Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tlolomolao e e Feteletseng”

“Tlolomolao e e Feteletseng”

“Tlolomolao e e Feteletseng”

MARIA * wa dingwaga di le 14 o ne a fetoga seaka e sa ntse e le ngwana. O ne a tshela botshelo jo bo maswe jono a patelediwa ke mmaagwe yo a neng a mmolelela gore o montle le gore o tla ratwa thata ke banna. Mo godimo ga moo, o ne a tla nna le madi a le mantsi. Mo dinakong tsa maitseboa, mmaagwe Maria o ne a mo isa kwa lefelong lengwe le a neng a tla kopana le banna kwa go lone. Mmaagwe o ne a ema golo gongwe fa gaufi go letela gore a duelwe. Bosigo bongwe le bongwe, Maria o ne a tlhakanela dikobo le banna ba le bararo kgotsa ba le banè.

Gaufi le kwa gaabo Maria, Carina wa dingwaga di le 13 le ene o ne a patelediwa go nna seaka. Fela jaaka go ne go ntse ka malapa a mangwe a le mantsi a a mo tikologong ya gabone a batho ba ba berekang mo masimong a ntšhe, lelapa laabo Carina le ne la mo rekisa gore a nne seaka gore a oketse lotseno lwa bone lwa madi. Kwa lefelong lengwe, Estela o ne a tlogela sekolo a sa ntse a le monnye a sa itse go bala le fa e le go kwala mme a simolola go bereka jaaka seaka sa mo mebileng. Mme Daisy o ne a le dingwaga di ka nna thataro fa mongwe wa bomogolowe a ne a robala le ene—lekgetlho la ntlha la a mantsi a go sotlwa ka tlhakanelodikobo ke bomogolowe. O ne a nna seaka a le dingwaga di le 14.

Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, bothata jwa go dirisiwa ga bana jaaka diaka bo tshosa e le tota. Mme diphelelo tsa gone di a hutsafatsa. Gantsi bana ba ba dirisiwang jaaka diaka, ka nakwana fela kgotsa ka dinako tsotlhe, ba simolola go nna le seabe mo ditirong tsa bokebekwa le mo go diriseng diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Ba le bantsi ba bone ba ikutlwa ba kgobegile marapo e bile ba se na mosola, ba sa bone ba ka kgona go tswa mo botshelong jwa bone jo bo hutsafatsang.

Batho ba ba nang le tlhotlheletso ba lemoga diphelelo tse di hutsafatsang tse bana ba ba dirisiwang jaaka diaka ba nnang le tsone. Poresidente ya maloba ya kwa Brazil e bong Fernando Henrique Cardoso o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Go dirisiwa ga bana jaaka diaka ke tlolomolao e e feteletseng.” Lekwalodikgang la kwa Brazil le ne le na le kakgelo eno e e hutsafatsang e e malebana le go dirisiwa ga bana jaaka diaka: “Dinaga tse mokgwa ono o tlwaelegileng kwa go tsone, o tlogeletsweng fela, o amogelwang le go buelelwa ka ntlha ya [madi] a o a tsenyang, di nna le diphelelo tse di hutsafatsang letsatsi le letsatsi ka ntlha ya one. Poelo epe fela ya madi e e tlisiwang ke one ga se sepe fa e bapisiwa le masetlapelo a a tlelang motho, lelapa le setšhaba.”

Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege maiteko a mantle a a dirwang ke batho ba ba batlang go emisa mokgwa ono wa go dirisiwa ga bana jaaka diaka, bothata bo ntse bo a gola. Ke eng se se bakang boemo jono jo bo hutsafatsang? Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba dumelela bokebekwa jwa mofuta ono kgotsa go bo buelela?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina a a mo ditlhogong tseno a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Go dirisiwa ga bana jaaka diaka ke tlolomolao e e feteletseng.”—PORESIDENTE YA MALOBA YA KWA BRAZIL E BONG FERNANDO HENRIQUE CARDOSO

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Mefuta yotlhe ya go tlhakanela dikobo le batho ka tsela e e sa tshwanelang, e diga batho seriti mme ga e dumalane le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa batho go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga di le kae, ke ba bong bofe, ba lotso lofe, ba setšhaba sefe kgotsa maemo afe.”—UNESCO SOURCES.