ke batla go di dira kwantle ga diphoso.” Bothata ke gore gantsi go dira dilo ka tsela e e feteletseng jalo ga go nke go nna le matswela a a itumedisang. Moithuti yo o nnang a otsela a ka se dire sentle mo dithutong tsa gagwe.

Ka jalo, ga go gakgamatse go bo boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo dira gore batho ba nne ba shakgetse, ba ikutlwa e se ba sepe, ba ikutlwa ba le molato, ba se na tsholofelo, ba sa je sentle e bile ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Mme gone, selo se se kotsi le go feta ke gore boikutlo jono bo ka ama motho semoyeng. Ka sekai, Baebele e laela Bakeresete gore ba bolelele batho ba bangwe tumelo ya bone. (Baroma 10:10; Bahebera 10:24, 25) Le fa go ntse jalo, mosha mongwe e bong Vivian o ne a okaoka go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete ka gonne a boifa gore a ka tloga a tlhalosa dintlha ka tsela e e sa utlwaleng sentle. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Leah le ene o ne a na le poifo e e ntseng jalo. A re: “Fa nka bua sengwe se se phoso, batho ba bangwe ba tla akanya ka tsela e e sa siamang ka nna. Ka jalo ke didimala ke re tu!”

Ka gone, go bonala sentle gore boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo kotsi e bile ga bo a siama. Mme fa e le gore o na le mekgwa mengwe e e tlhalositsweng mo setlhogong seno, o ka nna wa bona go tshwanela gore o fetole tsela e o akanyang ka yone. Setlhogo se se mo makasineng o o latelang se se amanang le kgang eno se tla tlhalosa kafa o ka dirang seno ka gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 6 Go ya ka patlisiso nngwe, diperesente di le 87,5 tsa baithuti ba ba botlhale kwa sekolong sengwe, ba ne ba na le boikutlo jwa gore ga ba a tshwanela go dira diphoso.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Basha bangwe ga ba fetse ditiro tsa bone tsa sekolo ka gonne ba boifa gore ba tla palelwa ke go di dira sentle

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo ka dira gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong le go itseela kwa tlase